Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sekarie 4 - Setswana 1970


Pono ya botlhano: Setlhomo sa lobone sa gouta le ditlhare tsa olefa tse pedi

1 Jaanong moengele yo o neng a bua le nna a tla, a ntsosa jaaka motho a tsosiwa mo borokong jwa gagwe;

2 a nthaya a re: “O bona eng?” Ka mo raya ka re: “Ke bona setlhomo sa lobone fale, ke sa gouta fela sotlhe, le sejana sa teng sa lookwane se le godimo ga sona, le dipone tse supa di le fa godimo ga sona, le ditlhaka tse supa tse di tshelang lookwane mo diponeng tse di fa godimo ga sona;

3 gape ke bona ditlhare di le pedi tsa diolefa fa thoko ga sona, se sengwe ka fa ntlheng ya le le jang ya sejana, se sengwe ka fa go ya la molema.”

4 Jaanong ka botsa moengele yo o buang le nna, ka mo raya ka re: “Dilo tse, di kaya eng, morena wa me?”

5 Mme moengele yo o buang le nna, a nkaraba a re: “A ga o itse gore dilo tse, di kaya eng?” Ka re: “Nnyaya, morena wa me!”


Tsholofetso ya Morena e e lebileng Serubabele

6 Ke fa a araba, a nthaya a re: “Lefoko le ke la Morena le le rayang Serubabele le re: ‘Ga se ka bonatla le e seng ka thata, mme ke ka Mowa wa me,’ go bua Morena wa masomosomo.

7 ‘O mang, thaba e kgolo? O tla nna leboa fela fa pele ga Serubabele; mme ene o tla baya letlapa la bofelo go ntse go tlhajwa mokgosi o o reng: Tshegofatso, tshegofatso a e nne le lone!’ ”

8 Mme Lefoko la Morena la ntlela la re:

9 “Diatla tsa ga Serubabele di theile motheo wa Ntlo e, diatla tsa gagwe di tla ba di e fetsa; mme lo tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwano go lona.

10 Gonne ke mang yo o ka nyatsang letsatsi la dilo tse dipotlana, etswe matlho a supa ale a Morena a a ralalang lefatshe lotlhe a itumela, fa a bona serophiso se le mo seatleng sa ga Serubabele?”

11 Jaanong ka mmotsa ka re: “Ditlhare tse pedi tseo tsa diolefa di kaya eng, se se ka fa ntlheng ya le le jang ya setlhomo sa lobone le se se ka fa molemeng?”

12 Ka mmotsa gape ka re: “Dikala tse pedi tsa olefa tse di bapileng le ditlhaka tse pedi tsa gouta tse di elang lookwane di kaya eng?”

13 Mme a nkaraba a re: “A ga o itse gore dilo tse, di kaya eng?” Ka re: “Nnyaya, morena wa me!”

14 A nthaya a re: “Tseo ke batlodiwa ba babedi ba ba emeng fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan