Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 38 - Setswana 1970


Jeremia o latlhelwa mo sedibeng

1 E rile Sefatya, morwa Mathane, le Ketalea, morwa Phašure, le Jugale, morwa Selemia, le Phašure, morwa Malekhia, ba utlwa mafoko a Jeremia o a buang le morafe otlhe a re:

2 “Morena o bua jaana a re: ‘Yo o salang mo motseng o, o tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo, mme yo o tswelang kwa go Bakalatea o tla phela. Bophelo e tla nna thopo ya gagwe, o tla phela.’

3 Morena o buile jaana a re: ‘Ruri, motse o, o tla neelwa mo diatleng tsa mephato ya batlhabani ba kgosi ya Babele, mme e tla o thopa.’ ”

4 Dikgosana tseo tsa raya kgosi tsa re: “A a bolawe, monna yoo! Gonne ka go re jalo o repisa diatla tsa batlhabani ba ba setseng mo motseng o, le diatla tsa morafe otlhe ka go bua mafoko a a ntseng jalo nabo. Gonne monna yoo ga se yo o batlelang morafe o kagiso fa e se tatlhego fela.”

5 Ke fa kgosi Setekia a araba a re: “Bonang, o mo diatleng tsa lona! Gonne kgosi ga e kgone sepe kwa ntle ga lona.”

6 Ke fa ba tsaya Jeremia, ba mo latlhela mo sedibeng sa ga Malekhia, morwa kgosi, se se mo lapeng la batlhabani; ba folosa Jeremia ka megala. Jaanong go ne go se na metsi mo sedibeng, fa e se loraga fela, mme Jeremia a rôrômela mo lorageng.

7 Jaanong e rile Ebete-Melege wa Moethiopia, mongwe wa badiredi mo lapeng la kgosi, a utlwa fa ba latlhetse Jeremia mo sedibeng – kgosi ya bo e ntse mo Kgorong ya Benyamene –

8 Ebete-Melege a tswa mo ntlong ya kgosi, a bua le kgosi a re:

9 “Kgosi, morena wa me, banna ba, ba dirile bosula mo go tsotlhe tse ba di diretseng moporofeti Jeremia yo ba mo latlhetseng mo sedibeng. Kana o tla swela fa a leng teng ka tlala; gonne ga go tlhole go le dijo mo motseng.”

10 Ke fa kgosi e laolela Ebete-Melege wa Moethiopia e re: “Tsaya banna ba le 30, ba ye nao, o ntshe moporofeti Jeremia mo sedibeng, a ise a swe.”

11 Mme Ebete-Melege a tsaya banna bao, a tsena kwa tlase ga ntlwana ya mahumo mo ntlong ya kgosi, a tsaya dikata tsa diaparo tse di gagogileng le dikata tsa diaparo tse di onetseng, a di folosetsa kwa go Jeremia mo sedibeng ka megala.

12 Ya ba gona Ebete-Melege wa Moethiopia a rayang Jeremia a re: “A ko o bee dikata tsa diaparo tse di gagogileng le tse di onetseng mo magwafeng a gago le megala ka fa tlase ga tsona!” Jeremia a dira jalo.


Setekia o bua le Jeremia

13 Ke fa ba goga Jeremia ka megala, ba mo ntsha mo sedibeng. Jeremia a ba a nna gape mo lapeng la batlhabani.

14 Mme kgosi Setekia a roma gore ba tsise moporofeti Jeremia kwa go ene kwa botsenong jwa boraro jo bo fa Ntlong ya Morena. Jaanong kgosi ya raya Jeremia ya re: “Ke rata go go botsa potso, se ntobele sepe!”

15 Mme Jeremia a raya Setekia a re: “Fa ke go itsise mafoko, a ga ke re, o tla mpolaela ruri? Mme fa ke go gakolola, ga o kitla o nkutlwa!”

16 Ke fa kgosi Setekia a ikanela Jeremia mo sephiring a re: “Ka bophelo jwa Morena yo o re diretseng bophelo jo! Ruri, ga nkitla ke go bolaya, le e seng go go neela mo diatleng tsa banna ba, ba ba ratang go go bolaya!”

17 Jaanong Jeremia a raya Setekia a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Fa o tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, o ineela mo go tsona, foo o tla bolokelwa bophelo, mme motse o, ga o kitla o fisiwa ka molelo, mme o tla phela, wena le ba lapa la gago.

18 Mme fa o sa tswele kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, foo motse o, o tla neelwa mo diatleng tsa Bakalatea, ba tla o fisa ka molelo, mme wena ga o kitla o falola mo diatleng tsa bone.’ ”

19 Ke fa kgosi Setekia a araba Jeremia a re: “Kana ke boifa Bajuta ba ba setseng ba thobetse kwa go Bakalatea, e se re gongwe ba nneela mo diatleng tsa bone gore ba ntshotle.”

20 Mme Jeremia a re: “Ga ba ka ke ba go neela. Utlwa tlhe lentswe la Morena mo go tse ke di buang nao! Foo o tla dirafalelwa ke tse di molemo, mme o tla phela.

21 Mme fa o gana go ineela, foo lefoko le Morena o le mpontshitseng ke le le reng:

22 Bona, basadi botlhe ba ba setseng mo ntlong ya kgosi ya Juta ba tla ntshediwa kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, mme bone ba tla go sotla ba re: “ ‘Ditsala tsa gago di go raetse, tsa go kgona; maoto a gago a rorometse mo lorageng, mme tsona tsa boela kwa morago.’

23 “Mme ba tla ntshetsa basadi botlhe ba gago le bana ba gago kwa go Bakalatea, le wena ka wesi ga o na go falola mo diatleng tsa bone, mme o tla tshwarwa ke seatla sa kgosi ya Babele, mme motse o, o tla fisiwa ka molelo.”

24 Ke fa Setekia a raya Jeremia a re: “A mafoko a, a se ka a itsiwe ke ope, e se re gongwe wa swa.

25 Mme fa dikgosana di ka utlwa gore ke buile nao, fa di tla kwa go wena, di go raya di re: ‘A ko o re itsise se o se buileng le kgosi le se kgosi e se buileng nao. Se re lobele sepe, foo ga re ka ke ra go bolaya –’

26 gona o di ree o re: ‘Ke kopile kgosi ka boikokobetso ka re: Se mpusetse kwa ntlong ya ga Jonathane gore ke se ka ka swela teng.’ ”

27 Jaanong e rile dikgosana tsotlhe di tla kwa go Jeremia, di mmotsolotsa, a di itsise mafoko otlhe a, a kgosi e mo laetseng ona. Tsa ba tsa mo tlogela, gonne puisanyo e ga e a ka ya utlwala.

28 Mme Jeremia a nna mo lapeng la batlhabani go fitlha letsatsing le Jerusalema o thopilweng ka lone. Jaanong ya re Jerusalema a sena go thopiwa.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan