Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sekarie 8 - Setswana 1970


Ditsholofetso tsa ditshegofatso tse dikgolo

1 Mme Lefoko la Morena wa masomosomo la tla la re:

2 “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke fufegetse Sione ka lefufa le legolo; ke mo emetse ka kgalefo e kgolo.’

3 Morena o bua jaana a re: ‘Ke boela kwa Sione, ke tla aga mo gare ga Jerusalema, mme Jerusalema o tla bidiwa motse wa boammaaruri, thaba ya Morena wa masomosomo e bidiwa thaba e e boitshepo.’

4 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Banna bagolo le basadi bagolo ba tla nna gape mo dipatlelong tsa Jerusalema, mongwe le mongwe a tshotse seikokotlelo ka seatla ka ntlha ya bontsi jwa malatsi a gagwe.

5 Le gona dipatlelo tsa motse di tla tlala basimane le basetsana ba ba tshamekang mo mekgwatheng ya ona.’

6 “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Fa masalela a morafe o a ka bua mo malatsing ana a re: Tseo di a pala! a le nna di ka mpalela?’ go botsa Morena wa masomosomo.

7 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla golola morafe wa me, ke ba ntsha mo lefatsheng la botlhabatsatsi le mo lefatsheng la bophirimatsatsi;

8 ke ba tlisa gore ba age mo Jerusalema. Ba tla nna morafe wa me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone ka boammaaruri le ka tshiamo.’

9 “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘A diatla tsa lona di tie thata, ba lo utlwileng mafoko a mo melomong ya baporofeti mo malatsing ano, ke go re, mo malatsing a motheo wa Ntlo ya Morena wa masomosomo o theilweng ka ona gore Tempele e tle e agiwe.

10 Gonne pele ga malatsi ano batho ba ne ba sa bone tuelo, le tuelo ya tiro ya dikgomo e ne e se yo; le fa ba ne ba bolola gongwe ba goroga ba ne ba se na boikhutso ka ntlha ya mmaba. Gonne ke ne ke lwantshanya batho botlhe.

11 Mme jaanong ga nkitla ke direla masalela a morafe o jaaka ke dirile mo malatsing a pele,’ go bua Morena wa masomosomo.

12 ‘Gonne ke tla tlisa kagiso: Setlhare sa moweine se tla ungwa maungo a sona; lefatshe le tla ntsha thobo ya lone, legodimo le naya monyo wa lone; mme masalela a morafe o ke tla a ruisa dilo tsotlhe tse.

13 Pele lo ne lo le khutso mo ditšhabeng, lona Bajuta le lona Baiseraele, mme jaanong ke tla lo golola gore lo nne lesego. Se boifeng, a diatla tsa lona di tie thata!’

14 “Gonne Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Pele ke ne ke ikaeletse go lo otla, ka borraeno ba ne ba nkgalefisitse, mme ka se ka ka busa bogale,’ go bua Morena wa masomosomo.

15 ‘Mme jaanong ke tla busa pelo, ke ikaelela go direla Jerusalema le Bajuta tse di molemo mo malatsing ano. Se boifeng!

16 Dilo tse lo tshwanetseng go di dira ke tse: A mongwe le mongwe a bue boammaaruri e e agisang e nne mo makgotleng a lona.

17 Lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona. Se rateng maikano a maaka, gonne ke tlhoile dilo tsotlhe tse,’ go bua Morena.”

18 Mme Lefoko la Morena wa masomosomo la ntlela la re:

19 “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go itima go ja mo kgweding ya bone le mo go ya botlhano le mo go ya bosupa le mo go ya lesome go tla fetogela Bajuta tuduetso le boitumelo le meletlo e e monate. Fela ratang boammaaruri le kagiso.’

20 “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go sa ntse go tla tla merafe le baagi ba metse e mentsi;

21 baagi ba motse mongwe ba tla ya kwa go o mongwe ba re: Tlayang a re yeng go kopa bopelotlhomogi mo Moreneng le go batla Morena wa masomosomo! Le rona re a ya.

22 Go tla tla merafe e mentsi le ditšhaba tse dikgolo go batla Morena wa masomosomo mo Jerusalema le go kopa bopelotlhomogi mo Moreneng.’

23 “Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Mo malatsing ao banna ba le some ba dipuo tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara Mojuta, ba itshwarelela ka moja wa kobo ya gagwe ba re: Re rata go ya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan