Sefanya 3 - Setswana 1970Katlholo e e lebileng Jerusalema le kgololo 1 A tatlhego wee ya motse wa pheretlhego o o tletseng maswe, o o gatelelang! 2 Ga o utlwe lentswe la ope, ga o amogele kgalemelo, ga o ikanye Morena, ga o atamele Modimo wa ona. 3 Dikgosana tsa ona tse di mo teng ga ona ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba ona ke diphiri tse di tlang ka lotlatlana, tse di sa ipeeleng sepe sa letsatsi la ka moso. 4 Baporofeti ba ona ke difafalele fela; ke banna ba bolotsana; baperesiti ba ona ba itshepolotse Felo-fa-go-Boitshepo, ba sokamisa molao. 5 Morena o siame mo teng ga ona, ga a dire tshiamololo. O ntshetsa tshiamo ya gagwe mo leseding mo mosong mongwe le mongwe, e sa tlhokafale, mme mosiamolodi ga a itse ditlhong. 6 “Ke nyeleditse ditšhaba, dikago tsa tsone tsa phemelo di sentswe; ka dira mekgwatha ya tsona mafelo a bodutu fa go sa tsamaeng ope; metse ya tsona e fetotswe matlotla a a se nang ope, a a se nang monni. 7 Ke buile ka re: ‘Ruri, o tla mpoifa, o amogela kgalemelo, matlho a ona a sa timelelwe ke tsotlhe tse ke di o laetseng’ – mme ruri, ba tlhoafaletse go senya ditiro tsotlhe tsa bone.” 8 Morena a re: “Ka ntlha ya moo nteteng go fitlha letsatsing le ke tla tsogelang thopo ka lone; gonne katlholo ya me ke go phutha ditšhaba gore ke kgobokanye magosi go goromeletsa kgalefo ya me mo go tsona le bogale jwa me jotlhe jo bo tukang; gonne lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la me. 9 “Gonne foo ke tla naya merafe melomo e e itshekileng gore ba bitse leina la Morena botlhe, ba mo direle ka go goga mmogo. 10 Barapedi ba phuthego ya me e e phatlaletseng ba tla ntlisetsa tshupelo, ba tswa kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia. 11 Ka letsatsi leo ga o nke o tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa gago tse o nteofetseng ka tsona; gonne foo ke tla bo ke tlositse ba ga eno ba ba duduetsang ka boikgantsho mo go wena gore o se ka wa tlhola o ikgodisa mo thabeng e e boitshepo ya me. 12 Ke tla sadisa morafe o o patikegileng, o o tlhomolang pelo mo go wena; bone ba tla ikanya leina la Morena. 13 Masalela a Iseraele ga a nke a dira tshiamololo le e seng go bua maaka; loleme lo lo tsietsang ga lo nke lo fitlhelwa mo melomong ya bone; ee, bone ba tla ja ba robala, go se yo a ba tshosang.” Sefela sa boitumelo 14 Ipele, morwadia Sione, opang mokgosi, lona Baiseraele; itumele o duduetse ka pelo yotlhe, morwadia Jerusalema! 15 Morena o tlositse dipetso tsa gago, a leleka mmaba wa gago; kgosi ya Iseraele, e leng Morena, o na nao; ga o nke o tlhola o bona bosula bope. 16 Ka letsatsi leo go tla tewa Jerusalema go twe: “Se boife! Sione, a diatla tsa gago di se ka tsa repa! 17 Morena, Modimo wa gago, o na nao, ke seganka se se pholosang; o tla go thabela ka boitumelo, a ritibala mo loratong lwa gagwe; o tla go tlhabela mokgosi wa tuduetso.” 18 “Ke tla phutha ba ba hutsafetseng, ka ba le kgakala le moletlo; gonne ke ba ga eno; ba rwala morwalo wa nyatsego o o bokete. 19 Bonang, botlhe ba ba go bogisang ke tla ba otla ka sebaka seo; ke tla thusa ba ba tlhotsang, ke phutha ba ba lelekilweng, ke ba dira ba ba tlotlwang, ke tumisa leina la bone mo lefatsheng lengwe le lengwe le ba neng ba nyatsega mo go lone. 20 Ka sebaka seo ke tla lo tlisa, ee, ka sebaka se ke tla lo phuthang ka sona. Gonne ke tla lo dira tumiso le pako mo merafeng yotlhe ya lefatshe, fa ke busetsa batshwarwi ba lona kwa gae fa pele ga matlho a lona,” go bua Morena. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa