Yeremie 45 - Setswana 1970Jeremia o kgalemela Baruge le go mo gomotsa ka Lefoko la Modimo 1 Lefoko le moporofeti Jeremia o le boleletseng Baruge, morwa Neria, ka ngwaga wa bone wa ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, fa a kwala mafoko ao mo bukeng, a tswa mo molomong wa ga Jeremia, ke le le reng: 2 “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a raya wena Baruge a re: 3 O rile: ‘A tatlhego ya me wee! Gonne Morena o okeditse botlhoko jwa me ka bohutsana. Ke itapisitse ka go fegelwa ga me, boikhutso ga ke bo bone.’ 4 “Mo ree jaana o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, tse ke di agileng ke a di rutla; tse ke di tlhomileng ke a di kumola. Tseo di raya lefatshe lotlhe. 5 Mme wena, a o ipatlela tse dikgolo? Se di batle! Gonne bona, ke tla tlisa tatlhego e e welang batho botlhe.’ Morena o bua jalo. ‘Fela ke tla go naya bophelo jwa gago e le thopo gongwe le gongwe kwa o yang teng.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa