Sehela 3 - Setswana 19701 Fa ke le bolaong bosigo, ke tlhologeletswe yo pelo ya me e mo ratang; ke mo tlhologeletswe, mme ga ke mmone. 2 Ka re: “A ke tsoge, ke senke mo motseng kwa le kwa mo mebileng le mo dipatlelong; ke batle ene yo pelo ya me e mo ratang;” ka mmatla, ka se ka ka mmona. 3 Ka bonwa ke badisa ba motse ba ba tsamayang mo motseng. Ka re: “A lo mmonye yo pelo ya me e mo ratang?” 4 Ya re ke sena go ba feta go le gonnye, ka mo fitlhela ene yo pelo ya me e mo ratang; ka mo tshwara, ka se ka ka mo lesa ka ba ka mo isa kwa ntlong ya ga mme, mo ntlwaneng ya yo o mpelegeng. 5 Lona bomorwadia Jerusalema, ke lo ikanisa ka ditshephe gongwe ka ditholo ka re: Lo se ka lwa tsosa lorato le e seng go lo tsibosa go fitlhelela lone lo itsose ka losi. Sefela sa boraro Mosadi 6 Ke mang yo o tlhagang kwa sekakeng jaaka dipinagare tsa musi, a nkgisitswe monate ka mera le maswalo le ka ditlolo tsa mefutafuta tsa morekisi? 7 Bonang, ke sedulo se se tsholediwang sa ga Salomo se dikanyeditswe ke banna ba le soma marataro ba bagale ba Iseraele. 8 Botlhe ba tshwere ditšhaka, ba tlwaetse tlhabano. Mongwe le mongwe a ipofeletse tšhaka mo lethekeng ka ntlha ya ditherego tsa bosigo. 9 Kgosi Salomo o ne a itirela sedulo se se sikarwang ka dikgong tsa Lebanone. 10 A dira maoto a sona ka selefera le moikaego wa sona ka gouta le manno a sona ka masela a mantle a mahibidu; bogare jwa sona bo kgabisitswe sentle, e le tiro ya lorato lwa bomorwadia Jerusalema. 11 Lona bomorwadia Sione, tswayang lo bone kgosi Salomo a rwele serwalo sa bogosi se a se rwesitsweng ke mmaagwe ka letsatsi la lenyalo la gagwe, ka letsatsi la boitumelo jwa pelo ya gagwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa