Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 47 - Setswana 1970


Taelo ya Modimo ka ga Bafelesita

1 Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga Bafelesita, Farao a ise a thope motse wa Gasa.

2 Morena o bua jaana a re: “Metsi ke ao, a tlhaga a tswa kwa bokone. E tla nna noka e e gogolang. E tla gogola lefatshe le tse di tletseng mo go lone, le motse le ba ba agileng mo go ona. Go tla goa batho, go bokolela botlhe ba ba agileng mo lefatsheng.

3 Fa go utlwala mesito ya ditlhako tsa dipitse tsa gagwe le go kgothosela ga dikoloi tsa gagwe le modumo wa maotwana a tsona, borra-bana ga ba kitla ba gadima bana, gonne ba repile mabogo

4 ka ntlha ya letsatsi le le tlang go senya Bafelesita botlhe le go nyeletsa masalela otlhe a a ka thusang Tiro le Sitone. Gonne Morena o tla senya Bafelesita ba e leng masalela a setlhakatlhake sa Khafethore.

5 Gasa o kutilwe tlhogo, Ašekalone o sentswe, le masalela a leboa la bone. O tla iphatsa go fitlha leng?

6 Ao, tšhaka ya Morena! O tla tlhoka boikhutso go fitlha leng? Itshomele mo kgatleng ya gago, ikhutse o nne!

7 Fela e ka ikhutsa jang, ka Morena a e rometse go senya Ašekalone le losi lwa lewatle, a e lebisitse teng?”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan