Yeremie 50 - Setswana 1970Ka ga tatlhego ya Babele 1 Lefoko le Morena o le buileng ka ga Babele le ka ga lefatshe la Bakalatea ka moporofeti Jeremia, la re: 2 “Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng, lo bolele! Emisang sefoka, lo utlwatse! Se lobeng, mme lo re: ‘Babele o thopilwe! Modimo Bele o tlhabisitswe ditlhong, modimo Merotage o pšhwetlakantswe. Ditshwantsho tsa teng di nyatsegile, medimo ya teng e thubakantswe.’ 3 “Gonne setšhaba se bolotse kwa bokone, sa tla go tlhasela motse wa Babele. Se tla fetola lefatshe la ona sekaka. Ga go kitla go nna ope mo go lone. Batho ba tshabile, ba tloga mmogo le dikgomo tsa bone.” Baiseraele ba tla boa mo botshwarong 4 Morena o buile a re: “E tla re ka malatsi ao le ka sebaka seo go tle Baiseraele, bone le Bajuta mmogo, ba sepele ba ntse ba lela, ba batla Morena, Modimo wa bone. 5 Ba tla botsa tsela e e yang kwa Sione, ba lebisa difatlhego tsa bone kwano; ba tla tla, ba ineela Morena, ba dira kgolagano e e sa khutleng, e e sa lebalweng. 6 “Morafe wa me e ne e le letsomane le le latlhegileng, o timeditswe ke badisa ba ona, ba o faposetsa kwa dithabeng; wa tsamaya mo dithabeng le mo dithabaneng, wa lebala lesaka la ona. 7 Botlhe ba ba o fitlhetseng ba o ja. Baba ba bone ba re: ‘Ga re dire molato, ka gonne ba leofetse Morena yo e leng lesaka la nnete, ene Morena yo borraabo ba neng ba solofela mo go ene.’ 8 “Tshabang lo tswe mo Babele, lo huduge mo lefatsheng la Bakalatea, lo nne jaaka diphoko tse di etelelang letsomane pele. 9 Gonne bonang, ke nna ke tla tsosang bontsi jwa ditšhaba tse dikgolo, ke di bolotsa kwa lefatsheng la bokone gore di tlhasele motse wa Babele. Di tla o ipaakanyetsa, di o thopa, di tswa teng. Metsu ya bone e tshwana le mogale yo o tlhogonolo, yo o sa boeng fela, a sa thopa sepe. 10 Lefatshe la Kalatea e tla nna thopo; botlhe ba ba le thopang ba tla kgora.” Morena o buile jalo. Babele o ole 11 “Le fa lo ka itumela, le fa lo ka duduetsa, lona ba lo thukhuthileng boswa jwa me; le fa lo ka karaganya jaaka namane mo bojannye jo bonana; le fa lo ka tlhaba mogolokwane jaaka dipheke. 12 Mmaalona o tlhajwa thata ke ditlhong, yo o lo belegeng o a nyatsega. Mmoneng, ke wa moragorago ditšhabeng; ke naga fela le lefatshe le le omeletseng le sekaka. 13 Ga go kitla go nna ope mo go lone ka ntlha ya bogale jwa Morena. Le tla fetoga sekaka gotlhe. Mongwe le mongwe yo o fetang kwa Babele o tla rerega, a otsa ka ga dikotlo tsotlhe tsa teng. 14 “Dikanyetsang Babele ka ntwa, lona lotlhe ba lo hulang ka mara. Mo huleng, se rekegeleng metsu, gonne o leofetse Morena! 15 Mo tlhabeleng mokgosi wa ntwa mo tikologong! O ineetse; dikago tsa phemelo tsa gagwe di wele, dipota tsa gagwe di phomilwe. Gonne ke yona pusoloso ya Morena mo go ene. Ipusolosetseng mo go ene, mo direleng jaaka a lo diretse. 16 Nyeletsang bajwadi kwa Babele le ba ba kotulang ka sekele ka sebaka sa thobo. Mongwe le mongwe o tla tshaba tšhaka e e setlhogo, a retologela kwa morafeng wa ga gabo, a tshabela kwa lefatsheng la ga gabo. Baiseraele ba a boa 17 “Iseraele ke nku e e faladitsweng; ditau di e lelekile. Wa ntlha yo o e jeleng ke kgosi ya Asiria. Wa bofelo yo o e robileng marapo ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele.” 18 Ke ka moo Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buang jaana a re: “Itseng gore ke tla otla kgosi ya Babele le lefatshe la yona jaaka ke otlile kgosi ya Asiria. 19 Mme Iseraele ke tla mmusetsa kwa mafulong a gagwe. O tla fula kwa Karemele le kwa Basane, a kgora mo dithabeng tsa Eferaime le tsa Gileate. 20 Ka malatsi ao le ka sebaka seo go tla batlwa molato wa Iseraele, mme o tlhokwa; le maleo a Juta, mme ga a bonwe. Gonne ke tla itshwarela ba ke ba sadisang.” Morena o buile jalo. Modimo o atlhola Babele 21 “Bololela lefatshe la ‘Marukhutlhagabedi’, o le tlhasele le baagi ba ‘Maitewa’. Tlhabaka, o ba nyeleletse ruri! Dira tsotlhe tse ke di go laetseng.” Morena o buile jalo. 22 “Go utlwala mokgosi wa ntwa mo lefatsheng la Bakalatea le tshenyego e kgolo. 23 Kana noto e e iteileng lefatshe lotlhe e kgaotswe, e robegile jang! Kana Babele o fetogile theregiso jang mo ditšhabeng! 24 Ke go thaisitse, le gona o tshwerwe, wena Babele, mme o sa lemoge sepe! O bonywe, le gona o tshwerwe, gonne o ne o lwa le Morena. 25 Morena o butse ntlo ya dibolai ya gagwe, a ntsha dibolai tsa bogale jwa gagwe. Gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o na le tiro mo lefatsheng la Bakalatea. 26 Kgobokanelang motse wa Babele go tswa mo ntlheng tsotlhe, lo bule matlo a matlotlo a ona. A kgobokanyeng, lo dire mekoa, lo a senyetse ruri. A o se ka wa salelwa ke sepe! 27 Bolayang dipoo tsotlhe tsa ona, a di ye tlhabong! A tatlhego ya tsone wee! Gonne go tlile letsatsi la tsone le sebaka se di otlwang ka sona. 28 “Utlwelelang! Ba ba tshabileng, ba ba falotseng mo lefatsheng la Babele ba tlile kwa Sione, ba bega ba re: ‘Morena, Modimo wa rona, o busolositse, a busolosetsa Tempele ya gagwe.’ 29 “Bitsang bahudi, ba tlhasele motse wa Babele! Lona lotlhe ba lo gagamatsang mara, o dikanyetseng ka ntwa. A go se ka ga falola ope! O dueleng ka fa tirong ya ona; o direleng tsotlhe tse o di dirileng! Gonne o ne o ikgodisetsa Morena, Moitshepi wa Iseraele. 30 Ka moo makau a ona a tla wa mo mebileng ya ona; batlhabani botlhe ba ona ba tla nyelediwa ka letsatsi leo.” Morena o buile jalo. 31 “Bona, ke nna ke lwang nao, wena yo o matepe,” go bua Morena, Modimo wa masomosomo. “Gonne go tlile letsatsi la gago le sebaka se o otlwang ka sona. 32 Jaanong yo o makgakga o tla kgotšwa, a wa, go se na ope yo o mo tsosang. Ke tla tshuba molelo mo metseng ya gagwe gore o nyeletse tsotlhe tse di mo tikologong ya gagwe.” 33 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Baiseraele le Bajuta ba gatelelwa mmogo. Botlhe ba ba ba isitseng mo botshwarong, ba ntse ba ba tshwere, ba gana go ba rebola. 34 Fela mogolodi wa bone o thata; leina la gagwe ke Morena wa masomosomo. Ruri, o tla seka kgang ya bone gore a ikhutsise lefatshe, mme a iketlolole baagi ba Babele. 35 “A tšhaka e bolae Bakalatea le baagi ba motse wa Babele le dikgosana tsa ona le matlhale a ona!” Morena o buile jalo. 36 “A tšhaka e bolae baaketsi ba ona gore ba silofale! A tšhaka e bolae bagale ba ona gore ba nyeme moko! 37 A tšhaka e reme dipitse tsa ona le dikoloi tsa ona le ba-merafe-mentsi ba ba tlhakatlhakanyeng mo go ona gore ba nne boi jaaka basadi! A tšhaka e tlhasele mahumo a ona gore a thukhuthwe. 38 A komelelo e kgadise metsi a ona gore a tšhe. Gonne ke lefatshe la medimo ya diseto. Ba tsentshiwa ke ditshosa tsa medimo. 39 “Ka moo dibatana tsa sekaka le diphokojwe di tla nna teng; bontlokwe ba tla nna mo go lone. Ga go kitla go tlhola go nna motho teng go ya go ile; ba ditshika tsotlhe ga ba kitla ba aga gape mo go lone. 40 Go tla nna jaaka fa Modimo o sena go ribegetsa Sotoma le Gomora le metse ya teng,” go bua Morena. “Ga go kitla go nna ope teng; motho ga a nke a jaka mo go lone. 41 “Bonang, morafe o e tla o tswa kwa bokone; setšhaba se segolo le dikgosi tse dintsi di tswa go tsosiwa kwa dikhutlong tsa lefatshe. 42 Ba tshwere mara le marumo; ba setlhogo, ga ba utlwele ope botlhoko. Loratla lwa bone lo tshwana le mosumo wa lewatle. Ba palame dipitse. Ba iketleeditse jaaka batlhabani gore ba lwe nao, wena morwadia Babele. 43 E rile kgosi ya Babele e ba utlwela, diatla tsa yona tsa repa; tlalelo ya e tshwara le maralalo jaaka mosadi yo o belegang. 44 “Bonang, tau e tla tlhatlogela kwa lesakeng le le tiileng, e tswa mo sekhung sa Joretane. Ke tla ba leleka jalo teng ka tshoganyetso, ke ba laodisa yo ke mo itlhaoletseng. Gonne ke mang yo o tshwanang le nna? Ke mang yo o ka ntshekisang? Modisa ke mang yo o ka emelanang le nna? 45 Ka moo utlwang maikaelelo a Morena a o a ikaeletseng ka ga Babele, le dikakanyo tsa gagwe tse o di akantseng ka ga lefatshe la Bakalatea. Ruri, ba bannye ba letsomane ba tla gogwa. Ruri, mafulo a tla rerega ka ntlha ya bone. 46 Lefatshe le tla roroma ka mokgosi o o reng: ‘Babele o thopilwe!’ Go goa ga teng go tla utlwala mo ditšhabeng.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa