Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 10 - Setswana 1970


Modimo wa boammaaruri le medimo ya boithamako

1 Lona Baiseraele, utlwang lefoko le Morena a le buang le lona!

2 Morena o buile jaana a re: “Se itlwaetseng mokgwa wa baheitane; se tshogeng ditshupo tsa legodimo, le fa baheitane ba di tshoga!

3 Gonne dithulaganyo tsa merafe ke boithamako fela, ka ba rema setlhare mo sekgweng go dira modimo. Ke selo se diatla tsa setswerere di se dirang ka selepe.

4 Ba se kgabisa ka selefera le gouta; ba se kokotela ka dimapo le noto gore se se ka sa reketla.

5 Medimo e, e tshwana le setshosa se se mo tshimong ya diphare; ga e itse go bua. Ee, e na le go rwalwa, ka e sa itse go tsamaya. Se e boifeng, gonne ga e itse go lo senyetsa; le gona ga e itse go direla ope molemo.”

6 Ga go na ope yo o tshwanang nao, Morena; o mogolo, le leina la gago le legolo ka bonatla.

7 Ke mang yo o sa tshwanelang go go boifa, wena kgosi ya ditšhaba? Kana ke se se go tshwanetseng! Gonne mo matlhaleng otlhe a ditšhaba le mo dipusong tsotlhe tsa tsona ga go na ope yo o tshwanang nao.

8 Mme botlhe bao ke dieleele fela tse di silofetseng. Ke yona thuto ya medimo e sele, e e leng dikota fela.

9 Selefera e e papetlilweng ba e tsere kwa Tharesise, le gouta kwa Ufase. Medimo ke tiro ya setswerere le ya diatla tsa mogakolosi. Masela a mabududu le a mahibidu ke diaparo tsa yona. Yotlhe ke tiro ya batlhalefi fela.

10 Mme Morena ke Modimo wa boammaaruri; ke Modimo o o phelang, ke kgosi e e sa khutleng. Lefatshe le roroma ka ntlha ya bogale jwa gagwe. Ditšhaba di palelwa ke go itshokela kgalefo ya gagwe.

11 Buang jaana ka ga yona lo re: “Medimo e e sa dirang legodimo le lefatshe e tla nyelela e tswa mo lefatsheng le fa tlase ga legodimo leno.”


Sefela sa pako ya Modimo

12 Ke Morena yo o dirileng lefatshe ka thata ya gagwe, a le tlhomamisa ka botlhale jwa gagwe; le gona o tsharolotse legodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.

13 Fa a utlwatsa kodu ya gagwe, metsi a suma kwa legodimong; o tlhatlosa mouwane kwa dikhutlong tsa lefatshe, a direla pula dikgadima, a fokisa phefo e tswa mo dipolokelong tsa gagwe.

14 Motho mongwe le mongwe o silofetse, ga a na kitso; mothudi wa gouta mongwe le mongwe modimo wa seseto o mo tlhabisa ditlhong. Gonne ditshwantsho tse a di bopileng ke maaka fela; ga di na mowa mo go tsona.

15 Ke medimo ya boithamako fela, ke tiro e e sotlegang; e nyelela ka sebaka se e sekisiwang ka sona.

16 Mme yo e leng kabelo ya ga Jakobe ga a tshwane le yona; gonne ke ene yo o bopileng dilo tsotlhe, mme Iseraele ke lotso lo e leng boswa jwa gagwe. Morena wa masomosomo ke lona leina la gagwe.


Botshwaro jo bo gaufi bo a begwa

17 Tsaya dithoto tsa gago fa fatshe, o di rwale, wena Sione yo o dikanyeditsweng ke ntwa!

18 Gonne Morena o bua jaana a re: “Bonang, ka nako e ke tla latlhela baagi ba lefatshe kwa kgakala jaaka go konopiwa ka seragamajwe; ke ba isa mo tlalelong gore ba tle ba ipone.”

19 A tatlhego ya me wee ka ntlha ya kotlo e ke otlilweng ka yona! Ntho ya me ke e e sa foleng. Mme nna ke ne ka re: “Ke bolwetse fela jo nka bo itshokelang.”

20 Tente ya me e sentswe, dithapo tsotlhe tsa me di kgaotswe. Bomorwaake ba tlogile mo go nna, ga ba yo. Ga go na ope yo o tsosang tente ya me gape, yo o tsharololang masela a yona.

21 Gonne badisa e ne e le dieleele, ba sa batle Morena. Ka moo ba ne ba tlhoka tswelelopele, mme letsomane lotlhe la bone la faladiwa.

22 Utlwelelang! Go utlwala eng? Go tla loratla lo logolo, lo tswa mo lefatsheng la bokone, e le go fetola metse ya Juta marope le dikutla tsa diphokojwe.

23 Morena, ke itse gore tsela ya motho ga e laolwe ke ene, le gore moeti ga a kgone go laola dikgato tsa gagwe.

24 Nkotle, Morena! Fela a e nne ka tekanyo, e seng ka fa bogaleng jwa gago, e se re gongwe o mpolaela ruri.

25 Baheitane ba ba sa go itseng le ditshika tse di sa bitseng leina la gago di goromeletse bogale jwa gago! Gonne di jele Jakobe, tsa mo ja, tsa mo fetsa, tsa ntsha meago ya gagwe marope.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan