Sekarie 1 - Setswana 1970Sagaria o biletsa Bajuta tlhabologong 1 Ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya borobedi, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, la re: 2 “Morena o ne a galefetse borraeno thata. 3 Jaanong o ba ree o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boelang kwa go nna,’ go bua Morena wa masomosomo, ‘foo ke tla boela kwa go lona,’ go bua Morena wa masomosomo. 4 ‘Se tshwaneng le borraeno ba baporofeti ba pele ba neng ba ba rerela ba re: Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Boang tlhe mo ditseleng tsa lona tse di bosula le mo ditirong tsa lona tse di bosula, mme ga ba a ka ba utlwa, ga ba a ka ba ntheetsa,’ go bua Morena. 5 ‘Borraeno ba kae? Le baporofeti a ba ka phela ka go sa feleng? 6 Mme mafoko a me le melao ya me e ke e laetseng baporofeti, batlhanka ba me, a ga e a fitlhela borraeno? mo ba bileng ba sokologa ba re: Tse Morena o neng a ikaeletse go di re direla o di re diretse ka fa go siametseng ditsela tsa rona le ditiro tsa rona ka teng.’ ” Pono ya ntlha: Dipitse 7 E rile ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ka kgwedi ya 11 – e bong kgwedi ya Sebate – ka letsatsi la 24, Lefoko la Morena la tla kwa go moporofeti Sagaria, morwa Beregia, morwa Ito, jaana: 8 Ke ne ka bona pono bosigo, ka bona monna a palame pitse e khunou, a eme mo gare ga metlhakolane kwa tlase; fa morago ga gagwe go le dipitse tse dikhunou le tse dithokwa le tse ditshweu. 9 Ka botsa ka re: “Ke bomang ba, Morena wa me?” Moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Ke tla go supetsa gore ke bomang.” 10 Ke fa monna yole yo o emeng mo gare ga metlhakolane a araba a re: “Ke ba Morena o ba romileng go ralala lefatshe.” 11 Mme bone ba raya moengele wa Morena yo o neng a eme mo gare ga metlhakolane ba re: “Re tswa go ralala lefatshe, ra fitlhela lefatshe lotlhe le ntse le iketlile, le le mo kagisong.” 12 Ke fa moengele wa Morena a bua a re: “Morena wa masomosomo, e tla nna go fitlha leng o ntse o sa utlwele Jerusalema le metse ya Juta botlhoko e o ntseng o e galefetse dinyaga tse di 70 tse?” 13 Mme Morena a araba moengele yo o buang le nna ka mafoko a a molemo, ka mafoko a a gomotsang. 14 Ke fa moengele yo o buang le nna a nthaya a re: “Rera o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke fufegetse Jerusalema le Sione ka lefufa le legolo. 15 Ditšhaba tse di ikgantshang ke di galefetse ka bogale jo bogolo; gonne ke ne ke galefile go le gonnye fela, mme bone ba ne ba oketsa bosula.’ 16 Ke ka moo Morena o buang jaana a re: ‘Ke boetse kwa Jerusalema ka kutlwelo-botlhoko; Ntlo ya me e tla agiwa teng, go bua Morena wa masomosomo, le mogala wa baagi o tla gagamadiwa godimo ga Jerusalema.’ 17 “Le gona o rere o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Metse ya me e tla tlala tse di molemo gape. Morena o tla boa a gomotsa Sione, a itlhaolela Jerusalema gape.’ ” Pono ya bobedi: Dinaka le bathudi 18 Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba, ka bona dinaka di le nne. 19 Ka raya moengele yo o buang le nna ka re: “Tseo ke eng?” A nthaya a re: “Ke dinaka tse di faladitseng Juta le Iseraele le Jerusalema.” 20 Ke fa Morena a mpontsha bathudi ba le bane. 21 Ka ba ka re: “Bao ba tlile go dirang?” Ene a re: “Ke tsona dinaka tse di faladitseng Juta, mo go seng ope yo o ka tsholetsang tlhogo, mme bao ba tsile go di tshosa le go digela dinaka tse e leng ditšhaba fa fatshe tse di neng di tsholeleditse lefatshe la Juta lonaka go le falatsa.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa