Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Sehela 1 - Setswana 1970


Sefela sa ntlha Mafoko a mosadi

1 Sefela sa Difela sa ga Salomo.

2 A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe! Ee, lorato lwa gago lo monate bogolo go weine.

3 Monko wa ditlolo tsa gago o monate. Leina la gago le tshwana le setlolo se itshetsweng. Ke ka moo makgarebe a go ratang.

4 Nkgoge, ke go sale morago, a re siane! A kgosi e nkise mo matlwaneng a yona. Re tla duduetsa, re go itumelela, re boka lorato lwa gago bogolo go weine. Makgarebe a go rata ka tshwanelo.

5 Lona bomorwadia Jerusalema, ke morokwa, mme ke montle jaaka ditente tsa Ketare, jaaka masire a ga Salomo.

6 Se ntebeng ka ke le morokwa! Kana letsatsi le mphisitse. Bokgaitsadiake ba ne ba nkgakaletse, ba nthoma go leta masimo a moweine. Mme tshimo ya me ya moweine ga ke a e disa.

7 Wena yo pelo ya me e go ratang, mpolelele gore o fudisa kae, o bothisa kae motshegare? Gonne ke ka ntlha ya eng fa nka nna moiphitlhi mo matlhapeng a balekane ba gago?


Mafoko a monna

8 Fa o sa itse, wena yo montlentle mo basading, tswaya o latele metlhala ya dinku o fudise dipotsane tsa gago kwa mekgorong ya badisa.

9 Moratiwa wa me, ke go tshwantshanya le pitse nngwe ya tse di gogang dikoloi tsa ga Farao.

10 Marama a gago a mantle ka mokgabo wa dikeetane le molala wa gago ka dibaga.

11 Re tla go direla dikeetane tsa gouta tse di nang le dikgotlhwana tsa selefera.


Mosadi

12 Ya re kgosi e ntse e le fa dijong, setlolo sa me sa utlwatsa monko wa sona.

13 Morati wa me ke kgetsana ya mera mo go nna e e lalang fa gare ga mabele a me!

14 Morati wa me ke dithunya tse di nkgang monate mo go nna tse di mo masimong a moweine a Engedi.


Monna

15 Ruri, o montle, moratiwa wa me! Ruri, o montle. Matlho a gago a tshwana le a maeba.


Mosadi

16 Ruri, o montle, morati wa me! Ee, o a ratega; bolao jwa rona bo mo botaleng.

17 Ditlhomeso tsa ntlo ya rona ke mesetere; kapeso ya dipota tsa rona ke mesiperese.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan