Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 39 - Setswana 1970


Jerusalema a a thopiwa

1 Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ne a tla kwa Jerusalema le mephato yotlhe ya batlhabani ba gagwe, a dikanyetsa motse ka ntwa, ka ngwaga wa robongwe wa ga Setekia, kgosi ya Juta, mo kgweding ya lesome.

2 Mme ba sutlhelela mo teng ga motse ka ngwaga wa 11 wa ga Setekia mo kgweding ya bone, ka letsatsi la robongwe la kgwedi.

3 Dintona tsotlhe tsa kgosi ya Babele tsa tsena, tsa nna mo Kgorong e e mo Gare, e bong Neregale-Saresere le Samgare-Nebo le Saresegime, yo e leng tlhogo ya badiredi ba lapa la kgosi, le Neregale-Saresere, tlhogo ya balepi ba dinaledi, le dikgosana tsotlhe tse dingwe tsa kgosi ya Babele.

4 Mme ya re Setekia, kgosi ya Juta, le batlhabani botlhe ba di bona, ba tshaba ba tswa mo motseng bosigo ka tsela e e yang kwa tshimong ya kgosi ka kgoro e e mo gare ga dipota tse pedi, ba tswelela pele ka tsela e e yang kwa lebaleng la Joretane.

5 Mme mephato ya Bakalatea ya ba latelela, ya tshwarela Setekia mo dinageng tsa Jerigo; ba mo tshwara, ba mo isa kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa Ribela mo lefatsheng la Hamathe, mme ene a mo atlhola.

6 Kgosi ya Babele ya bolaya bomorwa Setekia kwa Ribela fa pele ga matlho a gagwe; le gona kgosi ya Babele ya bolaya batlotlegi botlhe ba Bajuta.

7 Setekia ene ya mo foufatsa matlho, ya mmofa ka dikeetane tsa kgotlho go mo isa kwa Babele.

8 Mme Bakalatea ba fisa ntlo ya kgosi le matlo a morafe ka molelo, ba phoma dipota tsa Jerusalema.

9 Masalela a batho ba ba setseng mo motseng le bathobi ba ba thobetseng kwa go ene le masalela a ditswerere, bao ba isiwa kwa Babele mo botshwarong ke Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi.

10 Fela bangwe ba e leng batho fela ba ba se nang sepe, bao Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, a ba sadisa mo lefatsheng la Juta, a ba abela masimo a moweine le masimo ka letsatsi leo.


Jeremia o a gololwa

11 Mme Nebukatenesare, kgosi ya Babele, o ne a laetse Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, ka ga Jeremia a re:

12 “Mo tsee, o mo tlhokomele, o se ka wa mo direla bosula bope, mme o mo direle jaaka a go bolelela.”

13 Jaanong Nebusaratane, tlhogo ya bafemedi ba kgosi, le Nebusasebane, mookamedi wa badiredi ba lapa la kgosi, le Neregale-Saresere, mookamedi wa balepi ba dinaledi, le ba bagolo botlhe ba kgosi ya Babele, ba roma

14 ba tsaya Jeremia mo lapeng la batlhabani, ba mo neela Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, gore a mo ntshe, a mo ise kwa gae. Jeremia a nna jalo mo gare ga batho.


Ebete-Melege o solofediwa tshireletso

15 Le gona Lefoko la Morena le ne le tlile kwa go Jeremia a sa ntse a tswaletswe mo lapeng la batlhabani la re:

16 “Yaa o ree Ebete-Melege wa Moethiopia o re: ‘Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Bona, ke tla dirafaletsa motse o mafoko a me a a bolelang tatlhego, e seng a a bolelang pholoso, mme go tla dirafala jalo fa pele ga matlho a gago ka letsatsi leo.

17 Mme wena ke tla go pholosa ka letsatsi leo,’ go bua Morena. ‘Ga o kitla o neelwa mo diatleng tsa banna ba o ba boifang.

18 Ruri, ke tla go falodisa gore o se ka wa wa ka tšhaka, mme bophelo jwa gago e tla nna thopo e o e bonang, gonne o ikantse nna.’ ” Morena o buile jalo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan