Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sehela 6 - Setswana 1970


Basadi

1 Morati wa gago o ile kae, wena yo montlentle basading? Morati wa gago o ile ntlha efe gore re mo go batlise?


Mosadi

2 Morati wa me o fologetse kwa tshimong ya gagwe kwa ditemanyaneng tsa makga a a monate; a ya go fula maungo kwa masimo le go kgetla dithunya.

3 Nna ke wa morati wa me; morati wa me ke wa me; ene yo o leng modisa mo gare ga dithunya.


Sefela sa botlhano Monna

4 Moratiwa wa me, wena o montle jaaka motse wa Thiresa; o ratega jaaka Jerusalema; o boitshega jaaka mophato wa batlhabani ba ba tshotseng sefoka.

5 Thibosa matlho a gago mo go nna, gonne a a ntshosa. Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi tse di fologang mo dithabeng tsa Gileate.

6 Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse dinamagadi tse di tswang go tlhapisiwa; tse nngwe le nngwe ya tsona e nang le dikwana tsa mafatlha, go se na moreba ope.

7 Marama a gago mo teng ga lesire la gago a tshwana le maungo a garanata a a fatotsweng.

8 Go na le bahumagadi ba le 60 le bagadingwana ba le 80 le makgarebe a a se nang palo.

9 Fela yo e leng leeba la me le moitekanedi wa me ke a le mongwe fela. Ke yo o esi wa ga mmaagwe, ke yo o itshekileng wa yo o mmelegeng. E a re fa basetsana ba mmona ba re, o tlhogonolo; bahumagadi le bagadingwana ba mmoke.

10 Ke mang yo o okomelang jaaka mahube, a le montle jaaka ngwedi, a le phepa jaaka letsatsi, a boitshega jaaka mophato wa batlhabani ba ba tshotseng sefoka?

11 Ke ne ka fologela kwa tshimong ya dikgeru, ka ya go itumelela ditlhatshana tse ditala tsa molapo; ka ya go bona gore a setlhare sa moweine se tlhogile, a sa garanata se a thunya?

12 Ke ne ke sa lemoge gore keletso ya me e nkisa kwa dikoloing tsa batho ba motlotlegi.


Basadi

13 Boa, boa, wena wa kwa Suleme; boa, boa gore re go itumelele. Lo itumelela eng mo mosetsaneng wa kwa Suleme? O tshwana le go bina ga baengele kwa Mahanaime.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan