Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sehela 8 - Setswana 1970

1 E kete o ka bo o le kgaitsadiake, yo o amuleng mabele a ga mme! E ne e tla re fa ke go fitlhela kwa ntle, ke go atle, go se yo o ka nnyatsang.

2 Nka bo ke go goga, ke go isa kwa lapeng la ga mme gore o nthute. Nka bo ke go nosa weine e e tswaisitsweng ka matute a digaranata tsa me.

3 Letsogo la gago la molema le ntshameditse; le le jang le a ntlamparela.

4 Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka re: Lo tsosetsang lorato le go lo tsibosa lo ise lo itsose ka losi?


Sefela sa borataro Basadi

5 Ke mang yo o tlhagang kwa sekakeng a ikaegile ka morati wa gagwe? Ke go tsositse o le fa tlase ga setlhare sa apole. Mmaago o ne a ikutlwa gona go go belega; yo o go belegeng o ne a segwa ke leralalo gona.


Mosadi

6 Mpee fa pelong ya gago jaaka palamonwana e e tshwayang, le mo letsogong la gago jaaka leseka. Gonne lorato lo thata jaaka loso; lefufa la lone le setlhogo jaaka felo ga baswi; ditlhase tsa lone ke ditlhase tsa molelo; dikgabo tsa lone di tshwana le tsa Morena.

7 Metsi a mantsi ga a kgone go tima lorato. Dinoka ga di ka ke tsa lo nwetsa. Fa monna a ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya gagwe a re o reka lorato, ba tla mo nyatsa thata.


Kgaitsadia-mosadi

8 Re na le kgaitsadia-rona yo mmotlana yo o iseng a tswe mabele. Re ka dirang ka kgaitsadia-rona ka letsatsi le o batliwang ka lone?

9 Fa a le lorako, re tla aga kgabiso ya selefera mo go lone; fa a le kgoro, re tla e tswala ka dipati tsa mesetere.


Mosadi

10 Ke ntse ke le lorako; mabele a me a ntse a tshwana le diturio tse di femetsweng. Jaanong mo matlhong a gagwe ke fetogile yo o bonyeng kagiso.


Monna

11 Salomo o ne a na le tshimo ya moweine kwa Baale-Hamone; tshimo eo a e neela barapi. Mongwe le mongwe o ne a na le go ntshetsa maungo a yona diselefera tse kete.

12 Tshimo ya moweine ya me e e leng ya me e fa pele ga me. Diselefera tse kete ke tsa gago, Salomo; di le kgolamabedi ke tsa badisa ba maungo a yona.

13 Wena yo o agileng mo masimo, ditsala di utlweletse lentswe la gago; nte ke le utlwe!


Mosadi

14 Itlhaganele, wena morati wa me, o tshwane le tshephe gongwe le namane ya tholo mo dithabeng tsa makga a a monate.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan