Yeremie 30 - Setswana 1970Ka ga kgololo ya Bajuta kwa Babele le ka ga kgololo ya kgolagano e ntšhwa 1 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re: 2 “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ikwalele mafoko aotlhe a ke a buileng nao mo lokwalong; 3 gonne, bona, malatsi a e tla,’ go bua Morena, ‘a ke tla fetolang tatlhego ya morafe wa me wa Iseraele le Juta ka ona.’ Morena o buile a re: ‘Ke tla ba busetsa kwano lefatsheng le ke le neileng borraabo, mme ba tla le rua.’ ” 4 Mafoko a Morena o a buileng ka ga Iseraele le ka ga Juta ke a: 5 “Ee, Morena o bua jaana a re: ‘Re utlwetse selelo sa letshogo le sa therego, mme ga go na kagiso. 6 Botsang thata, lo bone gore a monna o ka belega? Ke eng, fa ke bona banna botlhe ba itshwere dinoka ka diatla jaaka mosadi yo o belegang, mme difatlhego tsotlhe di setlhafetse. 7 Ijoo! Kana letsatsi leo ke le legolo! Ijoo! Ga go na le le tshwanang nalo! Ke sebaka sa tlalelo mo go Jakobe, mme o tla gololwa mo go yona. 8 “ ‘E tla re ka letsatsi leo,’ go bua Morena, ‘ke robe joko e e mo thamong tsa bone, ke kgaole dikgole tsa bone. Baeng ga ba kitla ba tlhola ba ba dira batlhanka. 9 Mme ba tla direla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone, yo ke tla mo ba tsosetsang. 10 “ ‘Mme wena, se boife, Jakobe, motlhanka wa me!’ go bua Morena. ‘Se rerege, Iseraele! Gonne bona, ke tla go pholosa kwa kgakala le losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a ikhutsa, a le mo tshireletsong, go se na yo o mo tshosang. 11 Gonne ke na nao,’ go bua Morena, ‘gore ke go pholose. Ee, ke tla fedisa ditšhaba tsotlhe tse ke go falaleditseng kwa go tsona, mme wena ga nkitla ke go fedisa. Ee, ke tla go otla ka tekanyo, mme ga nkitla ke tlosa kotlo mo go wena fa gotlhe.’ 12 “Gonne Morena o bua jaana a re: ‘Tatlhego ya gago ke e e befileng; ntho ya gago ke e e sa foleng. 13 Ga go na yo o go okang ka tshwanelo; tlhagala e tlhoka ditlhare; go fola ga go teng mo go wena. 14 Baratwi botlhe ba gago ba go lebetse, ga ba na sepe nao; gonne ke go otlile jaaka mmaba a otla ka petso e e setlhogo; gonne molato wa gago o mogolo, maleo a gago a mantsi. 15 O goelang ka ga tshenyegelo ya gago le ka ga botlhoko jwa gago jo bo sa foleng? Ke go diretse tseo, ka molato wa gago o le mogolo, ka maleo a gago a le mantsi. 16 Ka ntlha ya moo go tla jewa botlhe ba ba go jeleng. Botlhe ba ba go pitlagantseng ba tla ya mo botshwarong; ba ba go thopileng ba tla thopiwa; ba ba go thukhuthileng ke tla ba neela bathukhuthi. 17 Gonne ke tla go fodisa, ke alafa dintho tsa gago,’ go bua Morena. ‘E re ka ba go bitsa “Yo o lelekilweng” le “Sione yo o sa batlweng ke ope.” ’ ” 18 “Morena o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla fetola tatlhego ya malapa a ga Jakobe, ke tlhomogela meago ya gagwe pelo. Motse o tla tsosiwa gape mo dithoteng tsa marope a ona. Ntlo ya borena e tla nna fa go e tshwanetseng. 19 Mme go tla utlwala difela tsa pako mo go bona le mantswe a ba ba thabileng. Ke tla ba ntsifatsa, ga ba ne ba fokotsega; ke tla ba tlotla, ga ba ne ba nyatsega. 20 Bomorwawe ba tla nna jaaka pele. Phuthego ya gagwe e tla tlhomamisiwa fa pele ga me; mme bagateledi botlhe ba gagwe ke tla ba otla. 21 Kgosi ya bone e tla nna ya ga bone. Mmusi wa bone o tla tswa mo gare ga bone. Ke tla mo atametsa gore a nne gaufi le nna. Gonne ke mang yo o ka betang pelo, a nkatamela?’ go botsa Morena. 22 ‘Mme lo tla nna morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona.’ ” 23 Bonang, ledimo la Morena le bolotse; ke bogale jo bo tukang. Sefefo se se boitshegang se tla tlhasela ditlhogo tsa baikepi. 24 Bogale jwa Morena ga bo nke bo khutla a ise a dirafatse, a fetse maikaelelo a pelo ya gagwe. Lo tla lemoga sentle mo malatsing a bofelo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa