Nehemie 6 - Setswana 1970Maano a baba a go direla Nehemia bosula 1 E rile Sanebalate le Tobia le Geseme wa Moarabia le baba ba bangwe ba rona ba utlwela, fa ke agile lobota, e bile go sa tlhole go le phatlha mo go lone, le fa go fitlha sebakeng seo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo mo dikgorong, 2 Sanebalate le Geseme ba roma motho go nna ba re: “Tlaa re kopaneng mo go mongwe wa metsana mo lobaleng lwa Ono.” Mme ba ne ba logile maano go ntirela bosula. 3 Mme ka roma barongwi kwa go bone ka re: “Ke tshwere tiro e kgolo; ke ka moo ke palelwang ke go tla. Kana tiro e tla ema, fa nka e tlogela, ka tla koo go lona!” 4 Ba boelela gane, ba roma motho kwa go nna ka mokgwa oo, ka nna ka ba fetola fela jalo. 5 Sanebalate a ba a roma motlhanka wa gagwe la botlhano go nna ka mokgwa oo, a tla a tshotse lokwalo lo lo sa tswalwang. 6 Go ne go kwadilwe mo go lone ga twe: “Go utlwetse mo ditšhabeng, mme Geseme o bua jalo gore wena le Bajuta lo ikaeletse go rukhutlha. Ke ka moo o agang lobota, mme wena o tla nna kgosi ya bone. Dipolelo tsa re jalo.” 7 Go bile go twe: “O tlhomile baporofeti gore ba tlhabe mokgosi ka ga gago kwa Jerusalema o o reng: ‘Kgosi ya Juta ke yo!’ Jaanong he, dipolelo tse di ntseng jalo di tla utlwala kwa kgosing. Ka moo tlaya, re gakololane mmogo.” 8 Ka ba ka roma motho kwa go ene ka re: “Ga go a dirafala sepe sa dilo tse di ntseng jalo tse o di bolelang, mme o di ikgopoletse fela di tswa mo pelong ya gago.” 9 Kana bone botlhe ba ne ba rata go re boifisa ba re, mabogo a rona a tla repa, re tlogela tiro gore e se ka ya fediwa. “Mme jaanong Modimo, tiisa mabogo a me!” 10 Letsatsi le lengwe ya re ke tsena mo ntlong ya ga Semaya, morwa Delaya morwa Mehetabele, ene a sa ntse a thibetswe, a nthaya a re: “A re utlwane re ye kwa Ntlong ya Modimo, re tsene mo Tempeleng, re tswale ditswalo tsa Tempele; gonne ba tla tla go go bolaya, ba tla go go bolaya bosigo.” 11 Mme ka re: “A monna jaaka nna o ka tshaba? Ke mang yo o tshwanang le nna yo o ka tsenang mo Tempeleng, a phela? Ga ke tsene.” 12 Ka re jalo, ka ke ne ke lemoga sentle gore ga se Modimo o o mo romileng, mme o ne a bua jaaka moporofeti ka ga me, ka Tobia le Sanebalate ba ne ba mo rapile ka tuelo. 13 Se a se rapetsweng e le gore ke boife, ke dire jalo ke leofe; mme foo e tle e nne tumedi e e bosula mo go bone gore ba tle ba nkgobe. 14 “Modimo wa me, gopola Tobia le Sanebalate ka fa ditirong tseo tsa bone; le gona o gopole Noatya moporofeti wa sesadi le baporofeti ba bangwe ba ba neng ba rata go mpoifisa.” Baagi ba feditse go aga lobota 15 Mme lobota lwa fediwa ka kgwedi ya Elole a le 25, re agile malatsi a le 52. 16 E rile baba botlhe ba rona ba utlwa jalo, ba boifa le ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya rona tsa nyema moko thata, tsa lemoga gore tiro eo e dirilwe ka thuso ya Modimo wa rona. 17 Le gona ka metlha eo batlotlegi ba Juta ba kwalelana dikwalo tse dintsi le Tobia. 18 Gonne ba bantsi mo Juta ba ne ba mo ineetse ka maikano, ka ene e le mongwe wa ga Seganya, morwa Ara, le ka Johanane morwawe a nyetse morwadia Mesulame, morwa Beregia. 19 Le gona ba bolela tse di molemo ka ga gagwe fa pele ga me, ba mo sebela mafoko a me. Tobia ene a nthomela dikwalo go mpoifisa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa