Sekarie 2 - Setswana 1970Pono ya boraro: Jerusalema o lekanngwa ka mogala wa moagi 1 Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba; ka bona monna yo o tshotseng mogala o o lekanyang. 2 Ka mo raya ka re: “O ya kae?” A nthaya a re: “Ke ya go lekanya motse wa Jerusalema go bona gore bophara jwa ona bo kana kang, le boleele jwa ona bo kana kang.” 3 Ya re moengele yo o neng a bua le nna a tswela kwa ntle, moengele yo mongwe a bonala, a ya go mo kgatlhantsha, 4 a mo raya a re: “Siana o ree lekau lele o re: ‘Jerusalema o tla tlala bontsi jwa batho le jwa dikgomo, o se na lobota. 5 Mme nna ke tla nna lobota lwa molelo mo tikologong ya ona,’ go bua Morena; ‘ke tla nna kgalalelo ya ona.’ Ba ba mo botshwarong ba tla boela gae 6 “Heelang! Heelang! Tshabang mo lefatsheng la bokone,” go bua Morena; “gonne ke lo falaleditse kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe,” go bua Morena. 7 “Hela! Sione, tshaba o phologe, wena yo o agileng le morwadia Babele!” 8 Morena wa masomosomo o nthomile kwa ditšhabeng tse di lo thukhuthileng go sala kgalalelo morago; – “gonne yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la gagwe” – o bua jaana a re: 9 “Bonang, ke tla kgadikanya letsogo godimo ga bone, mme ba tla thopiwa ke bone ba e neng e le batlhanka ba bone; foo lo tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile. 10 Duduetsa o itumele, morwadia Sione, gonne bona, ke e tla gore ke nne nao,” go bua Morena. 11 “Ditšhaba tse dintsi di tla ineela Morena ka letsatsi leo; ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna nao. Foo o tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwa go wena. 12 Morena o tla rua Juta, e nna boswa jwa gagwe mo nageng e e boitshepo, a itlhaolela Jerusalema gape.” 13 A batho botlhe ba didimale fa pele ga Morena, gonne o tsogile mo boagong jo bo boitshepo jwa gagwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa