Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 49 - Setswana 1970


Taelo ya Modimo ka ga Baamone

1 Ka ga Baamone. Morena o botsa jaana a re: “A Iseraele o tlhoka bana? Gongwe a ga a na moja-boswa? Ke go reng, fa modimo Milekome o ja boswa jwa Bagate; fa morafe wa ona o nna mo metseng ya bone?

2 Ka moo itseng gore malatsi a tla tla,” go bua Morena, “a ke tla utlwisang Raba, mošate wa Baamone, mokgosi wa ntwa ka ona, mme o tla fetoga dithotobolo tsa marope. Metsana ya ona e tla šwa ka molelo. Iseraele o tla rua ba ba neng ba ja boswa jwa gagwe.” Morena o buile jalo.

3 “Goa, wena Hešebone, gonne Ai o sentswe! Bokolelang, lona metsana ya Raba, lo apare masela a bohutsana, lo lelele baswi, lo kgarakgatshege mo dipoteng, gonne Milekome o tla ya mo botshwarong mmogo le baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe.

4 Ke eng, fa o ikgantsha ka megorogoro, ka mogorogoro wa gago o o humisang, wena morwadi yo o tenegileng, yo o ikanyang matlotlo a gagwe a re: ‘Ke mang yo o tla tlang kwa go nna?’

5 Itse gore ke tla dira gore o boife botlhe ba ba mo tikologong ya gago,” go bua Morena, Modimo wa masomosomo. “Mme lo tla lelekelwa, mongwe kwa, yo mongwe kwa gongwe, go se na ope yo o phuthang batshabi.

6 “Mme morago ga moo ke tla busa batshwarwi ba Baamone.” Morena o buile jalo.


Ka ga Etomo

7 Ka ga Etomo. Morena wa masomosomo o botsa jaana a re: “A ga go tlhole go na le botlhale kwa Themane? Nnyaya! Batlhalefi ba latlhegetswe ke tlhaloganyo. Botlhale jwa bone bo senyegile.

8 Lona baagi ba Detane, tshabang lo boele kwa morago, lo nne mo dikgageng; gonne ke tla tlisetsa Esau tatlhego ya gagwe ka sebaka se ke mo otlang ka sona.

9 Fa bakgetli ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ba kitla ba go tlogelela maronopo; fa magodu a tla bosigo, a tla senya ka fa a ratang ka teng.

10 Gonne ke nna ka nosi ke tlositseng diphemelo tsa Esau, ka bipolola mahumo a gagwe a a fitlhilweng; ga a kgone go iphitlha. Go sentswe ba losika lwa gagwe le bomorwa-rraagwe le ba ba bapileng nae. Ga a tlhole a le teng.

11 Tlogela masiela a gago, ke tla a phedisa; a batlholagadi ba gago ba inkanye!”

12 Ee, Morena o bua jaana a re: “Bona, ba bangwe ba na le go nwa senwelo, le fa se sa ba tshwanela. A wena o ka lesiwa, o sa otlwe? Ga o ka ke wa lesiwa fela o sa otlwe. O tshwanetse go nwa.”

13 Gonne Morena o buile a re: “Ke ikanne ka nna ka re: ‘Bosera o tla fetoga poitshego le kgobo le sekaka le thogako; metsana yotlhe ya teng e tla nna marope go ya go ile.’ ”

14 Ke utlwile kitsiso e e tswang mo Moreneng; morongwi o romilwe kwa ditšhabeng a re: “Phuthegang lo tlhasele Etomo, lo bolole go ya tlhabanong.”

15 “Gonne bona, ke go dirile yo mmotlana mo ditšhabeng le monyatsegi mo bathong.

16 Poitshego ya gago le boikgantsho jwa pelo ya gago di go tsieditse, wena yo o agileng mo dikgageng tsa mafika, yo o ruileng ditlhoa tsa dithaba. Le fa o aga sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu, ke tla go folosa teng,” go bua Morena.

17 “Etomo o tla nna theregiso; botlhe ba ba fetang teng ba tla rerega, ba sotla ka ga dikotlo tsotlhe tse a otlilweng ka tsona.

18 O tla tshwana le Sotoma le Gomora le metse ya teng, fa e sena go ribegediwa. Ga go kitla go nna ope teng, ga go kitla go jaka motho gona.” Morena o buile jalo.

19 “Bonang, tau e tla tlhatlogela kwa lesakeng le le tiileng, e tswa mo sekhung sa Joretane; ke tla ba leleka jalo teng ka tshoganyetso, ke ba laodisa yo ke mo itlhaoletseng. Gonne ke mang yo o tshwanang le nna, ke mang yo o ka ntshekisang! Modisa ke mang yo o ka emelanang le nna?

20 Ka moo utlwang maikaelelo a Morena a o ikaeletseng ka ga Etomo, le dikakanyo tsa gagwe tse o di akantseng ka ga baagi ba Themane: Ruri, ba bannye ba letsomane ba tla gogwa; naga ya bone e tla rerega ka ntlha ya bone.

21 Modumo wa go wa ga bone o roromisa lefatshe; dikodu tsa go goa ga bone di utlwala kwa Lewatleng la Motlhaka.

22 Bonang, mmaba o tla bolola, a fofa, a atamela, a tsharolola diphuka tsa gagwe jaaka ntsu godimo ga Bosera. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Etomo di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke maralalo.”


Ka ga Damaseko

23 Ka ga Damaseko. “Hamathe le Arephate ba swabile, gonne ba utlwile kitsiso e e bosula; ba nyemile moko, ba tshwenyega jaaka lewatle le le sa itseng go kokobela.

24 Damaseko o feletswe ke thata, a retologa go tshaba. Letshogo la mo wela. Tlalelo le matlhoko tsa mo tshwara jaaka mosadi yo o belegang.

25 Kana motse o o tumileng o tlogetswe jang, ona motse o ke neng ke o itumeletse!

26 Ka moo makau a ona a tla wa mo dipatlelong tsa ona; batlhabani botlhe ba tla nyelediwa ka letsatsi leo.” Morena wa masomosomo o buile jalo.

27 “Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Damaseko gore o nyeletse matlo a borena a ga Benehatate.”


Ka ga Arabia

28 Ka ga Ketare le magosi a Hasore a a neng a fenngwa ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele. Morena o bua jaana a re: “Bololang, lo tlhasele Ketare, lo gatelele ba ba kwa botlhabatsatsi.

29 Go tla thopiwa ditente tsa bone le matsomane a bone. Ba tla ba amoga masela le dithoto tsotlhe tsa bone le dikammele tsa bone, ba ba tlhabela mokgosi o o reng: ‘Therego e mo tikologong!’

30 “Lona baagi ba Hasore, tshabang lo ipoloke ka pele, lo iphitlhe kwa tengteng ga dikgaga!” go bua Morena. “Gonne Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ikaeletse go lo tlhasela; o lo logetse maano.”

31 Morena o buile a re: “Nanogang lo bololele setšhaba se se ituletseng, se iketlile, se se nnang mo tshireletsong, se se se nang dikgoro le e seng diphemelo, se se agileng se le sosi.

32 “Dikammele ba tla di thukhuthiwa, dikgomo tse dintsi tsa bone di tla thopiwa. Ba ba sekotsweng ditlhogo ke tla ba falaletsa kwa ntlheng tsotlhe, ke ba tlisetsa tatlhego e e tswang mo ditikologong tsotlhe tsa bone.” Morena o buile jalo.

33 “Hasore o tla fetoga dikutla tsa diphokojwe le sekaka ka bosakhutleng. Ga go kitla go aga ope gona. Ga go kitla go nna motho teng.”


Ka ga Elame

34 Lefoko la Morena ka ga Elame le le tsileng kwa go moporofeti Jeremia mo tshimologong ya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta, la re:

35 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Itseng gore ke tla roba mara a Baelame a thata ya bone e itshupang gagolo ka ona.

36 Diphefo tse nne tse di tswang mo ntlheng tse nne tsa legodimo ke tla di fokisetsa kwa Elame; le gona ke tla ba falaletsa kwa diphefong tsona tseo gore go se nne setšhaba sepe se se tlhokang bafaladi ba Elame.

37 Baelame ke tla ba nyemisa moko, fa go fitlha baba ba bone, fa go fitlha ba ba ratang go ba bolaya. Ke tla ba tlisetsa tatlhego, e leng bogale jwa me jo bo tukang,” go bua Morena. “Ke tla ba latedisa tšhaka go tsamaya ke ba fedise.

38 Ke tla baya sedulo sa me sa bogosi kwa Elame, ke nyeletsa kgosi le dikgosana tsa teng.” Morena o buile jalo.

39 “Mme e tla re mo malatsing a a tlang ke busetse Elame letlhogonolo la pele.” Morena o buile jalo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan