Sekarie 9 - Setswana 1970Go kgalemelwa merafe 1 Taelo ya Modimo. Lefoko la Morena ka ga lefatshe la ga Haterage; le bile le raya Damaseko; gonne Morena o lebile batho le ditso tsotlhe tsa Iseraele. 2 Le ka ga Hamathe le ene yo o bapileng nae, le ka ga Tiro le ka ga Sitone – ka a le botlhale thata. 3 Ee, motse wa Tiro o ikagetse dikago tsa phemelo, wa phutha selefera jaaka lerole le gouta jaaka dithetse tsa mebila. 4 Bonang, Morena o tla o thopa, a itaya phemelo ya ona e e mo lewatleng, mme ona ka osi o tla jewa ke molelo. 5 Motse wa Ašekalone o tla bona jalo, o boifa; wa Gasa o tla tlalelwa thata; wa Ekerone le ona, ka tebelelo ya ona e ba swabisitse; kgosi ya Gasa e tla nyelela; Ašekalone o tla tlhoka baagi. 6 Makgoba a tla nna mo Ašetote: “Ke tla fedisa boikgantsho jwa Bafelesita jalo. 7 Ke tla tlosa madi a ba a nwang mo melomong ya bone le maila a a mo menong a bone; le bone ba tla sadisediwa Modimo wa rona, ba tshwana le lotso mo Juta; le ba Ekerone ba tla tshwana le Bajebusi. 8 Mme ke tla thibelela tikologong ya Ntlo ya me go e femela mo go ba ba fetang le ba ba boang; mme mogateledi ga a nke a tlhola a ba thopa. Gonne jaanong go lebeletse nna ka matlho a me.” Puso ya ga Mesia, kgosi ya kagiso 9 Itumele thata, morwadia Sione, o duduetse, morwadia Jerusalema; bona, kgosi ya gago e e tla kwa go wena, e siame, e tletse pholoso, e pelonolo, e palame esele, e leng eselana, ngwana wa esele. 10 “Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe. Batho ba Modimo ba tla pholosiwa 11 “Le gona fa e le wena Sione, ke tla ntsha bagolegwi ba gago mo mosimeng o o se nang metsi ka ntlha ya madi a kgolagano ya gago. 12 Boelang kwa kagong ya phemelo, lona batshwarwi ba lo nang le tsholofelo; le gona ke itsise kajeno gore ke tla lo busetsa gabedi tse di lo latlhegetseng. 13 Gonne ke laetse Juta e le bora jwa me, ka tlhatlhela Eferaime mo go jona; ke tlhotlheleditse bana ba gago, Sione, gore ba lwe le bana ba gago, lefatshe la Bagerika; ke go dirile jaaka tšhaka ya mogale.” 14 Mme Morena o tla bonala kwa godimo ga bone; motsu wa gagwe o tla tswa jaaka legadima; mme Morena Modimo o tla letsa lonaka, a tsamaya ka diphefo tsa borwa. 15 Morena wa masomosomo o tla ba sireletsa, mme ba tla ja batshodi ba seragamajwe, ba ba gataka, ba nwa madi a bone jaaka weine, ba tlala ona jaaka megopo ya setlhabelo le jaaka dikgokgotsho tsa aletare. 16 Mme Morena, Modimo wa bone o tla ba pholosa ka letsatsi leo, ka ba le morafe o e leng letsomane la gagwe; gonne ba phatsima jaaka ditaemane mo serwalong sa kgosi mo nageng ya gagwe. 17 Kana kgalalelo ya bone e kgolo jang ne! Bontle jwa bone bo kana kang ne! Mabele a godisa makau, matute a moweine a godisa makgarebe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa