Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 18 - Setswana 1970


Thuto ya mmopi wa dipitsa

1 Lefoko le le tsileng kwa go Jeremia le tswa mo Moreneng la re:

2 “Nanoga ò fologele kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa! Ke tla go utlwisa mafoko a me gona.”

3 Ka fologela kwa ntlong ya mmopi wa dipitsa, ka fitlhela a direla tiro mo leotwaneng le le dikologang.

4 Ka bona nkgo e a e bopang e senyega, jaaka letsopa le a tle le senyegele mo diatleng tsa mmopi; a ba a bopa nkgo e sele gape ka lone jaaka mmopi a fitlhela go mo siametse go e bopa.

5 Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go nna le re:

6 “A ga ke a nonofa go dira ka lona Baiseraele jaaka mmopi yo?” go botsa Morena. “Bonang, lona Baiseraele lo mo diatleng tsa me jaaka letsopa le le mo diatleng tsa mmopi.

7 Ka ponyo ya leitlho nka bôpa go kumola setšhaba le bogosi le go di rutla le go di nyeletsa.

8 Mme fa setšhaba seo se ke se bopetseng tatlhego, se boa mo bosuleng jwa sona, foo le nna ke tla thibela tatlhego e ke neng ke ikaeletse go se isa mo go yona.

9 Ka ponyo ya leitlho nka solofetsa setšhaba le bogosi go di aga le go di tlhoma.

10 Mme fa se dira tse di bosula mo matlhong a me, se sa utlwe lentswe la me, ke tla ithibela mo go tse di molemo tse ke ne ke rile, ke tla di se direla.

11 Mme jaanong a ko o ree banna ba Juta le baagi ba Jerusalema o re: ‘Morena o bua jaana a re: Bonang, ke lo etleeletsa tatlhego, ke lo logela maano a go lo otla. Boang tlhe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditsela tsa lona le ditiro tsa lona!’

12 Mme ba re: ‘Ga re ka ke! Nnyaya! Re tla latela megopolo ya rona. Mongwe le mongwe o tla dira ka fa logwading lwa pelo e e bosula ya gagwe.’ ”


Morafe o gana go utlwa Morena

13 Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: “A ko lo botse mo ditšhabeng lo re: ‘Ke mang yo o setseng a utlwile dilo tse di ntseng jaana?’ Lekgarebe la Iseraele le dirile dilo tse di boitshegang thata.

14 A semathana se sesweu se ka gakologa mo lentsweng la thaba ya Heremone? Gongwe a metsi a a maruru a a ntseng a ela a mafatshe a mangwe a ka tšha?

15 Le fa go ntse jalo, batho ba me ba ntebetse, ba fisetsa medimo ya boithamako maswalo e e ba kgopisang mo ditseleng tsa bone, mo ditselaneng tsa kgale gore ba tsamae mo mebileng le mo ditseleng tse di sa baakanngwang

16 gore ba fetole lefatshe la bone theregiso le tshotlego e e sa khutleng. Mongwe le mongwe yo o le ralalang o tla rerega thata, a thukhutha tlhogo.

17 Ke tla ba falatsa fa pele ga mmaba jaaka phefo ya botlhabatsatsi, ke ba lebisa motlhana, e seng sefatlhego, ka letsatsi la tatlhego ya bone.”


Ba logela Jeremia maano

18 Ke fa ba re: “Tlayang, a re logeleng Jeremia maano! Gonne thuto ya moperesiti ga e nke e tlhokafala, le e seng kgakololo ya yo o botlhale, le e seng lefoko la moporofeti. Tlayang, a re mo iteeng ka loleme, mme re se ka ra tlhokomela lefoko lepe la gagwe!”

19 Morena, nkele tlhoko, ò utlwe puo ya ba ba lwang le nna!

20 A tse di molemo di na le go lefelwa ka tse di bosula? Gonne ba epetse bophelo jwa me gopo. Gopola gore ke eme fa pele ga gago gore ke bue tse di molemo ka ga bone, gore ke fapose bogale jwa gago mo go bone.

21 Ka moo, bolaisa bomorwaa-bone tlala, o ba neele mo polaong ya tšhaka! A basadi ba bone ba thukhuthwe bana, ba nne batlhologadi! A banna ba bone ba bolawe ke leroborobo, mme makau a bone a rengwe ka tšhaka mo tlhabanong!

22 A go goa go utlwale mo matlong a bone! Ee, a lekoko la babolai le ba tlhasele ka tshoganyetso! Gonne ba epile gopo go ntshwara, ba thaisa maoto a me ka diru.

23 Mme Morena, wena ò itse maikaelelo otlhe a bone a go mpolaya. Se ba itshwarele molato wa bone! Se phimole boleo jwa bone fa pele ga gago! A ba namalale fa pele ga gago ba digilwe! O ba direle jalo ka sebaka sa bogale jwa gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan