Yeremie 12 - Setswana 1970Ke ka ntlhaang, fa baikepi ba bona letlhogonolo? 1 Morena, o tshiamo fa ke seka nao. Fela ke batla go go botsa kgang ya tsheko ke re: Ke ka ntlhaang, fa tsela ya baikepi e le letlhogonolo? Fa botlhe ba ba dirang ka bolotsana ba phela ba iketlile? 2 O ba tlhomile, ba bile ba namile medi; ba a gola, le gona ba ungwa maungo. O gaufi mo melomong ya bone, mme o kgakala le dipelo tsa bone. 3 Mme wena Morena, o a nkitse, o a mpona; o tlhatlhoba pelo ya me gore e go lebile jang. – Ba swatolele kwa tlhabong jaaka dinku! Ba tlhaolele letsatsi la polao! 4 Lefatshe le tla hutsafala le morogo wa naga yotlhe o tla omelela go fitlha leng? Diphedi le dinonyane di nyelela ka ntlha ya bokgopo jwa ba ba agileng mo go lone. Gonne ba re: “Ga a kitla a bona bokhutlo jwa rona.” 5 Morena a mo araba a re: “Fa o siana le ba ba tsamayang ka maoto, ba a go lapisa. Jaanong o ka phadisanya jang le dipitse? Fa o sa iketle mo lefatsheng la kagiso, o tla dira eng mo sekgweng se segolo sa Joretane? 6 Ee, bomorwa-rraago le ba ntlo ya ga rraago le bone ba go diretse ka bolotsana. Le bone ba a go kgoba, o sena go ba hularela. O se ka wa ba ikanya, le fa ba bua tse di molemo nao!” Selelo sa Modimo 7 “Ke tlogetse Ntlo ya me, ka tlhoboga boswa jwa me; moratiwa wa mowa wa me ka mo neela mo diatleng tsa baba ba gagwe. 8 Boswa jwa me bo mphetogetse tau e e mo sekgweng e e mpôpelang; ka moo ka bo tlhoa. 9 A boswa jwa me ke morubisi o o mebalabala o bomankgodi ba o tlhaselang go tswa ntlheng tsotlhe? Tlayang lo kgobokanye dibata tsotlhe tsa naga! A di tle dijong! 10 Badisa ba bantsi ba sentse tshimo ya me ya moweine; ba gatakile boswa jwa me, ba tubaka tshimo e ke e itumelelang; 11 ba e fetola sekaka. E a nkhutsafalela e le senya. Lefatshe lotlhe le ntshitswe sekaka, gonne ga go na ope yo o tsibogang pelo. 12 Basenyi ba fitlhile mo dithabaneng tsotlhe se di iphotlhereng tsa naga. Gonne tšhaka ya Morena e ntse e ja lefatshe lotlhe, go tswa mo ntlheng e nngwe go ya mo ntlheng e nngwe, go se na motho ope yo o leng mo kagisong. 13 Ba jwetse mabele, ba roba mitlwa. Ba itapisitse, mme go sa ba thuse sepe. Tlhajwang ke ditlhong ka kotulo ya lona ka ntlha ya bogale jo bo tukang jwa Morena.” Mafoko a Modimo ka ga merafe e e bapileng le Baiseraele 14 Morena o buile jaana a re: “Merafe yotlhe e e bapileng le nna e e bosula e e amang boswa jo ke bo abetseng Iseraele, morafe wa me, bonang, ke tla e kumola mo dinageng tsa yona, le Bajuta ke tla ba kumola mo gare ga yona. 15 Mme e tla re ke sena go e kumola, ke e tlhomogele pelo gape, ke e busetse, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa ona le mongwe le mongwe kwa lefatsheng la ona. 16 Mme e tla re fa ba ithuta ditsela tsa morafe wa me tota gore ba ikane ka leina la me ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena!’ jaaka ba rutile morafe wa me go ikana ka Baale, foo ba tla agisiwa mo gare ga morafe wa me. 17 Mme fa ba gana go utlwa, morafe o o ntseng jalo ke tla o kumolela ruri, ke o nyeletsa.” Morena o buile jalo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa