Yeremie 25 - Setswana 1970Magosi a tla nosiwa senwelo sa bogale jwa Modimo 1 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia ka ga morafe otlhe wa Juta mo ngwageng wa bone wa ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta; ke ona ngwaga o Nebukatenesare o simolotseng go busa kwa Babele ka ona; 2 le moporofeti Jeremia o le buileng le morafe otlhe wa Juta le baagi botlhe ba Jerusalema a re: 3 “Lefoko la Morena le sa le le tla kwa go nna go tloga ka ngwaga wa 13 wa ga Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, go fitlhelela letsatsing la kajeno; e setse e le dinyaga di le 23 ke ntse ke bua le lona ka tlhoafalo, mme ga lo a ka lwa utlwa. 4 Le gona Morena o lo rometse batlhanka botlhe ba gagwe ka tlhoafalo, e leng baporofeti, mme ga lo a ka lwa utlwa le e seng go sekega ditsebe gore lo utlwe. 5 Ba lo raya ba re: ‘Boang tlhe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo bokgopong jwa ditiro tsa lona; foo lo tla nna lo aga mo lefatsheng leno le Morena o le lo neileng go tloga bogologolo go ya bosakhutleng. 6 Se saleng medimo e sele morago go e direla le go e obamela; se ntlhotlheletseng bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona gore ke se ka ka lo direla bosula.’ 7 Mme ga lo a ka lwa nkutlwa, mme lo ntlhotlheleditse bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona, lwa itirela molato.” Morena a re jalo. 8 Ke ka moo Morena wa masomosomo a buang jaana a re: “E re ka lo se ka lwa utlwa mafoko a me, 9 bonang, ke tla romela kwa ditsong tsotlhe tsa bokone le kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke ba tsaya, ke ba tlisa kwano gore ba tlhabane le lefatshe leno le baagi ba lone le ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya lone. Mme bana ke tla ba hutsa gore ba latlhege, ke ba dira theregiso le tshotlego le nyatsego e e sa khutleng.” Go bua Morena. 10 “Ke tla fedisa mo go bona moduduetso le boitumelo le lentswe la monyadi le lentswe la monyalwa le modumo wa tshilo le lesedi la lobone. 11 Lefatshe lotlhe le tla fetoga marope le sekaka, mme ditšhaba tse, di tla direla kgosi ya Babele dinyaga tse di 70. 12 Mme e tla re dinyaga di le 70 di sena go feta, ke beletse kgosi ya Babele le setšhaba seo ditshiamololo tsa bone; lefatshe la Bakalatea ke tla le fetola sekaka se se sa khutleng.” Morena a re jalo. 13 “Mme ke tla dirafaletsa lefatshe leo mafoko a me otlhe a ke a buileng ka ga lone, mafoko otlhe a a kwadilweng mo bukeng e, a Jeremia o a buileng ka ga ditšhaba tsotlhe. 14 Mme le bao ba tla dirwa batlhanka ba ditšhaba tse di thata le ba dikgosi tse dikgolo. Ke tla ba busetsa jalo ka fa ditirong tsa bone le ka fa go direng ga diatla tsa bone.” Modimo o tla betsa merafe 15 Gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jaana le nna a re: “Senwelo se sa weine ya bogale, se tsee mo seatleng sa me, o se nose ditšhaba tsotlhe tse ke go romelang kwa go tsona 16 gore di nwe, di thekesele, di tsenwe ka ntlha ya tšhaka e ke tla e romelang kwa go tsona.” 17 Foo ka tsaya senwelo mo seatleng sa Morena, ka nosa ditšhaba tsotlhe tse Morena a nthometseng kwa go tsona, 18 e bong Jerusalema le metse ya Juta le dikgosi tsa teng le dikgosana tsa teng go e fetola marope le go di dira theregiso le tshotlo le thogako jaaka go ntse kajeno. 19 Ka nosa Farao, kgosi ya Egepeto, le batlhanka ba gagwe le dikgosana tsa gagwe le morafe otlhe wa gagwe; 20 le makgoba otlhe, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe la Use, le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe la Bafelesita, le Ašekalone le Gasa le Ekerone le masalela a Ašetote; 21 le Etomo le Moabe le Baamone; 22 le dikgosi tsotlhe tsa Tiro le dikgosi tsotlhe tsa Sitone le dikgosi tse di fa losing kwa moseja ga lewatle; 23 le Detane le Thema le Buse le botlhe ba ba sekotsweng tlhogo; 24 le dikgosi tsotlhe tsa Arabia le dikgosi tsotlhe tsa makgoba a a nnang mo sekakeng; 25 le dikgosi tsotlhe tsa Simeri le dikgosi tsotlhe tsa Elame le dikgosi tsotlhe tsa Media; 26 le dikgosi tsotlhe tsa kwa bokone tse di gaufi le tse di kgakala ka go latelana ga tsona. Ee, ka nosa magosi otlhe a lefatshe a a leng teng mo lefatsheng, mme kgosi ya Sesage e tla nwa morago ga tsona. – 27 Mme o ba ree o re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Nwaang lo tagwe, lo kgwe; waang, mme lo se ka lwa tsoga gape, ka ntlha ya tšhaka e ke e romelang mo go lona.’ 28 Mme e re fa ba gana go amogela senwelo mo seatleng sa gago le go nwa, o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ruri, lo tshwanetse go nwa. 29 Gonne bonang, ke simolola ka motse o o bidiwang ka leina la me go o otla ka tatlhego; a lona lo ka falola, lo sa bediwe? Ruri, lo tla bediwa! Gonne ke tla bitsa tšhaka gore e itee baagi botlhe ba lefatshe. Morena wa masomosomo o buile jalo.’ 30 “Mme wena o ba rerele mafoko otlhe a, o ba ree o re: “ ‘Morena o tla duma a le kwa godimo; o tla utlwatsa tumo ya gagwe go tswa moagong o o boitshepo wa gagwe; o tla rora ka ntlha ya Tempele ya gagwe mo go boitshegang; o tla tlhabela baagi botlhe ba lefatshe mokgosi jaaka ba ba gatang maungo a moweine. 31 Loratla lwa ntwa lo tla utlwala go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe; gonne Morena o na le kgang le ditšhaba, o sekisa batho botlhe, mme baikepi o tla ba neela mo tšhakeng.’ Morena a re jalo.” 32 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Bonang, tatlhego e tla wela ditšhaba ka tatelano ya tsona; ledimo le legolo le tla tsosiwa kwa mafelelong a lefatshe. 33 Ka letsatsi leo ba ba bolailweng ke Morena ba tla fitlhelwa go tswa ntlheng nngwe ya lefatshe go fitlha kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe; ga ba kitla ba hutsafalelwa le e seng go tlosiwa le e seng go fitlhwa; ba tla nna letshotelo fela mo nageng. 34 “Goang, lona badisa, bokolelang, lo ipidikanye mo leroleng, lona barena ba letsomane. Malatsi a fitlhile a lo tlhajwang ka ona gore lo we, lo tšhwetlakanngwe jaaka dinkgo tse dintle. 35 Mme badisa ba tla tlhoka fa ba tshabelang teng; barena ba letsomane ga ba na go falola. 36 Reetsa! Badisa ba a goa; barena ba letsomane ba a lela; gonne Morena o sentse mafulo a bone. 37 Meraka e e neng e le mo kagisong e fetotswe sekaka ka bogale jo bo tukang jwa Morena. 38 O tlogetse dikhu tsa gagwe jaaka tawana; ee, lefatshe la bone le fetotswe sekaka ka tšhaka e e setlhogo le ka bogale jwa gagwe jo bo tukang.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa