Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 31 - Setswana 1970


Baiseraele ba tla boela kwa gae

1 “Ka sebaka seo,” go bua Morena, “ke tla nna Modimo wa ditshika tsotlhe tsa Iseraele, mme bone ba tla nna morafe wa me.”

2 Morena o bua jaana a re: “Morafe o o falotseng mo tšhakeng o bonye boitshwarelo mo sekakeng. Iseraele o ya kwa boikhutsong jwa gagwe.”

3 Morena o iponaditse mo go nna go tswa kgakala, a nthaya a re: “Ke go ratile ka lorato lo lo sa khutleng; ke ka moo ke go gogetseng kwa go nna ka bopelotlhomogi.

4 Ke tla go aga gape gore o agege, wena lekgarebe la Iseraele. O tla ikgabisa gape ka meropa ya gago, o tswela kwa dipineng tsa ba ba itumetseng.

5 O tla tlhoma masimo a moweine gape mo dithabeng tsa Samaria; balemi ba tla tlhoma le go ja maungo a teng.

6 Ee, letsatsi le tla nna teng gape le badisa ba tla opang mokgosi ka lone mo dithabeng tsa Eferaime ba re: ‘Nanogang, a re yeng kwa Sione, kwa Moreneng, Modimo wa rona.’ ”

7 Gonne Morena o bua jaana a re: “Dudueletsang Jakobe ka boitumelo, ipeleng ka ntlha ya moetapele wa ditšhaba! Utlwatsang, lo tumiseng lo re: ‘Morena o pholositse morafe wa gagwe, e bong masalela a Iseraele.’

8 Bonang, ke tla ba busa kwa lefatsheng la bokone, ke ba phutha kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba na le difofu le batlhotsi le ba baimana le ba ba belegang, botlhe mmogo. Ba tla boela kwano e le phuthego e kgolo.

9 Ba tla tla ka selelo. Ke tla ba tlisa ba ntse ba kokotlela. Ke tla ba isa kwa dinokeng tsa metsi mo tseleng e e siameng e ba sa kgotšweng mo go yona. Gonne ke nna rraagwe Iseraele; Eferaime ke morwaake wa ntlha.

10 Lona merafe, utlwang Lefoko la Morena, lo le utlwatse kwa ditlhakatlhakeng tse di kgakala lo re: ‘Yo o faladitseng Baiseraele o tla ba phutha gape, a ba disa jaaka modisa a disa letsomane la gagwe.’

11 Gonne Morena o rekolotse Jakobe, a mo golola mo seatleng sa yo o thata bogolo go ene.

12 Ba tla tla, ba duduetsa mo thabeng ya Sione, ba itumelela ditshegofatso tsa Morena, e bong mabele le weine le lookwane le dikwanyana le dikgomo. Mewa ya bone e tla tshwana le tshimo e e noseditsweng sentle. Ga ba kitla ba tlhola ba bogisega.

13 Foo makgarebe a tla itumela mo pineng, makau le banna bagolo ba na nao. Gonne ke tla fetola khutsafalo ya bone boitumelo, ke ba gomotsa, ke ba thabisa, ke ba ntsha mo bohutsaneng jwa bone.

14 Ke tla lapolosa dipelo tsa baperesiti ka mafura; morafe wa me o tla kgora ditshegofatso tsa me.” Morena o buile jalo.


Morena o tlhomogela Baiseraele pelo

15 Morena o bua jaana a re: “Utlwelelang! Go utlwala sefela sa khutsafalo le selelo sa bogalaka kwa Rama: ‘Ragele o lelela bana ba gagwe, mme o gana go gomotsega ka ntlha ya bone, gonne ga ba tlhole ba le teng.’ ”

16 Morena o bua jaana a re: “Thibela selelo sa lentswe la gago le dikeledi tsa matlho a gago; gonne tiro ya gago e tla bona tuelo,” go bua Morena. “Ba tla boa mo lefatsheng la mmaba.

17 Go na le tsholofelo ya ba losika lwa gago,” go bua Morena. “Bana ba tla boela mo dinageng tsa bone.

18 “Ee, ke utlwile Eferaime a lela a re: ‘O nkotlile, ka bediwa jaaka pholwana e e iseng e katisiwe. Ntlhabolose, foo ke tla tlhabologa! Gonne ke wena Morena, Modimo wa me.

19 Gonne e rile ke sena go ikepa, ka ikwatlhaya; ya re ke sena go ipona, ka ingwaya tlhogo. Ke tlhabilwe ke ditlhong, ka swaba, gonne ke rwele kgobo ya bošwa jwa me.’

20 A Eferaime ke morwaake yo o rategang? Gongwe a ke ngwana yo o nthabisang? Gonne ka nako le nako, fa ke bua ka ga gagwe, ke sa ntse ke na le go mo gopola. Ke ka moo maikutlo a me a mo huduegelang, ke na le go mo tlhomogela pelo.” Morena o buile jalo.

21 “Itlhomele mesupatsela, o itsosetse mantswe a a motloutlo; tlhokomela tsela e kgolo, e leng tsela e o tsamaileng ka yona. Boa, lekgarebe la Iseraele, o boele mo metseng eno ya gago.

22 O tla kgarakgatshega go fitlha leng, wena morwadi yo o tenegileng? Gonne Morena o tla tlhola tse dintšhwa mo lefatsheng: Mosadi o tla ineela monna.”


Baiseraele ba tla itumela gape

23 Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “E tla re ke fetola tatlhego ya bone, ba bue lefoko leo gape mo lefatsheng la Juta le mo metseng ya lone ba re: “ ‘A Morena a go tshegofatse, wena naga ya tshiamo le thaba e e boitshepo!’

24 “Mme Bajuta le ba metse yotlhe ya bone le balemi le ba ba bololang le matsomane ba tla nna mmogo mo go yona.

25 Gonne ke lapolosa pelo tsa ba ba lapileng; ke kgorisa botlhe ba ba nyemileng moko.”

26 Ke fa ke thanya, ke lebaleba; mme boroko jwa me bo ne bo beile monate mo go nna.

27 “Bonang, malatsi a tla tla,” go bua Morena, “a ka ona ke tla jwalang peo ya batho le peo ya dikgomo mo ntlong ya Iseraele le mo ntlong ya Juta.

28 Ke ne ke tlhoafetse go ba kumola le go ba thuba le go ba rutla le go ba nyeletsa le go ba utlwisa botlhoko: Ke tla tlhoafala jalo go ba aga le go ba tlhoma,” go bua Morena.

29 “Ka malatsi ao ga ba kitla ba tlhola ba re: “ ‘Borra-bana ba jele makgela a moweine; ka moo meno a bana a dilega.’

30 “Mme mongwe le mongwe o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe. Motho mongwe le mongwe yo o jang makgela a moweine, meno a gagwe a tla dilega.

31 “Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ke tla dirang kgolagano e ntšhwa le Baiseraele le Bajuta ka ona;

32 e seng kgolagano e e tshwanang le e nkileng ka e dira le borraabo ka letsatsi le ke ne ke ba tshwere mabogong ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ba robile kgolagano ya me, le fa ke ne ke le Morena wa bone.” Morena o buile jalo.

33 “Mme kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me.” Morena a re jalo.

34 “Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”

35 Morena yo o tlhabisang letsatsi gore le bonese motshegare; yo o beileng dithulaganyo tsa ngwedi le dinaledi gore di sedimose bosigo; yo o huduang lewatle gore dintelo tsa lone di sume – leina la gagwe ke Morena wa masomosomo – o bua jaana a re:

36 “Fa dithulaganyo tse di tloga fa pele ga me,” go bua Morena, “foo losika lwa Iseraele le lone lo tla khutla go nna setšhaba fa pele ga me ka malatsi otlhe.”

37 Morena o bua jaana a re: “Fa legodimo le ka lekanngwa kwa godimo; fa metheo ya lefatshe e ka tlhotlhomisiwa kwa tlasetlase, foo le nna ke tla latlha losika lotlhe lwa Iseraele ka ntlha ya tsotlhe tse ba di dirileng.” Morena o buile jalo.

38 Morena a re: “Bonang, malatsi a e tla a motse o, o tla agelwang Morena gape ka ona, go tloga kwa kagong e e godimo ya Hananele go fitlha kwa Kgorong ya Sekhutlo.

39 Mme mogala o o lekanyang o tla isiwa pele, o tlhamalala go fitlha kwa thabaneng ya Garebe; o tla thelela teng, o ya kwa Goa.

40 Mme mogorogoro otlhe wa ditoto le wa molora wa ditlhabelo, mmogo le masimo otlhe go fitlha kwa nokeng ya Kiterone le go ya kwa sekhutlong sa Kgoro ya Dipitse ntlheng ya botlhabatsatsi, o tla itshepela Morena. Ga go kitla go tlhola go kumolwa teng le e seng go rutlwa ka bosakhutleng.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan