Nehemie 9 - Setswana 1970Letsatsi la go ikwatlhaya le go rapela 1 Ka kgwedi eo e le 24 Baiseraele ba phuthega, ba itima dijo ba apere dikgetse tsa boikwatlhao ba itshetse mmu mo ditlhogong. 2 Mme ba e leng Baiseraele tota ba itomologanya le botlhe ba ditšhaba di sele, ba ema ba ipobola maleo a bone le ditshiamololo tsa borraabo. 3 Ba nanoga fa ba ntseng teng, ba buisa lokwalo lwa molao wa Morena, Modimo wa bone, karolo ya bone ya letsatsi; mme karolo ya bone e nngwe ba ipobola dibe, ba obamela Morena, Modimo wa bone. 4 Mme mo sefateng sa Balefi ga nanoga Jesua le Bani le Katemiele le Sebanya le Buni le Serebja le Bani le Kenani, ba goela Moreneng, Modimo wa bone, ka mantswe a a tlhatlositsweng. 5 Balefi Jesua le Katemiele le Bani le Hasabenya le Serebja le Hodiya le Sebanya le Phethaya ba be ba re: “Nanogang lo bake Morena, Modimo wa lona, o o se nang tshimologo, o o sa khutleng! A ba bake leina le le galalelang la gago le le tlotlometseng godimo ga pako yotlhe le tumiso yotlhe.” 6 Esera a rapela a re: “Ke wena Morena o le wesi; ke wena o dirileng legodimo, legodimo la magodimo le lesomo lotlhe la lone le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone le mawatle le tsotlhe tse di mo go ona; ke wena o di phedisang tsotlhe, mme lesomo la legodimo le a go obamela. 7 Wena Morena, o Modimo o o kileng wa tlhopha Aborame, wa mo hudusa kwa Ure wa Bakalatea, wa mo taya leina la Aborahame; 8 wa fitlhela pelo ya gagwe e ikanyega fa pele ga gago, wa dira kgolagano nae go mo naya lefatshe la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bajebusi le Bagiregasi go le naya ba losika la gagwe. Mme o dirafaditse mafoko a gago; gonne o mosiami. 9 “O ne wa bona pogisego ya borraetsho kwa Egepeto, wa utlwa selelo sa bone fa Lewatleng la Motlhaka. 10 Wa dira ditshupo le dikgakgamatso mo go Farao le mo batlhankeng botlhe ba gagwe le mo morafeng otlhe wa lefatshe la gagwe; gonne o ne o itse fa ba ba bogisa ka boikgogomoso; wa itirela leina le le tumileng jaaka le ntse kajeno. 11 Le lewatle wa le fatola fa pele ga bone, mme ba tshela fa gare ga lewatle fa go omileng; bakhutšhedi ba bone wa ba digela mo botennye jwa lewatle jaaka lentswe mo metsing a magolo. 12 Wa ba goga ka pinagare ya leru motshegare le ka pinagare ya molelo bosigo, go ba sedimosetsa tsela e ba tsamayang ka yona. 13 Wa fologela mo thabeng ya Sinai, wa bua nabo o le kwa legodimong, wa ba naya ditshiamelo tse di tlhamaletseng le melao ya boammaaruri le ditao le ditaolo tse di molemo. 14 Wa ba itsise Sabata yo o boitshepo wa gago, wa ba beela ditaolo le mekgwa le molao ka Moše, motlhanka wa gago. 15 “Wa ba naya dijo tse di tswang kwa legodimong go ba tlosa tlala, wa ba ntshetsa metsi mo lefikeng go ba tima lenyora, wa ba laela gore ba tsene ba rue lefatshe le o neng wa ikana go le ba naya. 16 Mme bone borraetsho ba ikgogomosa, ba gagamatsa dithamo, ba se ka ba utlwa ditaolo tsa gago; 17 ba gana go utlwa, ba se ka ba gopola dikgakgamatso tsa gago tse o di ba diretseng, mme ba gagamatsa dithamo, ba ipatlela moeteledipele go boela kwa Egepeto kwa botlhankeng jwa bone ka borukhutlhi jwa bone, mme wena o Modimo wa maitshwarelo, o bopelotlhomogi o boutlwelo-botlhoko, o pelotelele, o mogolo loratong, wa se ka wa ba tlogela, 18 le fa ba itirela namane e e bopilweng ba re: ‘Ke yona modimo wa gago, Iseraele, o o go ntshitseng kwa Egepeto!’ ba be ba dira tsa dikgalo tse dikgolo. 19 Mme wena, ka o le mautlwelo-botlhoko a magolo, wa se ka wa ba tlogela kwa sekakeng; pinagare ya leru ya go ba goga mo tseleng e sa tloge mo go bone motshegare le e seng ya molelo bosigo ya go ba sedimosetsa tsela e ba tsamayang mo go yona. 20 Wa ba naya Mowa o o molemo wa gago go ba ruta, wa se ka wa tima melomo ya bone Mmana wa gago, wa ba naya metsi go tima lenyora la bone. 21 Wa ba babalela kwa sekakeng dinyaga di le 40, mme ba se ka ba tlhoka sepe; diaparo tsa bone tsa se ka tsa onala, le dinao tsa bone tsa se ka tsa ruruga. 22 “Wa ba naya dipuso le merafe, wa di ba abela ka tatelano; ba rua lefatshe la ga Sihone kgosi ya Hešebone le lefatshe la ga Oge kgosi ya Basane. 23 Wa ba atisetsa bana jaaka dinaledi tsa legodimo, wa ba fitlhisa kwa lefatsheng le o neng o le solofeditse borraabo wa re, ba tla tsena ba le rua. 24 Mme bana ba tsena, ba thopa lefatshe, mme wa dira gore baagi ba lefatshe, e bong Bakanana ba fenngwe ke bone, wa ba neela mo diatleng tsa bone le dikgosi tsa bone le merafe ya lefatshe gore ba dire ka bone ka fa ba ratang ka teng. 25 Ba thopa metse e e femetsweng le mmu o o bogale, ba tsaya matlo a a tletseng dilo tse di tlhokegang tsa mefutafuta le didiba tse di gabilweng le masimo a moweine le ditlhare tsa olefa le ditlhare tse di jewang ka bontsi; ba ja ba kgora ba nona, ba phela monate ka molemo o mogolo wa gago. 26 “Mme ba go ganetsa, ba go tlogela, ba latlha molao wa gago, ba o hularela, ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa go ba tlhabololela kwa go wena; ba dira tsa dikgalo tse dikgolo. 27 Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba pitlaganya; mme e ne ya re ka sebaka sa tlalelo ya bone, fa ba lelela kwa go wena, o ba utlwe o le kwa legodimong, mme ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago o ba neele bagolodi; ba ba golole mo diatleng tsa baba ba bone. 28 Mme e ne ya re ba ikhutsa, ba boele go dira tse di bosula gape fa pele ga gago, mme o ba tlogele ba le mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba gatelele; jaanong ba ne ba tle ba lelele kwa go wena gape, mme o ba utlwe o le kwa legodimong, o ba namolele gangwe le gape ka fa boutlwelong-botlhoko jwa gago. 29 O ne o ba kgothatsa go ba busetsa kwa molaong wa gago, mme ba ikgogomosa ba se ka ba utlwa ditaolo tsa gago, mme ba leofela ditshiamelo tsa gago tse motho a ka phelang ka tsona, fa a di dira; ba go hularela ka borukhutlhi, ba gagamatsa dithamo, ba se ka ba utlwa. 30 Mme o ne o sa ba felele pelo dinyaga di le dintsi, wa nna wa ba tlhagisa ka Mowa wa gago ka baporofeti ba gago, mme ba se ke ba sekega tsebe. Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa merafe ya mafatshe. 31 Mme e re ka o le mautlwelo-botlhoko a magolo, wa se ka wa ba feleletsa ruri le e seng go ba tlogela; gonne o Modimo o o bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko. 32 “Mme jaanong Modimo wa rona, wena Modimo o mogolo, Mong wa thata, yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano le bopelotlhomogi, a pogisego yotlhe e se nne potlana fa pele ga gago, e e re dirafaletseng le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le baperesiti ba rona le baporofeti ba rona le borraetsho le morafe otlhe wa gago go tloga malatsing a dikgosi tsa Asiria go fitlha letsatsing la kajeno. 33 Mme wena o siame mo go tsotlhe tse di re wetseng; gonne o dirile tsa boammaaruri, mme rona re dirile tsa boikepo. 34 Le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le baperesiti ba rona le borraetsho ga ba ka ba dirafatsa molao wa gago le e seng go tlhokomela ditaolo tsa gago le dikgothatso tsa gago tse o ba kgothaditseng ka tsona. 35 Le fa ba ne ba le mo bogosing jwa bone, le fa tshegofatso ya gago e le kgolo e o e ba neileng, le fa lefatshe le ne le atlhame, le nonne le o ba neileng, ga ba a ka ba go direla le e seng go tlhabologa le go tlogela ditiro tsa bone tse di bosula. 36 Ke ka moo re leng batlhanka kajeno, e bile e le mo lefatsheng le o le neileng borraetsho gore ba je maungo a lone le tse di molemo tsa lone, bona, re batlhanka mo go lone. 37 Thobo ya lone e humisa dikgosi tse o di dirileng baokamedi ba rona ka ntlha ya maleo a rona; di busa mebele ya rona le diruiwa tsa rona ka fa di ratang ka teng. Re mo tlalelong e kgolo.” Morafe o ipofa go tshegetsa molao wa Modimo 38 Jaanong ka ntlha ya tsotlhe tseo re dira kgolagano e e tlhomameng, re kwala mafoko a yona, mme lokwalo lwa mafoko a a kannweng lwa kwalwa maipofo ke dikgosana tsa rona le Balefi ba rona le baperesiti ba rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa