Yeremie 41 - Setswana 19701 E rile ka kgwedi ya bosupa ga tla ene Isemaele, morwa Nethanya, morwa Elisama, e le mongwe wa losika lwa kgosi le wa ditona tsa yona; a tla kwa go Ketalea, morwa Ahikame, kwa Mitsepha, a na le banna ba le some; ba ja bogobe gona ba le mmogo kwa Mitsepha. 2 Ke fa Isemaele a nanoga le banna ba le some ba ba nang nae, ba rema Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, ka tšhaka; mme ene Isemaele a mmolaya, a swa, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng lefatshe. 3 Le gona Isemaele a bolaya Bajuta botlhe ba ba neng ba na le Ketalea gona mo Mitsepha, le Bakalatea ba ba fitlhetsweng teng, ba e leng batlhabani. 4 Jaanong ka letsatsi la bobedi, Ketalea a sena go bolawa, go ise go itse ope, 5 ga tla banna ba le 80, ba tswa kwa Šegeme le kwa Silo le kwa Samaria, ba beotswe ditedu, ba gagotse diaparo, ba iphatsitse, ba tshotse ditshupelo tsa dijo le maswalo ka diatla go di isa kwa Ntlong ya Morena. 6 Isemaele, morwa Nethanya, a tswa mo Mitsepha, a ba kgatlhantsha, a tsamaya a ntse a lela. Ya re a kgatlhana nabo, a ba raya a re: “Tlaang kwa go Ketalea, morwa Ahikame.” 7 Mme ya re ba sena go fitlha mo gare ga motse, Isemaele, morwa Nethanya, a ba bolaya, a ba latlhela mo sedibeng; ga dira ene le banna ba ba nang nae. 8 Mo go bone go ne go le banna ba le some; bone ba raya Isemaele ba re: “Se re bolae! Gonne re na le mahumo a a fitlhilweng kwa masimong. Ke mabele le garase le lookwane le mafura a dinotshe.” Ke fa a ba lesa, a sa ba bolae le ba ga bone. 9 Sediba seo Isemaele o latlhetseng ditoto tsa banna ba a ba bolaileng mo go sona mmogo le setoto sa ga Ketalea, ke sona se se epilweng ke kgosi Asa, fa a lwa le Baesa, kgosi ya Iseraele. Ke sona se Isemaele, morwa Nethanya, a neng a se tlatsa direpa. 10 Jaanong Isemaele a thopa masalela aotlhe a morafe a a neng a le kwa Mitsepha, e le bomorwadia kgosi le batho botlhe ba ba sadisitsweng kwa Mitsepha, e bong bone ba Nebusaratane, mookamedi wa bafemedi ba kgosi, a neng a ba laodisitse Ketalea, morwa Ahikame; bone bao Isemaele, morwa Nethanya, a ba isa mo botshwarong, a tloga ka bone gore a fetele kwa Baamoneng. 11 Mme e rile Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, ba utlwela tse di bosula tsotlhe tse Isemaele, morwa Nethanya, a di dirileng, 12 ba tsaya banna botlhe, ba ya go lwa le Isemaele, morwa Nethanya, ba mo fitlhela a le kwa letsheng le legolo le le mo Gibeone. 13 Jaanong ya re batho botlhe ba ba neng ba na le Isemaele, ba bona Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae, ba itumela. 14 Bone batho botlhe ba Isemaele a neng a ba thopile kwa Mitsepha, ba retologa, ba boa, ba ya kwa go Johanane, morwa Karea. 15 Mme Isemaele, morwa Nethanya, a falola mo go Johanane, a na le banna ba ba robedi, a ya kwa Baamoneng. 16 Ke fa Johanane, morwa Karea, le balaodi botlhe ba batlhabani ba ba nang nae ba tsaya masalela otlhe a batho ba Isemaele, morwa Nethanya, a ba thopileng kwa Mitsepha, a sena go bolaya Ketalea, morwa Ahikame, e bong banna le batlhabani le basadi le bana le badiredi ba kgosi ba a ba busitseng kwa Gibeone. 17 Ba tloga teng, ba ya go nna kwa Geruthe-Kimehame, ke felo fa go gaufi le Betleheme; ba re ba ya kwa Egepeto, 18 e le go tshaba Bakalatea, gonne ba ba boifa, ka Isemaele, morwa Nethanya, a bolaile Ketalea, morwa Ahikame, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng lefatshe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa