Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 46 - Setswana 1970


Lefoko la Modimo ka ga merafe e mengwe. Ka ga Egepeto

1 Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga ditšhaba.

2 Ka ga Egepeto. Ka ga mephato ya batlhabani ba ga Farao Nego, kgosi ya Egepeto, ba ba neng ba le kwa nokeng ya Ferathe kwa Karekemiše, ba ba fentsweng ke Nebukatenesare, kgosi ya Babele, ka ngwaga wa bone wa puso ya ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta.

3 “Baakanyang thebe le thejana, lo bolole go tlhabana!

4 Golegang dipitse lo di palame, lona bapalami; ikemiseng lo rwele dikuane tsa ntwa; gotlhang marumo, lo apare ditshipi tsa phemelo!

5 “Ke ka ntlhaang fa ke bona ba nyema moko, ba boela kwa morago? Bagale ba bone ba fentswe, ba tshabela pele, ba sa gadime. Go poitshego mo ntlheng tsotlhe,” go bua Morena.

6 “Yo o lobelo ga a na go falola; seganka ga se na go phologa. Ba kgopilwe ba wa kwa bokone fa losing lwa noka ya Ferathe.

7 Ke mang yo o gogomogang jaaka Nile, yo metsi a gagwe a phothoselang jaaka dinoka?

8 Ke Egepeto yo o gogomogang jaaka Nile; ke metsi a gagwe a a phothoselang jaaka dinoka a re: ‘Ke tla gogomoga, ke khurumetsa lefatshe, ke senya motse le ba ba agileng mo go ona.

9 Phalalang, lona dipitse, kgothoselang, lona dikoloi tsa ntwa, bololang, lona diganka, lona Baethiopia le Baphute ba lo tshwereng dithebe; lona Balute ba lo tshwereng mara, lo a gagamatsa!’ ”

10 Letsatsi leo ke la Morena, Modimo wa masomosomo, ke letsatsi la pusoloso gore a ipusolosetse mo babeng ba gagwe. Tšhaka ya Morena e tla ja, e kgora, e tlhapelwa ka madi a bone. Gonne Morena, Modimo wa masomosomo o na le setlhabelo mo lefatsheng la bokone kwa nokeng ya Ferathe.

11 Yaa go tsaya boroku jo bo alafang kwa Gileate, wena lekgarebe, morwadia Egepeto! Mme o batlela ditlhare tse dintsi lefelafela; ga o na go fola.

12 Ditšhaba di utlwetse ditlhong tsa gago. Selelo sa gago se tletse ka lefatshe. Mogale o thulanye le mogale, ba wa mmogo ka bobedi jwa bone.


Nebukatenesare wa Babele o e tla

13 Lefoko le Morena o le buileng le moporofeti Jeremia la go re, Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o tla tla, a kgemetha lefatshe la Egepeto, ke le le reng:

14 “Itsiseng kwa Egepeto, utlwatsang kwa Migetole, lo bolele kwa Nofe le kwa Thagephanese lo re: ‘Ikemiseng lo ipaakanye, gonne tšhaka e ja ba ba mo tikologong ya lona.’

15 Ke ka ntlhaang fa bapalami ba gago ba digilwe? Ba paletswe ke go ema, gonne Morena o ba digile.

16 O ba digile ka bontsi, ba wa, ba welana mo ba bileng ba re: ‘Nanogang, a re boeleng kwa morafeng wa ga etsho le kwa lefatsheng le re tsaletsweng mo go lone, re tshabe tšhaka e e re fetsang.’

17 “Ba ne ba kua teng koo ba re: ‘Farao, kgosi ya Egepeto, ke modumo wa ntwa fela,’ mme o fositse nako e e leng yona.

18 Ka bophelo jwa me!” Go bua yona kgosi e leina la yona e leng Morena wa masomosomo e re: “Ee, e tla tla, fela jaaka thaba ya Thabore e okame dithaba le jaaka ya Karemele e okame lewatle.

19 Itirele dilo tsa go ya mo botshwarong, wena lekgarebe le le agileng mo Egepeto. Gonne Nofe o tla fetoga marope, o fisiwa, o tlhoka moagi.

20 Egepeto ke kgomo e ntlentle thata; mme seboba se tlile go e loma, se tswa kwa bokone.

21 Le batlhabani ba gagwe ba ba rapilweng ka tuelo ba teng mo go ene jaaka dipoana tse di nontshiwang, ee, le bone ba a retologa, ba tshaba botlhe, ba paletswe ke go ema. Gonne letsatsi la tatlhego ya bone le ba tletse, le sebaka sa go otliwa ga bone se tlile.

22 Mokgwasa wa gagwe o tshwana le wa noga e e tshabang, fa baba ba tla ka bontsi, fa ba tla kwa go ene ka dilepe jaaka baremi ba ditlhare.

23 Ba rema sekgwa sa gagwe,” go bua Morena, “ee, sekhu se se sa tsenweng. Gonne ba feta tsie ka bontsi, ke ba ba se nang palo.

24 Morwadia Egepeto o tlhabisitswe ditlhong, a neelwa mo diatleng tsa morafe wa kwa bokone.”

25 Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o buile a re: “Itseng gore ke tla otla modimo Amone o o kwa Noo le Farao le Egepeto le medimo ya teng le dikgosi tsa teng, le Farao mmogo le ba ba mo ikanyang.

26 Ke tla ba neela mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa batlhanka ba gagwe. Mme morago ga moo Egepeto o tla agiwa gape jaaka mo malatsing a bogologolo.” Morena o buile jalo.


Morena o tla sireletsa morafe wa gagwe

27 “Mme wena Jakobe, motlhanka wa me, se boife; wena, Iseraele, se tshoge! Gonne bona, ke tla go pholosa o le kwa kgakala, le ba losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a thagama, a iketla, go se na yo o mo tshosang.

28 Se boife, wena Jakobe, motlhanka wa me, ka gonne yo o nang nao ke Nna.” Morena o buile jalo. “Gonne ditšhaba tsotlhe tse ke go leleketseng kwa go tsona ke tla di fedisa, mme wena ga nka ke ka go fedisa. Fela ke tla go otla ka fa go go tshwanetseng. Ga nka ke ka go lesa fela ke sa go betse.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan