Sehela 4 - Setswana 1970Monna 1 Ruri, o montle, moratiwa wa me, ruri, o montle. Matlho a gago a tshwana le maeba mo teng ga lesire la gago. Moriri wa gago o tshwana le letsomane la dipodi tse di fologang mo dithabeng tsa Gileate. 2 Meno a gago a tshwana le letsomane la dinku tse di beotsweng tse di tswang kwa tlhapisong tse nngwe le nngwe ya tsona e nang le dikwana tsa mafatlha, go se na moreba ope. 3 Molomo wa gago o tshwana le seitlamo se se phatsimang ka bohibidu, puo ya gago e a ratega. Marama a gago mo teng ga lesire la gago a tshwana le maungo a garanata a a fatotsweng. 4 Molala wa gago o tshwana le lonaka lwa ntlo ya ga Dafita e e agetsweng go boloka dibolai, kwa dithebe di le sekete di pegilweng teng le dibolai tsotlhe tsa bagale. 5 Mabele a mabedi a gago a tshwana le ditshetshwana tse pedi tsa mafatlha tse di fulang mo gare ga dithunya. 6 E tla re letsatsi le ise le nne marutshwana le meriti e ise e tshabe, ke ye kwa thabeng ya mera le kwa thoteng ya maswalo. 7 Moratiwa wa me, o montle gotlhe. Ga go na sebala mo go wena. 8 Tlaya re tloge mo Lebanone, monyalwa. Tlaya re tloge mo Lebanone. Fologa mo setlhoeng sa Amana le mo setlhoeng sa Senire le sa Heremone, o tlogele marobalo a ditau le dithaba tsa dinkwe. 9 O nkgapile pelo, kgaitsadiaka, monyalwa; o nkgapile pelo ka tebo e le nngwe ya matlho a gago le ka sebaga se le sengwe sa mokgabo wa molala wa gago. 10 Kgaitsadiaka, monyalwa, lorato lwa gago lo lontle jang ne! Lo phala weine. Monko wa ditlolo tsa gago o gaisa makga aotlhe. 11 Molomo wa gago, monyalwa, o rotha mafura a dinotshe; dinotshe le mašwi di ka fa tlase ga loleme lwa gago. Monko wa diaparo tsa gago o tshwana le monko wa Lebanone. 12 Kgaitsadiaka, monyalwa, o tshimo e e ageletsweng, o sediba se se tswaletsweng, o motswedi o o kannweng. 13 Tse di tlhogileng mo go wena ke tshimo ya digaranata ya maungo a a monatenate le dithunya le ditlhatshana tsa monkgo o o monate. 14 E tletse ditlhatshana tsa mefutafuta tsa ditlolo le ditswaiso le maswalo le makga. Mosadi 15 O motswedi wa masimo le sediba sa metsi a a phelang a a tswang kwa Lebanone. 16 Tsoga, phefo ya bokone; tlaya phefo ya borwa, o fokele tshimo ya me gore makga a monate a yona a aname. A morati wa me a tle mo tshimong ya gagwe, a je maungo a a monatenate a yona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa