Yeremie 2 - Setswana 1970Modimo o tlhokomela Baiseraele 1 Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: 2 “Yaa o rere mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: “ ‘Morena o bua jaana a re: Ke gakologelwa bopelonomi jwa bošwa jwa gago le lorato lwa gago, fa o sa ntse o beeletswe, o ntatela mo sekakeng, mo nageng fa go sa jwalweng teng. 3 Iseraele o ne a itshepetse Morena, e le letlhafula la kotulo ya gagwe. Botlhe ba ba neng ba le ja ba dira molato; tatlhego ya ba wela.’ Morena o buile jalo.” Molato wa Baiseraele ba pele 4 Utlwang lefoko la Morena, ba ntlo ya ga Jakobe, le lona ditso tsotlhe tsa ntlo ya Iseraele! 5 Morena o bua jaana a re: “Borraeno ba ne ba bonye molato ofe mo go nna, fa ba nkatoga, ba latela medimo ya boithamako, mme ba fetoga boithamako ka bosi? 6 Ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re etelela pele mo sekakeng, mo nageng e e senya ya mangope, mo nageng ya komelelo, ya lefifi le le kwenneng, mo nageng e e sa ralalweng ke ope, kwa batho ba sa nneng teng?’ 7 Ke lo tlisitse mo lefatsheng la masimo a ditlhare tse di ungwang gore lo je maungo a lone le dijo tse di molemo tsa lone. Mme e rile lo sena go tsena, lwa itshepolola lefatshe la me, lwa fetola boswa jwa me maila. 8 Baperesiti ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae?’ Baokamedi ba molao ba ne ba sa nkitse; badisa ba ikepa mo go nna; baporofeti ba rera ka ga Baale, ba latela medimo e e sa thuseng sepe. Tsheko ya Morena le morafe wa gagwe 9 “Ka moo ke tla seka gape le lona,” go bua Morena; “ke tla seka le bana ba bana ba lona. 10 Tshelelang kwa ditlhakatlhakeng tsa Bakhithime, lo tlhole; romang kwa Ketare, lo tlhokomele thata, lo bone gore, a tse di ntseng jaana di kile tsa dirafala? 11 A setšhaba se kile sa ananya medimo ya sona, le fa yona e se medimo? Mme morafe wa me o anantse kgalalelo ya ona ka ntlha ya dilo tse di sa thuseng sepe. 12 Lona magodimo, silofalang ka ntlha ya tseo, lo sisimoge, lo rerege thata!” Go bua Morena. 13 “Gonne morafe wa me o dirile masula a mabedi: Ba ntlogetse ke le motswedi wa metsi a a phelang, ba ya ba ikgabela dikgatampi, e leng dikgatampi tse di phanyegileng, tse di sa tshwareng metsi. Boikanyologo jwa Baiseraele 14 “A Iseraele ke lekgoba? Gongwe a o tsaletswe mo bokgobeng? Ke ka ntlhaang, fa a thopilwe? 15 Ditau di ne tsa mo rorela, tsa utlwatsa modumo wa tsona. Tsa fetola lefatshe la gagwe sekaka, tsa senya metse ya gagwe, ya nna marope fela a a se nang moagi. 16 Batho ba Nofe le ba Thagephanese le bone ba tla go kuta tlhogo. 17 A ga o a itirela tseo ka wesi ka go tlogela Morena, Modimo wa gago, motlhang a go tsamaisang mo tseleng? 18 Jaanong go ya kwa Egepeto le go nwa metsi a Nile go go thusa eng? Go ya kwa Asiria le go nwa metsi a Ferathe go go thusa eng? 19 Bosula jwa gago bo tla go otla, boikepo jwa gago bo tla go betsa. Lemoga o bone gore ke botlhoko jo bo galakang, fa o tlogela Morena, Modimo wa gago, o sa mpoife, go bua Morena, Modimo wa masomosomo. Baiseraele ba gana go obamela Morena 20 “Gonne ga o bolo go roba joko ya gago le go kgaola dikgole tsa gago wa re: ‘Ga ke rate go go direla.’ Gonne o ntse o ithobatsa fatshe o le seaka mo dithabaneng tsotlhe tse di godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala. 21 Mme nna ke ne ke go tlhomile o le moweine o montlentle, o le peo ya nnete tota. Jaanong o mphetogetse jang go nna matlhogela a moweine wa naga? 22 Ee, le fa o ka tlhapa ka molora, wa tsaya sesepa se sentsi, setshubaba sa molato wa gago se ntse se bonala fa pele ga me.” Morena Modimo o buile jalo. 23 “O ka bua jang o a re: ‘Ga ke a itshekologa, ga ke a latela boBaale’? Bona tsela ya gago mo mogorogorong, ipone se o se dirileng! O kammele e namagadi e e lemaletseng e e tlolaganyang ditsela tsa yona. 24 O esele ya nageng e namagadi e e tlwaetseng sekaka e e hupelang mowa mo keletsong e kgolo ya yona. Fa e lemaletse, ke mang yo o ka e busang? Botlhe ba ba e batlang ga ba na go itapisa. Ba tla e bona fela mo kgweding ya yona. 25 Thibela dinao tsa gago gore ditlhako tsa gago di se ka tsa tšhomoga, le mometso wa gago gore o se ka wa oma. Mme o a re: ‘Ga go kgonege! Nnyaya! Kana ke rata baeng, ke tla ba latela.’ Baiseraele ba tshwanetswe ke petso 26 “Legodu le tlhajwa ke ditlhong, fa le tshwarwa; Baiseraele ba tla tlhajwa ke ditlhong jalo, bone le dikgosi tsa bone le dikgosana tsa bone le baperesiti ba bone le baporofeti ba bone; 27 ba ba rayang kota ba re: ‘O rraetsho!’ le lefika ba re: ‘O re tsetse!’ Gonne ba nkhularetse, ba sa ntebe. Mme e re ba le mo tlalelong, ba bitse ba re: ‘Tsoga, o re thuse!’ 28 “Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta! 29 Ke ka ntlhaang fa lo ganetsanya le nna? Lo ikepile mo go nna lotlhe.” Morena o buile jalo. 30 “Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang. 31 Kana lona lo losika lo lo ntseng jang? Lemogang Lefoko la Morena! A ke fetogetse Iseraele sekaka gongwe lefatshe le lentsho? Ke ka ntlhaang fa batho ba me ba re: ‘Re a itaola. Ga re kitla re tlhola re boela kwa go wena.’ 32 A lekgarebe le lebala mokgabo wa lone? A monyalwa o lebala moitlamo wa gagwe? Mme batho ba me ga ba bolo go ntebala, e setse e le malatsi a a se nang palo. 33 Tsela ya gago ya go batla lorato, o e itse sentle jang! Ke ka moo o itlwaeditseng tse di kgopo mo tsamaong ya gago. 34 Le gona go fitlhetswe madi a bahumanegi ba ba se nang molato mo mejeng ya diaparo tsa gago, Iseraele, ba o sa ba fitlhelang ba thuba ntlo. “Mme le fa go ntse jalo, 35 wena o a re: ‘Ga ke na molato; kana bogale jwa gagwe bo boile mo go nna.’ ” Mme Modimo o a re: “Bona, ke tla go sekisa ka ntlha ya puo ya gago e e reng: ‘Ga ke a leofa.’ 36 Ke ka ntlhaang, fa o fetola tsela ya gago ka botlhofo fela? Egepeto le ene o tla go tlhabisa ditlhong jaaka Asiria a go tlhabisitse ditlhong. 37 Le ene Egepeto o tla mo tlogela o ithwele megono; gonne Morena o ba latlhile ba wena o ba ikanyang. Ga o na o bona tlhogonolo epe ka bone. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa