Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 1 - Setswana 1970


Morena o laela Jošua gore Baiseraele ba ipaakanyetse go tsaya Kanana

1 Morago ga loso lwa ga Moše, motlhanka wa Morena, Morena a raya Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše, a re:

2 “Moše, motlhanka wa me o sule. Jaanong tloga o tshele noka e ya Joretane wena le morafe otlhe o, lo tsene mo lefatsheng le ke le nayang bone Baiseraele.

3 Felo gongwe le gongwe kwa dipato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng ke go lo neile jaaka ke boleletse Moše.

4 Go tloga kwa sekakeng le kwa Lebanone go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, e bong ya Ferathe – lefatshe lotlhe la Bahethe – le go fitlha kwa lewatleng le legolo le le kwa bophirimatsatsi, e tla nna naga ya lona.

5 Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela.

6 Tia o nne pelokgale; gonne lefatshe le ke le ikanetseng borraabo go le ba naya, wena o tla le abela morafe o go nna boswa jwa ona.

7 Fela o tie, o nne pelokgale thata go ela tlhoko gore o dire ka fa molaong otlhe o Moše, motlhanka wa me, a o go laetseng. Se o fapoge mo ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema gore tiro ya gago e tswelele pele sentle gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.

8 A lokwalo lo lwa molao lo se tloge mo molomong wa gago, o lo akanye bosigo le motshegare gore o ele tlhoko go dira tsotlhe ka fa di kwadilweng ka teng mo go lone; gonne foo o tla tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; foo o tla tswelela pele sentle.

9 Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne Morena, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.”


Jošua o laola Baiseraele

10 Jaanong Jošua a laola baokamedi ba morafe a re:

11 “Ralalang bothibelelo, lo laele morafe lo re: ‘Ipaakanyetseng mefago, gonne lo tla tshela Joretane yo morago ga malatsi a le mararo gore lo tsene lo thope lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo nayang gore e nne la lona.’ ”

12 Gape Jošua a raya Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase a re:

13 “Gakologelwang lefoko le Moše, motlhanka wa Morena, o le lo laetseng a re: ‘Morena, Modimo wa lona, o lo ikhutsisitse, a lo naya lefatshe le.’

14 A go sale basadi ba lona le bana ba lona le diruiwa tsa lona mo lefatsheng le Moše o le lo neileng ka kwano ga Joretane, mme lona lotlhe ba lo leng bagale ba mephato, tshelang lo etelele ba ga lona pele lo tshotse marumo, lo ba thuse,

15 go fitlhelela Morena a be a ikhutsise bomorwa-rraeno jaaka lona, mme le bone ba be ba thopile lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o tla le ba nayang. Morago ga moo lo ka boela kwa lefatsheng le e leng la lona, lwa le rua, le Moše, motlhanka wa Morena, o le lo neileng ka kwano ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi.”

16 Ba araba Jošua ba re: “Re tla dira tsotlhe tse o di re laelang; re tla ya gongwe le gongwe kwa o re romang teng.

17 Re tla go utlwa mo dilong tsotlhe fela jaaka re utlwile Moše. Fela a Morena, Modimo wa gago, a nne nao jaaka a ne a na le Moše.

18 Mongwe le mongwe yo o ganetsang se o se bolelang, a sa utlwe mafoko a gago mo go tsotlhe tse o di re laelang, a a bolawe! Fela tia, o nne pelokgale.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan