Sekarie 11 - Setswana 1970Tatlhego ya baba ba Baiseraele 1 Lebanone, bula dikgoro tsa gago gore molelo o je mesetere ya gago! 2 Gwetla, setlhare sa mosiperese, gonne mosetere o wele, ditlhare tse dintle di sentswe; gwetlang, ditlhare tsa eike tsa Basane, ka sekgwa sa tshutlhankga se remilwe. 3 Utlwa! Badisa ba a gwetla, gonne mafulo a mantle a bone a sentswe. Utlwa! Ditawana di a duma, gonne sekgwa se sentle sa Joretane se sentswe. Modisa yo o molemo le yo o sa siamang 4 Morena, Modimo wa me, o buile jaana a re: “Disa dinku tse di tlhajwang! 5 Ke tse bareki ba tsona ba di tlhabang, ba sa ipone molato; mme ba ba di rekisang ba re: ‘A Morena a bakwe, gonne ke humile!’ Badisa ba tsona ga ba di rekegele. 6 “Gonne ga nkitla ke tlhola ke rekegela baagi ba lefatshe le,” go bua Morena. “Bonang, ke tla tsenya motho mongwe le mongwe mo seatleng sa mongwe-ka-ene le mo seatleng sa kgosi ya gagwe, mme ba tla fetola lefatshe sekaka; ga nkitla ke ba pholosa mo diatleng tsa bone.” 7 Jaanong ka disa dinku tse di tlhajwang. Tota e ne e le dinku tse di tlhomolang pelo! Ka tsaya dithobane di le pedi, nngwe ka e bitsa “Bopelonomi”, e nngwe ka e bitsa “Kutlwano”, ka fudisa letsomane. 8 Ka ba ka nyeletsa badisa ba le bararo mo kgweding e le nngwe; ke fa ke fela pelo ka ntlha ya bona, mme le bona ba se ka ba tlhola ba mpatla. 9 Ka ba ka re: “Ga ke tlhole ke rata go lo disa. Se se swang a se swe! Se se nyelelang a se nyelele! Mme a tse di setseng di jane!” 10 Ke fa ke tsaya thobane ya me ya “Bopelonomi”, ke e roba, e le go senya kgolagano ya me e ke e dirileng le merafe yotlhe. 11 Ya senyega jalo ka letsatsi leo; mme dinku tsa letsomane tse di tlhomolang pelo, tse di neng di ntse di nkutlwa, tsa lemoga ka mokgwa o, fa e le Lefoko la Morena. 12 Jaanong ka ba raya ka re: “Fa lo bona gore go tshwanetse, mpheng tuelo ya me; fa go se jalo, lesang!” Ke fa ba ntekanyetsa tuelo ya me, e bong diselefera di le somamararo. 13 Foo Morena a nthaya a re: “Di latlhele mmopi wa dinkgwana tlhwatlhwa e kgolo e, e e seng ya sepe, e ba nkaileng yona.” Ka tsaya diselefera di le somamararo, ka di latlhela mmopi wa dinkgwana mo Ntlong ya Morena. 14 Ka ba ka roba thobane ya bobedi ya me ya “Kutlwano”, e le go senya kutlwano ya bana ba motho, ya Juta le Iseraele. 15 Morago ga moo Morena a nthaya a re: “Tsaya gape dilo tsa modisa, mme e le wa seeleele. 16 Gonne bona, ke tla tsosa modisa mo lefatsheng yo o sa tlholeng tse di latlhegileng, a sa batle tse di phatlaletseng, a sa alafe tse di robegileng, a sa tlamele tse di itekanetseng; mme a ja nama ya tse di nonneng, a garolaka ditlhako tsa tsona. 17 A tatlhego wee ya modisa yo e seng wa sepe, yo o tlogelang letsomane! A tšhaka e reme letsogo la gagwe le leitlho le le jang la gagwe! A letsogo la gagwe le omelele ruri, a leitlho le le jang la gagwe le swele ruri.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa