Tshenolo 12 - Setswana 1970Mosadi le Kgwanyape 1 Jaanong ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, e bong mosadi yo o apereng letsatsi, ngwedi ona o le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12. 2 Mme o ne a le moimana, a goa, a segwa ke leralalo, a le mo tlalelong ya pelego. 3 Ga ba ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong, ga bonala kgwanyape e kgolo, e khibidu jaaka molelo, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yona go le dirwalo di supa. 4 Mogatla wa yona wa gogola karolo ya boraro ya dinaledi tsa legodimo, wa di latlhela mo lefatsheng. Mme kgwanyape ya ema fa pele ga mosadi yo o gaufi le go belega gore e re a sena go belega, e metse ngwana wa gagwe. 5 Jaanong a belega ngwana wa mosimane yo o tla fudisang baheitane botlhe ka lore lwa tshipi; mme ngwana yoo wa gagwe a phamolelwa kwa Modimong kwa sedulong sa ona. 6 Mme mosadi a tshabela kwa sekakeng, kwa a baakanyeditsweng bonno teng ke Modimo gore a tle a otlelwe teng ka malatsi a le 1 260. 7 Jaanong ga nna ntwa kwa legodimong, Migaele le baengele ba gagwe ba bololela kgwanyape; kgwanyape ya tlhabana e na le baengele ba yona. 8 Mme ba se ka ba kgona go fenya, le gona ba se ka ba tlhola ba bonelwa manno kwa legodimong. 9 Kgwanyape e kgolo ya digwa, e bong noga ya bogologolo e e bidiwang Diabolo le Satane, e e timetsang lefatshe lotlhe, ya digelwa mo lefatsheng, le baengele ba yona ba digwa nayo. 10 Ke fa ke utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Jaanong pholoso le thata le puso ke tsa Modimo wa rona, le thata ke ya Motlodiwa wa ona; ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona yo o ba latofatsang fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o digilwe. 11 Ba mo fentse ka madi a Kwana le ka lefoko la tshupo ya bone, ba se ka ba rekegela maphelo a bone go ya losong. 12 Itumeleng ka ntlha ya moo, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go ona; a tatlhego wee ya lona ba lo agileng mo lefatsheng le mo lewatleng; ka gonne Diabolo o fologetse koo go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka a itse gore sebaka sa gagwe se sekhutshwane.” 13 E rile kgwanyape e bona gore e digetswe mo lefatsheng, ya latela mosadi yo o belegeng ngwana wa mosimane. 14 Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi e kgolo gore a fofele kwa sekakeng, kwa felong ga gagwe kwa o tla otlelwang teng ka sebaka le ka dipaka le ka bo ntlhanngwe jwa sebaka, a le kgakala le sefatlhego sa noga. 15 Jaanong noga ya hulela metsi kwa mosading, a tswa mo leganong la yona, a le kana ka le a noka, gore noka e mo tsee. 16 Mme lefatshe la thusa mosadi, la atlhama, la metsa noka e kgwanyape e e hudileng, e tswa mo leganong la yona. 17 Kgwanyape ya gakalela mosadi, ya ya go tlhasela masalela a losika lwa gagwe a a tshegeditseng ditaolo tsa Modimo, e bile a na le tshupo ya ga Jesu. Sebata se se tswang lewatleng 18 Jaanong ka ema fa losing lwa lewatle. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa