Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sekarie 5 - Setswana 1970


Pono ya borataro le ya bosupa: Lokwalo lo lo fofang le seelo sa boikepo

1 Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa.

2 Mme a nthaya a re: “O bona eng?” Ka re: “Ke bona lokwalo lo lo potokilweng lo fofa; boleele jwa lone ke mabogo a le 20, bophara ke mabogo a le some.”

3 A ba a nthaya a re: “Ke khutso e e tswelang mo lefatsheng lotlhe; gonne mongwe le mongwe yo o utswang o tla tlosiwa mono ka fa khutsong eo, le mongwe le mongwe yo o ikanang ka maaka o tla tlosiwa jalo mono.

4 Morena wa masomosomo o bua a re: ‘Ke a lo ntsha gore lo tsene mo ntlong ya legodu le mo ntlong ya yo o ikanang ka leina la me ka maaka, lo be lo lale mo teng ga ntlo ya gagwe, lo e nyeletse ditlhomeso mmogo le dipotana.’ ”


Pono ya mosadi yo o mo tsageng

5 Jaanong moengele yo o buang le nna a nkatamela, a nthaya a re: “A ko o tsholetse matlho, o bone se se tswang fale.”

6 Nna ka re: “Ke eng?” A araba a re: “Se se tswang fale ke tsaga;” a ba a re: “Ke yona tshiamololo ya bone mo lefatsheng lotlhe.”

7 Mme ya re sekhurumelo sa tshipi e e bokete se khurumololwa, ga bonala mosadi a ntse mo teng ga tsaga.

8 Ke fa a re: “Ke jona boikepo;” a ba a mo latlhela gape mo teng ga tsaga, a ba a latlhela sekhurumelo sa tshipi e e bokete mo molomong wa yona.

9 Ka ba ka tsholetsa matlho, ka bona basadi ba le babedi ba tlhaga, go le phefo mo diphukeng tsa bone; ba na le diphuka tse di tshwanang le diphuka tsa makololwane, ba tloga ka tsaga ba fofa fa gare ga lefatshe le legodimo.

10 Ke fa ke raya moengele yo o buang le nna ke re: “Ba isa tsaga kwa kae?”

11 A nkaraba a re: “Ba rata go mo agela ntlo mo lefatsheng la Sineare; fa ba sena go e fetsa, o tla tsenngwa teng mo bonnong jwa gagwe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan