Sehela 7 - Setswana 1970Monna 1 A bontle jwa dinao tsa gago, di rwele ditlhako, wena morwadia motlotlegi! Sebopego sa letheka la gago se tshwana le mhiri wa molala o o dirilweng ke diatla tsa setswerere. 2 Mpa ya gago ke mogotšwana o o potokwane; a go se tlhokafale weine e e tlhakantsweng! Mmele wa gago ke mokoa wa mabele o o dikanyeditsweng ke dithunya. 3 Mabele a mabedi a gago a tshwana le ditshetshwana tse pedi tsa mafatlha. 4 Molala wa gago o tshwana le turio ya dinaka tsa tlou; matlho a gago a tshwana le madiba a a kwa Hešebone fa kgorong ya Bathe-Rabime. Nko ya gago e tshwana le turio ya Lebanone e e lebileng kwa Damaseko. 5 Tlhogo ya gago mo go wena e tshwana le dithaba tsa Karemele. Moriri wa tlhogo ya gago o o itshophileng o tshwana le lesela le lehibidu. Kgosi e golegilwe ka moriri o o tshophilweng. 6 O montle jang ne, o ratega jang ne, wena moratiwa yo o tletseng monate! 7 Seemo sa mmele wa gago se tshwana le sa mokolane; mabele a gago a tshwana le masitlha a moweine. 8 Ka re, ke tla palama mokolane, ke tshwara maungo a ona. A mabele a gago a nne jaaka masitlha a moweine le monko wa nko ya gago jaaka diapole! 9 A molomo wa gago o nne jaaka weine e e monate e e balolang mo leganong la me sentle, e e nkolobisang molomo le meno. Mosadi 10 Ke wa morati wa me; ke nna yo a ntlhologeletsweng. 11 Tlaya, morati wa me, re tswele kwa nageng, re lale mo gare ga dithunya! 12 A re phakele, re ye kwa masimong a moweine, re bone gore a moweine o tlhogile, a dithunya tsa ona di phanyegile, a digaranata di a thunya. Ke tla go naya lorato lwa me gona. 13 Maungo a meratiso a ntsha monko. Fa mojakong wa rona go na le maungo a a monate a monongwaga le a ngogola. Morati wa me, ke a go boloketse. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa