Yeremie 14 - Setswana 1970Lefoko la Modimo mo komelelong le mo tlalelong ya ntwa 1 Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Jeremia ka ntlha ya komelelo e kgolo la re: 2 “Juta o a hutsafala, ba bolawa ke lenyora mo metseng ya gagwe, ba ntse fa fatshe ka bohutsana; selelo sa Jerusalema se a tlhatloga. 3 Batlotlegi ba bone ba roma badiredi ba bone kwa metsing; ba fitlha kwa didibeng, ba sa bone metsi. Ba boa ka dinkgo tsa bone tse di se nang sepe, ba swabile, ba tlhajwa ke ditlhong, ba ikhurumeditse ditlhogo. 4 E re ka masimo a senyegile ka ntlha ya pula e e sa nang mo lefatsheng, balemi ba swabile, ba ikhurumeditse ditlhogo. 5 Ee, le tshephe mo nageng e tlogela ngwana, e sena go tsala; gonne ga go na bojang. 6 Diesele tsa nageng di eme mo dithabaneng tse di iphotlhereng, di hupa mowa jaaka diphokojwe, di bokaletse matlho, gonne ga go na mafulo. 7 ‘Morena, le fa melato ya rona e supa ka ga rona, thusa, o dire jalo ka ntlha ya leina la gago; ee, boikepo jwa rona bo bogolo, re go leofetse. 8 Wena tsholofelo ya Iseraele, wena mothusi wa gagwe mo sebakeng sa tlalelo, ke ka ntlha ya eng, fa o tshwana le moeng fela mo lefatsheng, le moeti yo o lalang fela, a ba a feta? 9 Ke ka ntlhaang, fa o tshwana le monna yo o feletsweng ke maano, fa o tshwana le seganka se se sa itseng go thusa? Kana ò na le rona, Morena! Re biditswe ka leina la gago. Se re tlogele!’ ” 10 Morena o bua jaana ka ga morafe o a re: “Ba ratile go kgarakgatshega jalo, ba sa thibele maoto a bone; ka moo ga ba a ka ba kgatlha Morena. Jaanong o tla gakologelwa melato ya bone, a ba beletsa maleo a bone.” 11 Mme Morena a nthaya a re: “Se rapelele morafe o, go fiwa tse di molemo. 12 Le fa ba ka itima dijo, ga nka ke ka utlwa mekokotlelo ya bone; le fa ba ka tlisa setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo, ga nka ke ka ba itumelela; mme ke tla ba feleletsa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.” 13 Ka araba ka re: “Ao! Morena Modimo, bona, baporofeti ba bone ba ba raya ba re: ‘Ga lo kitla lo bona tšhaka le e seng tlala, gonne ke tla lo naya kagiso e e tlhomameng mo felong fano.’ ” 14 Mme Morena a nthaya a re: “Tse baporofeti ba di rerang mo leineng la me ke maaka fela. Ga ke a ba roma le e seng go ba laela sepe le e seng go bua nabo. Ba lo rerela dipono tsa maaka le boitseanape jwa boithamako le tsietso ya dipelo tsa bone.” 15 Bakeng leo Morena o bua jaana a re: “Baporofeti ba ba rerang mo leineng la me, le fa ke sa ba roma, ba ba buang ba re: ‘Tšhaka le tlala ga di na go tsena mo lefatsheng le’ – baporofeti bao ba tla nyelela ka tšhaka le ka tlala. 16 Mme morafe o ba o rerelang o tla latlhelwa mo mebileng ya Jerusalema o bolailwe ke tlala le tšhaka, go se na ope yo o ba fitlhang, bone basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. Ke tla goromeletsa bokgopo jwa bone jalo mo go bone. 17 Jaanong o ba bolelele lefoko le o re: “ ‘Matlho a me a ela dikeledi bosigo le motshegare, ga a na go khutla! Gonne lekgarebe, morwadia morafe wa me o kgobegile ka tatlhego e kgolo, a tswa ntho e e sa foleng. 18 Fa ke tswela kwa nageng, ke fitlhela ba ba phololeditsweng ka tšhaka; fa ke tsena mo motseng, ke bona matlhoko a tlala. Ee, moporofeti le moperesiti le bone ba kgarakgatshega mo lefatsheng, ba sa tlhole ba itse sepe.’ ” Bajuta ba seka le Modimo 19 A ò latlhetse Juta ruri? Gongwe a Sione o tenne Mowa wa gago? Ke ka ntlhaang, fa ò re otlile mo go se nang kalafo? Re ne re lebeletse kagiso, mme ga go na sepe se se molemo; le sebaka sa kalafo, mme re fitlhela letshogo fela. 20 Morena, re ipona boikepo jwa rona le molato wa borraetsho; ee, re go leofetse. 21 A ko ò se ka wa re nyatsa ka ntlha ya leina la gago! Se tlotlolole sedulo sa bogosi sa kgalalelo ya gago! Gopola kgolagano e ò e dirileng le rona; ò se ka wa e senya. 22 A go na le medimo ya baheitane e e nesang pula? Gongwe a legodimo le ka nesa pula ka bolone? A ga se wena Morena, Modimo wa rona? Re lebeletse wena, gonne ò dira dilo tse tsotlhe tse. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa