Sekarie 10 - Setswana 1970Iseraele o fiwa tsholofetso e e itumedisang 1 Rapelelang pula mo Moreneng mo sebakeng sa pula ya pele le ya morago; ke Morena yo o dirang dikgadima, mme pula o tla e lo nesetsa le tsotlhe tse di golang mo nageng. 2 Gonne medimo ya mo gae e bua tsa boithamako; baitseanape ba bona maaka, ba bolela ditoro tse e seng tsa sepe; kgomotso ya bone ke phefo fela. Ke ka moo ba timetseng jaaka letsomane, ba bogisega, ka modisa a se teng. 3 “Bogale jwa me bo tuketse badisa, ke tla betsa diphoko;” gonne Morena wa masomosomo o tla tlhokomela letsomane la gagwe, e leng Bajuta, a ba dira jaaka pitse e ntle ya gagwe mo tlhabanong. 4 Lentswe la kgokgotsho le tla tswa mo go bone mmogo le lomapo, le bora jwa ntwa, le babusi botlhe; ba tla tswa mo go bone. 5 Ba tla nna jaaka diganka tse di gatang dithetse tsa mebila mo tlhabanong; ba tla tlhabana, ka Morena a na nabo; bapalami ba dipitse ba tla tlhajwa ke ditlhong. 6 “Mme ke tla tiisa Bajuta, ke thusa Bajosefa, ke ba busetsa mo gae; gonne ke tla ba tlhomogela pelo, mme ba tla nna jaaka e kete ga ke ise nke ke ba latlhe. Gonne ke nna Morena, Modimo wa bone, ke tla ba utlwa. 7 Baeferaime ba tla nna jaaka diganka, dipelo tsa bone di tla itumela jaaka e kete ba nole weine. Bana ba bone ba tla bona jalo, ba itumela; dipelo tsa bone di tla dudueletsa Morena. 8 Ke rata go ba bitsa ka molodi le go ba phutha, gonne ke ba rekolotse; mme ba tla ata jaaka ba ne ba atile pele. 9 Ke ba gasitse mo merafeng, mme ba tla nkgakologelwa ba le kwa kgakala; mme ba tla phela le bana ba bone, ba boa. 10 Ke tla ba busa kwa lefatsheng la Egepeto, ke ba phutha go tswa kwa Asiria, ke ba tlisa mo lefatsheng la Gileate le la Lebanone, mme go tla fitlhelwa le sa ba lekane. 11 O tla feta mo lewatleng la tlalelo, a itaya dintelo mo lewatleng; madiba otlhe a noka ya Nile a tla kgala; go tla kokobediwa boikgogomoso jwa Asiria, mme molamu wa bogosi jwa Egepeto o tshwanetse go tloga. 12 Ke tla ba tiisa mo Moreneng; ba tla sepela mo leineng la gagwe,” go bua Morena. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa