Tshenolo 18 - Setswana 1970Go wa ga Babilone le selelo sa lefatshe 1 Morago ga dilo tseo ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong, a na le thata e kgolo, lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe. 2 A kua ka lentswe le legolo a re: “O ole, o ole, Babilone yo mogolo, o bile o fetogile boago jwa medemone le phuthegelo ya mewa e e maswe ya mefutafuta le phuthegelo ya dinonyane tse di sa itshekang tsa mefutafuta tse di ilegang. 3 Ka gonne merafe yotlhe e nole bojalwa jo bo bogale jwa boaka jwa gagwe, dikgosi tsa lefatshe di akafetse nae, babapatsi ba lefatshe ba humisitswe ke bogolo jwa bofafalele jwa gagwe.” 4 Ka ba ka utlwa lentswe le lengwe le bua, le tswa kwa legodimong le re: “Tswayang mo go ene, batho ba me, gore lo se ka lwa tlhakanela maleo a gagwe nae, le gore lo se amogele dingwe tsa dipetso tsa gagwe; 5 gonne maleo a gagwe a fitlhile kwa legodimong, mme Modimo o gopotse ditshiamololo tsa gagwe. 6 Mmusolosetseng jaaka le ene a lo diretse; lo mmusetse gabedi ka fa ditirong tsa gagwe; senwelo se o lo tlhakanyeditseng mo go sona lo mo tlhakanyetse gabedi mo go sona. 7 Lo mo lekanyetse botlhoko le bohutsana ka fa selekanyong sa boikgalaletso le bofafalele jwa gagwe; e re ka a ithaya mo pelong a re: ‘Ke ntse, ke kgosigadi, ga ke motlholagadi, bohutsana ga nkitla ke bo bona ka gope,’ 8 ke ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang ka letsatsi le le lengwe, e bong loso le bohutsana le tlala; o tla be a fisiwa ka molelo; gonne Morena Modimo o o mo atlhotseng o thata.” 9 Dikgosi tsa lefatshe tse di akafetseng nae, tsa phela nae ka bofafalele, di tla mo lelela, di mo hutsafalela, fa di bona musi wa go šwa ga gagwe, 10 di ntse di emetse kgakala, ka di boifa go tlhokofadiwa ga gagwe, di re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! Wena motse o mogolo wa Babilone, motse o o thata! Kana petso ya gago e tsile ka nako e le nngwe fela!” 11 Le babapatsi ba lefatshe ba a o lelela, ba a o hutsafalela, ka go sa tlhole go le ope yo o rekang dithoto tsa bone, 12 e bong dithoto tsa gouta le tsa selefera le majwana a botlhokwa le ditalama le masela a masweu le a bohibidu jwa bofifadu le a sei le khai ya bohibidu jwa madi le dikgong tsa mefutafuta tse di monko o monate le dilonyana tsa mefutafuta tsa dinaka tsa tlou le dilo tse di setilweng tsa mefutafuta tsa dikgong tse di tlhotlhwa e kgolo le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi le majwe a a betlilweng 13 le tswaiso ya kinamone le setlolo sa moriri le maswalo le mera le tsa go kuisa musi le weine le lookwane le bupe jo bo boleta le mabele le dikgomo le dinku le dipitse le dikoloi le makgoba le mewa ya batho. 14 “Mme maungo a a elediwang ke mowa wa gago, a tlogile mo go wena, dilo tsotlhe tse di mafura le tse di phatsimang di go latlhegetse, ga di kitla di tlhola di bonwa gope.” 15 Mme babapatsi ba dilo tseo, ba ba humileng ka ona, ba tla emela kgakala, ka ba boifa go tlhokofadiwa ga ona, ba lela, ba hutsafala 16 ba re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! A motse wa mogolo o o neng o apere masela a masweu le a bohibidu jwa bofifadu le jwa madi, o kgabisitswe ka gouta le majwana a botlhokwa le ditalama, 17 ka khumo e e kalokalo e sentswe ka nako e le nngwe fela!” Le bakgweetsi botlhe ba dikepe le botlhe ba ba etelang felo gongwe ka sekepe le ba ba dirang mo dikepeng le botlhe ba ba bapalang mo lewatleng ba emela kgakala, 18 ba goa, ka ba bona musi wa go šwa ga ona, ba re: “Motse ke ofe o o tshwanang le motse o mogolo o?” 19 Ba ikuduelela lorole mo ditlhogong, ba kua ka go lela le ka go hutsafala ba re: “Ijoo-wee! Ijoo-wee! A motse wa mogolo o botlhe ba ba neng ba na le dikepe mo lewatleng ba humileng ka ona, ka khumo ya ona, ka o diregile marope ka nako e le nngwe fela! 20 O itumelele, wena legodimo, le lona baitshepi le lona baapostolo le lona baporofeti; ka gonne Modimo o dirafaditse katlholo ya lona mo go ona!” 21 Jaanong moengele mongwe yo o thata a tsholetsa letlapa e kete lelwala le legolo, a le latlhela mo lewatleng a re: “Babilone, motse o mogolo, o tla digwa jalo ka thata, mme ga o kitla o tlhola o bonwa ka gope; 22 le mantswe a baletsi ba diharepa le a baopedi le a baletsi ba ditlhaka le a baletsi ba diphala ga a kitla a tlhola a utlwiwa mo go wena ka gope; ga go kitla go tlhola go bonwa setswerere sa botswerere bope mo go wena ka gope; le modumo wa tshilo ga o kitla o tlhola o utlwiwa mo go wena ka gope; 23 le lesedi la lobone ga le kitla le tlhola le phatsima mo go wena ka gope; le lentswe la monyadi le la monyalwi ga le kitla le tlhola le utlwiwa mo go wena ka gope; ka gonne babapatsi ba gago e ne e le bagolo ba lefatshe; ee, merafe yotlhe e ne e timediwa ke boloi jwa gago; 24 e bile madi a baporofeti le a baitshepi a fitlhetswe mo go ona le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa