Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 17 - Setswana 1970


Maleo a Bajuta. Petso ya bone

1 “Boleo jwa Juta bo kwadilwe ka sekwadi sa tshipi, jwa gwaiwa ka ntlha ya taemane mo matlapeng a dipelo tsa bone le mo dinakeng tsa dialetare tsa bone,

2 jaaka bana ba bone ba gopola dialetare le medimako ya Ašera ya bone fa ditlhareng tse ditala le mo mebotong e e godimo.

3 Thaba ya me e e mo nageng le di-tsa-gago le mahumo otlhe a gago, ke di neela go thopiwa mmogo le dithota tsa tlhabelo tsa gago ka ntlha ya boleo jo bo mo nageng yotlhe ya gago.

4 Mme ò tla latlhegelwa ke boswa jwa gago – jo ke bo go neileng – ka molato wa gago. Ke tla go dira motlhanka wa baba ba gago mo lefatsheng le ò sa le itseng. Gonne lo tshubile molelo wa bogale jwa me o o tukang ka bosakhutleng.”


Dipolelo tse di farologanang

5 Morena o buile jaana a re: “Go hutsitswe monna yo o ikanyang batho, yo o dirang motho letsogo la gagwe, yo pelo ya gagwe e fapogang mo Moreneng!

6 O tla nna jaaka setlhatshana mo sekakeng, a sa bone, fa molemo o tla; o tla aga mo motlhabeng o o bolelo wa sekaka, le mo nageng ya dikgalaopa, fa go sa nneng ope.

7 “Go tshegofaditswe monna yo o ikanyang Morena, yo o ikaegang ka Morena fela!

8 O tla tshwana le setlhare se se tlhomilweng fa metsing, se se namang medi fa nokeng. Ga se boife, le fa go tla bolelo; matlhare a sona a ntse a le matala. Le mo ngwageng wa komelelo ga se kitla se tshwenyega le e seng go khutla go ungwa.

9 “Pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e senyegile tota; ke mang yo o ka e tlhaloganyang?

10 Ke nna Morena yo ke tlhotlhomisang pelo, ke lekang diphilo gore ke nee mongwe le mongwe ka fa tsamaong ya gagwe le ka fa maungong a ditiro tsa gagwe.”

11 Motho yo o phuthang khumo ka tshiamololo o tshwana le lesogo le le thuthusang mae a e seng a lone. O na le go e tlogela mo gare ga malatsi a gagwe; mme la bofelo o tla nna lesilo fela.

12 Felo-ga-Boitshepo ga rona ke sedulo sa bogosi se se galalelang, se se goditsweng go tswa tshimologong.

13 Morena, ò tsholofelo ya Iseraele. Botlhe ba ba go tlogelang ba tla tlhajwa ke ditlhong. Ba ba fapogang mo go nna, ba tla kwalwa fa fatshe. Gonne ba tlogetse motswedi wa metsi a a phelang, e leng Morena.


Jeremia o kopa thuso mo go Morena

14 Mphodise, Morena, foo ke tla fola! Mpholose, foo ke tla phologa! Gonne ke wena yo ke go bakang.

15 Bona, ba nthaya ba re: “Lefoko la Morena le kae? A le ke le tle!”

16 Kana ga ke a thoba mo tirong ya go go disetsa; ga ke a ka ka tlhologelelwa letsatsi la tatlhego, go itse wena! Tse di duleng mo molomong wa me di ne di le fa pele ga sefatlhego sa gago.

17 Se mphetogele yo o ntshosang, wena botshabelo jwa me mo letsatsing la tatlhego.

18 Ba ba mpogisang a ba tlhajwe ke ditlhong, mme e seng nna! A bone ba rerege, mme e seng nna! Fitlhisa letsatsi la tatlhego mo go bone, o ba thubaganye ka tshenyo di le pedi!


Itshepiseng letsatsi la Sabata!

19 Morena o ntheile jaana a re: “Yaa ò eme mo kgorong ya batho ba morafe e dikgosi tsa Juta di tsenang le go tswa ka yona, ee, le mo dikgorong tsotlhe tsa Jerusalema,

20 ò ba ree ò re: ‘Utlwang Lefoko la Morena, lona dikgosi tsa Juta le Bajuta botlhe le baagi ba Jerusalema botlhe ba lo tsenang ka dikgoro tse:

21 Morena o bua jaana a re: Itiseng ka ntlha ya maphelo a lona gore lo se ka lwa rwala morwalo ope le e seng go tsena ka ona mo dikgorong tsa Jerusalema ka letsatsi la Sabata!

22 Le gona lo se ka lwa ntsha morwalo mo matlong a lona ka letsatsi la Sabata le e seng go dira tiro epe, mme lo itshepise letsatsi la Sabata, jaaka ke laetse borraeno.

23 Mme ga ba a ka ba utlwa, le e seng go sekega ditsebe, mme ba gagamatsa melala ya bone gore ba se ka ba utlwa, le e seng go amogela kgalemelo.’ ”

24 Jaanong Morena a re: “ ‘E tla re fa lo nkutlwa tota, gore lo se ka lwa tsenya morwalo ka dikgoro tsa motse o ka letsatsi la Sabata; fa lo itshepisa letsatsi la Sabata, gore lo se ka lwa dira tiro epe ka lone,

25 foo dikgosi le dikgosana tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita di tla tsena ka dikgoro tsa motse o, di palame dikoloi le dipitse, tsona le dikgosana tsa tsona le banna ba Juta le baagi ba Jerusalema, mme batho ba tla nna mo motseng o ka bosakhutleng.

26 E bile ba tla tswa mo metseng ya Juta le mo tikologong ya Jerusalema le kwa lefatsheng la Benyamene le kwa nageng e e kwa tlase le kwa dithabeng le kwa borwa, ba ba tlisang setlhabelo sa phiso le se se jewang le tshupelo ya dijo le maswalo, le ba ba tlisang setlhabelo sa tebogo kwa Ntlong ya Morena.

27 Mme e tla re fa lo sa nkutlwe, lo sa itshepise letsatsi la Sabata, fa lo rwala morwalo le go tsena ka ona mo dikgorong tsa Jerusalema ka letsatsi la Sabata, foo ke tla tshuba molelo mo dikgorong tsa gagwe o o tla nyeletsang matlo a borena a Jerusalema, o o sa ka keng wa tingwa ka gope.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan