Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 20 - Setswana 1970


Jeremia o bogisiwa ke Phašure, mookamedi wa Tempele

1 Jaanong morwa moperesiti Imere, e bong Phašure, yo e neng e le mookamedi yo mogolo wa Ntlo ya Morena, a utlwa Jeremia a rera mafoko ao.

2 Foo Phašure a itaya moporofeti Jeremia, a mo kudupanya ka go mo golegela mo dikoteng tse di mo kgorong e e godimo ya Benyamene e e gaufi le Ntlo ya Morena.

3 Mme ya re ka moso Phašure a ntsha Jeremia mo kgolegelong eo, Jeremia a mo raya a re: “Morena ga a tlhole a go bitsa Phašure, mme o tla go bitsa ‘Therego-tikologong’.

4 Gonne Morena o buile jaana a re: ‘Bona, ke tla go dira moipoifi, ke go dira theregiso mo ditsaleng tsotlhe tsa gago. Ba tla wa ka tšhaka ya baba ba bone fa pele ga matlho a gago. Mme ke tla neela Bajuta botlhe mo seatleng sa kgosi ya Babele gore e ba ise mo botshwarong kwa Babele, e ba reme ka tšhaka.

5 Mme maruo otlhe a motse o le dithoto tsotlhe tsa ona le dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwa e kgolo tsa ona, le mahumo otlhe a dikgosi tsa Juta ke tla di neela mo diatleng tsa baba ba bone; ba tla di thopa, ba di tsaya, ba di isa kwa Babele.

6 Le wena Phašure le baagi botlhe ba ntlo ya gago lo tla ya mo botshwarong; o tla goroga kwa Babele, o swela gona, o fitlhwa gona, wena le ditsala tsotlhe tsa gago tse o di reretseng maaka.’ ”


Jeremia o lela ka ga morwalo o o makete wa tiro ya boporofeti

7 Morena, ò nkgonne, ka ineela; ò no o le thata bogolo go nna, wa mphenya. Ke fetogile yo o tshegwang letsatsi lotlhe; botlhe ba a ntshotla.

8 Gonne ka nako nngwe le nngwe, fa ke bua, ke na le go goa le go kua ke re: “Kgatelelo le tshenyo!” Gonne Lefoko la Morena le mphetogetse kgobo le tshotlo ka malatsi otlhe.

9 Jaanong fa ke re: “Ga nkitla ke tlhola ke mo gopola le e seng go bua mo leineng la gagwe,” foo go nne jaaka molelo o o fisang mo pelong ya me, o o tswaletsweng mo marapong a me. Ke itapisitse go itshoka, mme ke paletswe.

10 Therego e mo tikologong! Gonne ke utlwetse ba bantsi ba ntsheba ba re: “Mmegeng, re rata go mo teba.” Batho botlhe ba ba phelang le nna ka kagiso ba lalela phoso ya me. Ba re: “Ka gongwe o tla raelega gore re mo fenye, re mo ipusolosetse.”

11 Mme Morena o na le nna a le senatla se se boitshegang; ka moo ba ba ntebelang ba tla wa, ba sa fenye. Ba tla tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo, gonne ga ba a kgona sepe. Ke kgala e e sa khutleng e e sa lebalweng.

12 Wena Morena wa masomosomo yo o tlhatlhobang mosiami, yo o bonang diphilo le pelo, nte ke bone pusoloso ya gago mo go bone, gonne ke go neetse kgang ya me ka go go ikanya.

13 Opelelang Morena! Tumisang Morena! Gonne o pholositse bophelo jwa mohumanegi mo diatleng tsa ba ba pelompe.

14 A go rogakwe letsatsi le ke tsetsweng ka lone! A letsatsi le mmê o mpelegeng ka lone le se ka la tshegofadiwa!

15 A go rogakwe monna yo o neng a begela rre mafoko a boitumelo a re: “O tsaletswe ngwana wa mosimane!” yo o neng a mo itumedisa thata.

16 A monna yoo a nne jaaka metse e Morena o kileng a e ribegetsa, a sa e utlwele botlhoko! A a utlwe go goa mo mosong le mokgosi wa ntwa motshegare,

17 ka a se ka a mpolaela mo mmeleng wa ga mmê! Foo mmê e ka bo e le phupu ya me; foo o ka bo a le moimana ka bosakhutleng.

18 Kana ke ne ke tsalelwang gore ke bone tapisego le bohutsana, mme malatsi a me a fete ka ditlhong?

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan