Yeremie 34 - Setswana 1970Jeremia o itsise kgosi tse di tla e dirafalelang le Jerusalema 1 E rile Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya teng, a na le batlhabani botlhe ba gagwe le magosi otlhe a lefatshe le le mo taolong ya gagwe le merafe yotlhe, lefoko la tla kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: 2 “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Yaa o bue le Setekia, kgosi ya Juta, o mo ree o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bona, ke tla neela motse o mo diatleng tsa kgosi ya Babele, mme e tla o fisa ka molelo. 3 Le wena ga o kitla o falola mo diatleng tsa yona; ruri, o tla tshwarwa, o neelwa mo diatleng tsa yona. O tla lebaganya matlho le kgosi ya Babele, molomo wa yona o tla bua le molomo wa gago, mme o tla ya kwa Babele.’ 4 Fela utlwa Lefoko la Morena, wena Setekia, kgosi ya Juta! Morena o bua jaana ka ga gago a re: ‘Ga o nke o swa ka tšhaka! 5 O tla swa ka kagiso. Ba tla go fisetsa matlhare a a nkgang monate jaaka go fiseditswe borraago, dikgosi tsa pele, tse di neng di le teng pele ga gago. Le gona ba tla go hutsafalela ba re: Ijoo! Morena! Gonne ke nna ke buileng lefoko le,’ ” go bua Morena. 6 Moporofeti Jeremia o ne a bua mafoko aotlhe a le Setekia, kgosi ya Juta, mo Jerusalema, 7 batlhabani ba kgosi ya Babele ba ntse ba tlhasela Jerusalema le metse yotlhe ya Juta e e iseng e thopiwe, e bong Lagiše le Aseka. Gonne yona e setse e le yosi mo metseng ya Juta, ka e le metse e e femetsweng. Baagi ba Jerusalema ba senya maipofo a bone a go golola balala. Petso ya teng 8 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng, kgosi Setekia e sena go dira kgolagano le morafe otlhe o o mo Jerusalema gore go tlhajwe mokgosi o o reng: “Gololang balala!” 9 E le gore mongwe le mongwe a golole molala wa gagwe yo e leng Mohebere, le letata la gagwe le e leng Mohebere gore go se nne ope yo o dirang morwa-rraagwe yo e leng Mojuta molala. 10 Ke fa go utlwa dikgosana tsotlhe le morafe otlhe, ba ba neng ba dumelanye le maipofo a a reng: “Mongwe le mongwe a golole molala wa gagwe le lelata la gagwe, mme a se ka a tlhola a ba tshola jaaka balala.” Ba utlwa, ba ba golola. 11 Mme morago ga moo ba fetoga pelo, ba busa balala le malata, ba ba neng ba ba golotse; ba ba gapeletsa gape go nna balala le malata. 12 Ke fa Lefoko la Morena le tla kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng le re: 13 “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke dirile kgolagano le borraeno ka nosi ka letsatsi le ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone ka re: 14 ‘Morago ga dinyaga tse supa a mongwe le mongwe a golole morwa-rraagwe yo e leng Mohebere yo o ithekisitseng mo go wena. A e nne molala wa gago dinyaga di le thataro, ke gona o tshwanetseng go mo golola.’ Mme borraeno ga ba a ka ba utlwa le e seng go sekega ditsebe. 15 Mme lona lo ne lo tlhabologile kajeno, lwa dira tse di siameng mo matlhong a me ka go kua kgololo ya balala; lwa dira kgolagano fa pele ga me mo Ntlong e e bidiwang ka leina la me. 16 Mme lo tlhanogile, lwa itshepolola leina la me; mongwe le mongwe wa lona a golega molala wa gagwe le lelata la gagwe gape, ba lo neng lo ba golotse ka fa keletsong ya bone, lwa ba gapeletsa go nna balala ba lona le malata a lona.” 17 Ke gona ka moo Morena a buang jaana a re: “Lona ga lo a ka lwa nkutlwa gore lo kue kgololo ya balala, gore mongwe le mongwe a kuele morwa-rraagwe le mongwe-ka-ene kgololo. Bonang, ke nna ke lo kuelang kgololo jaanong,” go bua Morena, “e bong ya go neelwa tšhaka le leroborobo le tlala, mme ke tla lo dira theregiso ya magosi otlhe a lefatshe. 18 Mme ke tla neela banna ba ba tlodileng kgolagano ya me, ba ba sa dirafatsang mafoko a kgolagano e ba e dirileng fa pele ga me, fa ba fatola namane, ba ralala fa gare ga mefama ya yona, 19 e leng dikgosana tsa Juta le dikgosana tsa Jerusalema le badiredi ba kgosi le baperesiti le morafe otlhe wa lefatshe, ba ba neng ba ralala fa gare ga mefama ya namane; 20 ke tla ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya; mme ditoto tsa bone e tla nna dijo tsa dinonyane tsa loapi le tsa dibata tsa lefatshe. 21 Le Setekia, kgosi ya Juta le dikgosana tsa gagwe ke tla ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mo diatleng tsa ba ba ratang go ba bolaya, mo diatleng tsa batlhabani ba kgosi ya Babele ba ba bolotseng jaanong, ba lo tlogela. 22 Bonang, ke tla laola, go bua Morena, ke ba busetsa kwano motseng o; mme ba tla tlhabana le ona, ba o thopa, ba o fisa ka molelo. Mme metse ya Juta ke tla e ntsha sekaka se se se nang moagi.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa