Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sekarie 14 - Setswana 1970


Tlhabano ya bofelo ya puso ya Modimo mo lefatsheng ke phenyo e kgolo

1 “Bonang, letsatsi la Morena le e tla, le ba tla abelanang tse di thopilweng mo go wena, Jerusalema, ka lone, mo teng ga gago.

2 Gonne ke tla phuthela ditšhaba tsotlhe kwa motseng wa Jerusalema gore di tlhabane le ona. Mme motse o tla thopiwa, matlo a thukhuthwa, basadi ba tlotlololwa. Bontlhanngwe jwa motse bo tla ya mo botshwarong, mme masalela a morafe ga a kitla a nyelediwa mo motseng.”

3 Mme Morena o tla bolola, a tlhabana le ditšhaba tseo, jaaka mo letsatsing le o a tleng a lwe ka lone, mo letsatsing la ntwa.

4 Ka letsatsi leo maoto a gagwe a tla bo a eme mo Thabeng ya Diolefa e e lebaganyeng le Jerusalema, mo ntlheng ya botlhabatsatsi; mme Thaba ya Diolefa e tla phatloga go tloga bogareng jwa yona go ya kwa botlhabatsatsi le go ya kwa bophirimatsatsi, go be go tswa mokgatsha o mogolo thata; ntlha nngwe ya thaba e tla sutela kwa bokone, ntlha e nngwe ya yona kwa borwa.

5 Mme lo tla tshabela mo mokgatsheng wa dithaba tsa me, gonne mokgatsha wa dithaba o tla fitlha kwa Asele; lo tshaba jaaka lo kile lwa tshaba thoromo ya lefatshe mo malatsing a ga Usia, kgosi ya Juta. Foo go tla tla wena Morena, Modimo wa me, o na le baitshepi botlhe.

6 Mme ka letsatsi leo go tla bo go se na lesedi; dinaledi tse di phatsimang di tla fifala.

7 Mme go tla nna letsatsi le le lengwe le le itsiweng ke Morena fela; ga le na motshegare, ga le na bosigo, le mo nakong ya mantsiboana go tla nna lesedi.

8 Ka letsatsi leo metsi a a phelang a tla tswa mo Jerusalema; ntlha nngwe ya ona e elelela kwa lewatleng la botlhabatsatsi, ntlha e nngwe ya ona kwa lewatleng la bophirimatsatsi; go tla nna jalo mo selemong le mo marigeng.

9 Mme Morena o tla nna kgosi ya lefatshe lotlhe; ka letsatsi leo Morena o tla nna a le mongwe fela, le leina la gagwe le le lengwe fela.

10 Lefatshe lotlhe le tla fetoga leboa, go tloga kwa Geba go fitlha kwa Rimone ntlheng ya borwa ya Jerusalema. Mme motse wa Jerusalema o tla bo o okame, o le mo felong ga ona, go simolola kwa Kgorong ya Benyamene go ya felong ga Kgoro ya Kgale le go fitlha Kgorong ya Sekhutlo, le go tloga kwa Kagong ya phemelo ya ga Hananele go fitlha kwa digatelong tsa kgosi.

11 Mme ba tla aga mo go ona, go sa tlhole go le sepe se se hutsitsweng ke Modimo; Jerusalema o tla nnwa a le mo tshireletsong.

12 Merafe yotlhe e e bolotseng go tlhabana le Jerusalema, Morena o tla e betsa ka petso e: O tla bodisa nama ya bone ba ntse ba eme ka maoto; matlho a bone a tla bola mo dikgapeng tsa ona; diteme tsa bone di bola mo maganong a bone.

13 Ka letsatsi leo go tla nna moferefere o mogolo mo go bone o o tswang kwa Moreneng gore botlhe ba tshwaragane diatla, ba tsogelane ka mabogo.

14 Juta le ena o tla tlhabana kwa Jerusalema, mme go tla phuthwa khumo ya ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong, e bong gouta le selefera le diaparo, e le bontsi jo bogolo thata.

15 Le gona petso ya dipitse le meboulwe le dikammele le diesele le diphedi tsotlhe tse di tla nnang teng mo mathibelelong ale e tla tshwana le petso eo.

16 Mme masalela a ditšhaba tsotlhe tse di neng di tlile go tlhabana le Jerusalema a tla tla ka ngwaga le ngwaga go obamela kgosi, Morena wa masomosomo, le go dira moletlo wa metlaagana.

17 Mme ba ditšhaba tsa lefatshe ba ba sa yeng kwa Jerusalema go obamela kgosi, Morena wa masomosomo, ga ba nke ba nesediwa pula.

18 Mme fa setšhaba sa Egepeto se sa bolole go tla, foo petso e tla se wela e Morena o betsang ditšhaba ka yona tse di sa bololeng go ya go dira moletlo wa metlaagana.

19 Ke yona kotlo ya Egepeto le kotlo ya ditšhaba tsotlhe tse di sa bololeng go ya moletlong wa metlaagana.

20 Ka letsatsi leo go tla bo go kwadilwe mo ditshiping tse di lelang tsa dipitse go twe: “Di itshepetse Morena;” le dipitsa tse di mo Ntlong ya Morena di tla nna jaaka megopo ya ditlhabelo e e fa pele ga aletare.

21 Mme dipitsa tse tsotlhe tse di mo Jerusalema le mo Juta di tla itshepela Morena wa masomosomo; mme botlhe ba ba tlisang ditlhabelo ba tla tla, ba tsaya dingwe tsa tsona, ba apaya ka tsona; ka letsatsi leo go tla bo go sa tlhole go le morekisi mo Ntlong ya Morena wa masomosomo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan