Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 43 - Setswana 1970


Ba ba yang kwa Egepeto ba pateletsa Jeremia go ya nabo

1 E rile Jeremia a sena go fetsa go bua le batho botlhe mafoko otlhe a Morena, Modimo wa bone, a Morena, Modimo wa bone, o neng a mo romile kwa go bone ka ona, e leng mafoko aotlhe ao,

2 ga bua Asaria, morwa Hosaya, le Johanane, morwa Karea, le banna botlhe ba ba ikgantshang, ba raya Jeremia ba re: “O bua maaka. Morena, Modimo wa rona, ga a go roma gore o bue o re: ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto go jaka gona.’

3 Baruge ene o a go tlhotlheletsa gore o se ka wa dumalelana le rona, e le gore re neelwe mo diatleng tsa Bakalatea gore ba re bolae, ba re ise mo botshwarong kwa Babele.”

4 Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani le batho botlhe ba ne ba gana jalo go utlwa lentswe la Morena le le reng, ba nne mo lefatsheng la Juta.

5 Mme Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba tsaya masalela otlhe a Bajuta a a neng a boile kwa ditšhabeng tsotlhe, kwa a tshabetseng teng, a tla go nna mo lefatsheng la Juta;

6 ba tsaya banna le basadi le bana le bomorwadia kgosi le botlhe ba ba sadisitsweng ke Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, mo go Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane. Le ene moporofeti Jeremia ba mo tsaya mmogo le Baruge, morwa Neria,

7 ba hudugela kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba ganne go utlwa lentswe la Morena; ba fitlha kwa Thagephanese.


Pegelo ya tshenyego ya Egepeto ka letsogo la ga Nebukatenesare

8 Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia, ba le kwa Thagephanese, le re:

9 “Tsaya mafika a magolo, o a epele mo lapeng le le fa pele ga mojako wa ntlo ya ga Farao mono Thagephanese, o ntse o bonwa ke banna ba Bajuta.

10 Mme o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Itseng gore ke tla lo romela Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke mo tlisa koo; ke baya senno sa gagwe sa bogosi mo mafikeng ao – a ke a epetseng – ene o tla tlhoma tente ya gagwe ya bogosi mo go ona.

11 O tla tla, a otla naga ya Egepeto. Ba ba tshwanetsweng ke leroborobo ba tla ya leroborobong; ba ba tshwanetsweng ke botshwaro ba tla ya mo botshwarong; ba ba tshwanetsweng ke tšhaka ba tla bolawa ka tšhaka.

12 Ke tla tshuba molelo mo matlong a medimo ya Baegepeto; ene o tla a fisa, medimo yona a e thopa. O tla thukhutha lefatshe la Egepeto jaaka modisa a apara kobo ya gagwe, a ba a tloga a le mo kagisong.

13 Ditshwantsho tse di metloutlo tsa tempele ya letsatsi e e mo lefatsheng la Egepeto o tla di thubaganya, a fisa matlo a medimo ya Egepeto ka molelo.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan