Sehela 5 - Setswana 1970Monna 1 Ke tsile mo tshimong ya me, kgaitsadiaka, monyalwa. Ke kgetla mera ya me le makga a a monate a me. Ke ja lomepe lwa me le dinotshe tsa me; ke nwa weine ya me le mašwi a me. Lona ba ga etsho, jaang, lo nwe; ditsala tsa me, kgorang! Mosadi Sefela sa bone 2 Ke ne ke robetse, mme pelo ya me yona ya tlhobaela. Ka utlwa morati wa me a konyakonya a re: “Mpulele, kgaitsadiaka, moratiwa wa me, leebana la me, moitekanedi wa me. Gonne tlhogo ya me e tletse monyo, moriri wa me o tletse marothodi a bosigo.” Monna Mosadi 3 Ka re: “Ke apotse mosese wa me, nka o apara jang gape? Ke setse ke tlhapile dinao, nka tla ka di kgotlela.” 4 Morati wa me a ba a tsenya seatla sa gagwe ka letshoba la lobati; ke fa maikutlo a me a mo huduegela. 5 Ka ba ka tsoga gore ke bulele morati wa me. Diatla tsa me tsa bo di rotha mera le menwana ya me e rotha mera e e rothegelang mo matshwarong a lobati. 6 E rile a bua, ka tlhomoga pelo, ka bulela morati wa me, mme morati wa me a bo a ngwegile a tsamaile. Ka mmatla, ka se ka ka mmona; ka mmitsa, mme a se ka a nkaraba. 7 Ka bonwa ke badisa ba ba tsamayang mo motseng; ba ntitaya, ba nntsha dintho; badisa ba dipota ba nkamoga kobo ya me. 8 Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka re: E re fa lo ka mmona, ene morati wa me, lo mo itsise lo re: Ke lwala ka lorato. Basadi 9 Morati wa gago o gaisa morati yo mongwe ka eng, wena yo montle mo basading? Morati wa gago o phala morati yo mongwe ka eng, fa o re ikanisa jalo? Mosadi 10 Morati wa me o mosweu, o mohibidu; o gaisa banna ba le dikete. 11 Tlhogo ya gagwe ke gouta e e sa pekwang; moriri o o itshophileng wa gagwe ke dikala tsa mokolane tse di tshikinyegang; o montsho jaaka lehukubu. 12 Matlho a gagwe a tshwana le maeba a a fa dinokeng, a tlhapa mo mašwing, a tlhomilwe sentle. 13 Marama a gagwe a tshwana le ditemanyana tsa makga a a monate tse di jwetsweng ditlhatshana tse di nkgang monate; molomo wa gagwe ke dithunya, o rotha mera e e metsi. 14 Mabogo a gagwe ke dikotana tsa gouta tse di potokwane tse di gomilweng ka ditaemane. Mmele wa gagwe o bopegile ka dinaka tsa ditlou, o kgabisitswe ka disafire tse ditala. 15 Maoto a gagwe ke maotwana a lentswe la legakwa a a tlhomilweng mo ditlhomong tsa gouta e e sa pekwang. Sebopego sa gagwe se tshwana le sa Lebanone se tlotlometse jaaka mesetere. 16 Mafoko a gagwe a monatenate. Ruri, o montlentle gotlhe. Morati wa me ke yo o ntseng jalo; ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa