Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 22 - Setswana 1970


Ka ga kgosi ya Juta

1 Morena o bua jaana a re: “Fologela kwa ntlong ya kgosi ya Juta, o bue gona lefoko le

2 ò re: ‘Utlwa Lefoko la Morena, wena kgosi ya Juta, yo ò ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, wena le batlhanka ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse:

3 Morena o bua jaana a re: Dirang ka tshiamo le ka molao, lo golole yo o thukhuthilweng mo diatleng tsa mogateledi. Lo se ka lwa senyetsa baeng le masiela le batlholagadi, se ba gateleleng le e seng go tsholola madi a a se nang molato mo felong fano.

4 Gonne fa lo dira tseo ka nnete, dikgosi tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita di tla tsena ka dikgoro tsa ntlo e, di palame dikoloi le dipitse, tsona le batlhanka ba tsona le morafe wa tsona.

5 Mme fa lo sa utlwe mafoko a, gona ke ikanne ka nna ka re: Ntlo e ya borena e tla nna lesope fela. Morena o buile jalo.’ ”

6 Morena o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta a re: “O Gileate mo go nna le setlhoa sa Lebanone. Ruri, ke tla go dira sekaka sa metse e e se nang banni.

7 Ke tla go romela basenyi, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe, gore ba reme mesetere e mentlentle ya gago, ba e latlhele mo molelong.

8 “Jaanong e tla re fa ditšhaba tse dintsi di feta fa motseng o, di botsana di re: ‘Motse o mogolo o Morena o o diretse jalo ka ntlhaang?’

9 di bolelelwe go twe: ‘Ke ka gore ba ne ba tlogetse kgolagano ya Morena, Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ”


Ka ga kgosi Sadume

10 Se leleleng moswi, se mo hutsafaleleng! Bogolo lelelang yo o tsamaileng! Gonne ga a kitla a tlhola a boa, le e seng go bona lefatshe la ga gabo gape.

11 Gonne Morena o bua jaana ka ga Sadume, morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busang boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o tlogileng mono, a re: “Ga a kitla a tlhola a boela kwano.

12 Mme o tla swela mo felong kwa ba mo isitseng teng mo botshwarong; ga a kitla a tlhola a bona lefatshe leno.”


Ka ga kgosi Joyakime

13 “A tatlhego ya gagwe wee yo o agang ntlo ya gagwe ka bokgopo le matlwana a gagwe a a tlhatlaganyeng ka tshiamololo, yo o direlwang ke mongwe-ka-ene lefela, a sa mo nee tuelo ya gagwe.

14 Yo o reng, ke tla ikagela ntlo e kgolo le matlwana a a kwa godimo a a atlhameng; yo o itirelang difenstere tse dikgolo, a e manega dipati tsa mesetere, a e hubitsa ka letsoku.

15 A o ithaya o re, ke jona bogosi, fa o tlhoafala go aga ka mesetere? Rraago a ga a ja, a ga a nwa? Mme a dira ka tshiamo le ka molao; ka moo a phela sentle.

16 O ne a atlholela mmogisegi le mohumanegi ka tshiamo; ka moo ga phelwa sentle. A ga se gona go nkitse?” go botsa Morena.

17 “Mme matlho a gago le pelo ya gago di batla kgwebo ya gago ya tshiamololo fela, le go tsholola madi a a se nang molato, le go gatelela le go patika.”

18 Ke gona ka moo Morena o buang jaana ka ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, a re: “Ga ba kitla ba mo hutsafalela ba re: ‘Ijoo, morwa-rraetsho!’ Gongwe: ‘Ijoo, kgaitsadia-rona!’ Ga ba kitla ba mo lelela ba re: ‘Ijoo, morena!’ Gongwe: ‘Ijoo, kgalalelo ya gagwe!’

19 O tla fitlhwa jaaka go epelwa esele; ba tla mo goga fa fatshe, ba mo latlhela kgakala le dikgoro tsa Jerusalema.”


Ka ga Mošate

20 “Tlhatlogela kwa godimo ga Lebanone o goe; o utlwatse lentswe mo Basane! Ee, goa o le mo dithabeng tsa Abarime, gonne baratiwa botlhe ba gago ba robagantswe.

21 Ke buile nao, fa o sa ntse o phela sentle, mme wa re: ‘Ga ke rate go utlwa.’ Ke ona mokgwa wa gago go tswa bonyaneng jwa gago: O ne o ntse ò sa utlwe lentswe la me.

22 Phefo e tla gogola badisa botlhe ba gago, baratiwa ba gago ba tla ya mo botshwarong. Ee, foo o tla tlhajwa ke ditlhong, o swaba ka ntlha ya bosula jotlhe jwa gago.

23 Wena yo o ntseng mo Lebanone, yo o ikagetseng sentlhaga mo mesetereng, o tla tlhomola pelo jang, fa o tlelwa ke metlotsedi, fa o le botlhokong jaaka mosadi yo o belegang.


Ka ga kgosi Gonya

24 “Ka bophelo jwa me,” go bua Morena, “le fa Gonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, e ka bo e le palamonwana e e kanang mo seatleng sa me se se jang, ke tla go somola,

25 ke go neela mo diatleng tsa ba ba ratang go go bolaya, mo diatleng tsa ba o ba boifang, e bong mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa Bakalatea.

26 Mme wena le mmaago yo o go belegeng ke tla lo latlhela kwa lefatsheng le sele le lo sa tsalelwang mo go lone; lo tla swela teng.

27 Mme lefatshe le ba tlhologeletsweng go boela kwa go lone ga ba kitla ba boela gona.”

28 A Gonya, monna yoo, ke sebopiwa se se nyatsegang se se pšhwetlakanngwang? Gongwe a ke nkgo e e sa kgatlheng ope? Ke ka ntlhaang, fa ene le ba losika lwa gagwe ba konopelwa, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng?

29 Ao! Lefatshe! Lefatshe! Lefatshe! Utlwa Lefoko la Morena!

30 Morena o buile a re: “Kwalang ka ga monna yoo lo re: ‘Ga a na bana; ga se monna yo o tlhogonolo mo malatsing a gagwe. Gonne ga go na ope wa losika lwa gagwe yo o tla bonang letlhogonolo la go nna mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, la go busa Juta gape.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan