Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Obadie 1 - Setswana 1970


Petso e e lebanyeng Baetomo

1 Pono ya ga Obatya. Morena Modimo o bua jaana ka ga Etomo a re: Re begetswe ke Morena ga twe: Morongwi o romilwe kwa ditšhabeng a re: “Nanogang, a re bololeng go tlhabana nae!”

2 “Bona, ke go dirile yo monnye mo ditšhabeng, o a nyatsega thata.

3 Boikgogomoso jwa pelo ya gago bo go tsieditse, wena yo o agileng mo dikgageng tsa mafika, yo o nnang mo mafelong a a kwa godimo, yo o buang mo pelong ya gago o re: ‘Ke mang yo o ka ntigelang fa fatshe?’

4 Le fa o dira sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu; le fa e le se se tlhomilweng mo gare ga dinaledi, ke tla go folosa teng,” go bua Morena.

5 “Fa magodu a tla kwa go wena, le fa e le dinokwane bosigo – kana o nyalediwa jang! – ga ke re, ba tla utswa ka fa go ba lekanyeng ka teng? Fa bafudi ba maungo a moweine ba tla kwa go wena, ga ke re, ba tla tlogela maronopo?

6 Kana ba fukutsa Esau jang, ba batla mahumo a gagwe a a fitlhilweng!

7 Banna botlhe ba ba ikopantseng nao ba go buseditse kwa molelwaneng; banna ba o tsalanyeng nabo ba go tsieditse, ba go gatelela, ba go beela seru fa tlase ga gago boemong jwa go go naya dijo tsa gago. Mme Esau ga a lemoge sepe.

8 “A ga nkitla ke fedisa matlhale mo go Etomo le tlhaloganyo mo dithabeng tsa ga Esau ka letsatsi leo?” go botsa Morena.

9 “Wena motse wa Themane, bagale ba gago ba tla bo ba nyemile moko gore mongwe le mongwe a bolawe mo dithabeng tsa ga Esau ka polao e e setlhogo.


Mabaka a petso ya Baetomo

10 “Ditlhong di tla go khurumetsa, o nyelediwa ka go sa feleng ka ntlha ya go gatelela Jakobe monnao.

11 E rile ka letsatsi lele, fa o ne o eme kwa thoko; ka letsatsi lele, fa baeng ba ne ba tlosa batlhabani ba gagwe e le batshwarwi; fa ba ditšhaba di sele ba ne ba tsena mo dikgorong tsa gagwe, ba tlhamela Jerusalema tengwa, le wena wa bo o le jaaka mongwe wa bone.

12 Kana o ne o sa tshwanela go leba letsatsi la tatlhego ya ga monnao ka boitumelo; o ne o sa tshwanela go itumela ka letsatsi la nyelelo ya bana ba Juta; o ne o sa tshwanela go ikgantsha ka letsatsi la pitlagano.

13 O ne o sa tshwanela go tsena mo kgorong ya morafe wa me ka letsatsi le ba neng ba le mo bothateng ka lone; wena o ne o sa tshwanela go leba botlhoko jo bo ba dirafalelang ka kgatlhego ka letsatsi la tlalelo ya bone; o ne o sa tshwanela go thopa lehumo la bone ka letsatsi la tlalelo ya bona.

14 O ne o sa tshwanela go ema, fa ditsela di kgabaganyang teng go bolaya ba ba falotseng ba bone; o ne o sa tshwanela go neela baba bafalodi ba bone ka letsatsi la pitlagano.


Modimo o tla atlhola ditšhaba

15 “Gonne letsatsi la Morena la go atlhola ditšhaba tsotlhe le gaufi: O tla direlwa jaaka o dirile, tiro ya gago e tla boela mo tlhogong ya gago.

16 Gonne ditšhaba tsotlhe di tla nwa ka gale, jaaka lo nwele mo thabeng e e boitshepo ya me; di tla nwa, di minolosa gore di be di nne jaaka ekete ga di ise di ke di nne teng.


Phenyo ya Baiseraele

17 “Mme mo thabeng ya Sione go tla nna pholoso, Sione e tla nna felo fa go boitshepo, mme ba ntlo ya Jakobe ba tla rua boswa jwa bone.

18 Foo ba ntlo ya Jakobe ba tla nna molelo, ba ntlo ya Josefa ba nne kgabo, mme ba ntlo ya Esau ba tla nna dirite: Ba tla tshujwa, ba jewa ka bone, go se ke go nne masalela a ba ntlo ya Esau,” gonne Morena o buile jalo.

19 “Ba ntlheng ya borwa ba tla rua dithaba tsa Esau, ba naga e e kwa tlase ba rua naga ya Bafelesita; ba ba mo dithabeng ba tla rua naga ya Eferaime le ya Samaria, Babenyamene ba rua Gileate.

20 Mme batshwarwi ba mophato o wa Baiseraele ba tla thopa naga ya Bakanana go fitlha kwa Sarefathe; batshwarwi ba Jerusalema ba ba kwa Sefarada, ba tla rua metse e e kwa borwa.

21 Mme bapholosi ba tla tlhatlogela mo thabeng ya Sione, gore ba buse dithaba tsa Esau, mme bogosi e tla nna jwa Morena.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan