Yehoshue 12 - Setswana 1970Lenaneo la dikgosi tse di fentsweng ke Baiseraele ka Moše 1 Dikgosi tsa lefatshe tse Baiseraele ba di fentseng, ba thopa lefatshe la tsona kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi go tloga fa nokeng ya Arenone go ya kwa thabeng ya Heremone le lebala lotlhe la Joretane le le ka kwa botlhabatsatsi, ke tse: 2 Ke Sihone, kgosi ya Baamori yo o neng a nna mo Hešebone; a busa go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone, le bontlhanngwe jwa molapo le bontlhanngwe jwa Gileate le go fitlha kwa nokeng ya Jaboke e e leng molelwane wa Baamone. 3 A busa lebala la Joretane go ya kwa letsheng la Khinerothe kwa botlhabatsatsi le go ya kwa Lewatleng la Lebala la Joretane kwa Lewatleng la Letswai kwa botlhabatsatsi, fa go iwang kwa Bethe-Ješimothe le kwa borwa fa tlase ga mekgokolosa ya Phiseka. 4 Ba thopa le naga ya ga Oge, kgosi ya Basane yo e neng e le wa masalela a Barefaime, yo o neng a nna mo Ašetharothe le mo Eterei. 5 A busa kwa thabeng ya Heremone le kwa Salega le mo nageng yotlhe ya Basane go ya kwa molelwaneng wa Bakesure le wa Bamaagatha le bontlhanngwe jwa Gileate go ya molelwaneng wa ga Sihone, kgosi ya Hešebone. 6 Ke bone ba Moše motlhanka wa Morena o neng a ba fenya le Baiseraele. Lefatshe leo la bone Moše, motlhanka wa Morena, o le abetse Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase go nna boswa. Dikgosi tse di fentsweng ke Jošua 7 Dikgosi tsa lefatshe tse Jošua o neng a di fenya a na le Baiseraele ka kwano ga Joretane ntlheng ya bophirimatsatsi go tloga kwa Baale-Gate mo mogorogorong wa Lebanone go ya kwa dithabeng tse di bogonoko tse di tlhatlogelang kwa Seire, ke tse: (Jaanong Jošua a le abela ditso tsa Baiseraele go nna boswa; lotso longwe le longwe lwa newa kabelo ya lone: 8 Mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase fa lewatleng le mo lebaleng la Joretane le mo mekgokoloseng le mo sekakeng le mo nageng ya borwa, e bong mo dinageng tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.) Dikgosi tsa teng ke tse: 9 Ke kgosi ya Jerigo le kgosi ya Ai yo o neng a bapile le Bethele 10 le kgosi ya Jerusalema le kgosi ya Heberone 11 le kgosi ya Jaremuthe le kgosi ya Lagiše 12 le kgosi ya Egelone le kgosi ya Gesere 13 le kgosi ya Debire le kgosi ya Getere 14 le kgosi ya Horema le kgosi ya Arate 15 le kgosi ya Lebena le kgosi ya Adulame 16 le kgosi ya Maketa le kgosi ya Bethele 17 le kgosi ya Thaphua le kgosi ya Hefere 18 le kgosi ya Afeke le kgosi ya Sarone 19 le kgosi ya Matone le kgosi ya Hasore 20 le kgosi ya Simerone-Merone le kgosi ya Agešafe 21 le kgosi ya Thaenage le kgosi ya Megito 22 le kgosi ya Keteše le kgosi ya Jokeneame kwa Karemele 23 le kgosi ya Dore kwa dithoteng tsa Dore le kgosi ya ditšhaba tsa Gilegala 24 le kgosi ya Thiresa. Dikgosi tsotlhe mmogo di ne di le 31. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa