Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Nehemie 4 - Setswana 1970


Maano a baba a a senngwa

1 Mme e rile Sanebalate a utlwa gore rona re aga lobota, a tuka bogale, a ngala thata, a sotla Bajuta.

2 A bua fa pele ga ba ga gabo le batlhabani ba Samaria a re: “Bajuta ba ba se nang thata ba dirang? A ba tla lesiwa fela? A ba tla tlhabela moletlo? A ba tla fetsa kajeno? A ba tla phedisa majwe a a fisitsweng, ba a ntsha mo mekoeng ya matlakala?”

3 Mme Tobia wa Moamone a ne a bapile nae a re: “Le fa ba aga eng, fa phokojwe e se tlolela, e tla diga lobota lwa majwe lwa bone.”

4 “Utlwa, Modimo wa rona, fa re le ba ba nyadiwang. Busetsa dikgobo tsa bone mo ditlhogong tsa bone. Ba neele thukhuthong mo lefatsheng la botshwaro.

5 Se bipe tshiamololo ya bone! A boleo jwa bone bo se ka jwa phimolwa fa pele ga gago. Gonne ba go galefisitse fa pele ga baagi.”

6 Mme ra aga lobota, lotlhe lwa kopanngwa mo tikologong, lwa godisiwa go fitlha fa gare. Mme batho ba natefelwa ke tiro.

7 Jaanong ya re Sanebalate le Tobia le Baarabia le Baamone le ba Ašetote ba utlwa, fa paakanyo ya lobota lwa Jerusalema e tswelela pele le gore diphatlha di simolotse go thibala, ba tuka bogale thata,

8 ba ikgolaganya botlhe mmogo gore ba tle go tlhasela Jerusalema le go tsosa moferefere teng.

9 Mme ra rapela Modimo wa rona, ra baya balebedi ka ntlha ya bone bosigo le motshegare go iphemela fa pele ga bone.

10 Bajuta bone ba re: “Thata ya barwadi e fedile, mme matlakala a mantsi; ga re kgone re le rosi go aga lobota.”

11 Mme baba ba rona ba re: “A ba se ka ba lemoga sepe le e seng go re bona go ya re be re tsene mo gare ga bone, re ba bolae, re khutlise tiro jalo.”

12 Jaanong ya re Bajuta ba ba agileng nabo ba tla, ba re begele ga lesome gore baba ba re bololela kwa mafelong otlhe kwa ba nnang teng,

13 ka baya batlhabani mo mafelong a a kwa tlase mo teng ga lobota mo dipatlelong, ka ba baya ka fa ditshikeng ba tlhometse ditšhaka le marumo le mara.

14 Ya re ke bona, ka nanoga, ka raya batlotlegi le bagogi le batho ba bangwe ka re: “Se ba boifeng, mme gopolang Morena yo mogolo yo o boitshegang, lo tlhabanele ba ga lona le bomorwaa-lona le bomorwadia-lona le basadi ba lona le matlo a lona.”

15 Jaanong ya re baba ba rona ba utlwa gore re itse maano a bone le gore Modimo o a sentse, ra boela rotlhe kwa loboteng, mongwe le mongwe a ya kwa tirong ya gagwe.

16 Go tloga ka letsatsi leo bontlhanngwe jwa batlhanka ba me ba nna ba tshwara tiro, mme bontlhanngwe jwa bone ba nna ba tshwara marumo le dithebe le mara le diaparo tsa tshipi tsa iphemelo, balaodi ba ntse ba le fa morago ga Bajuta botlhe

17 ba ba neng ba aga lobota. Mme ba ba neng ba rwala merwalo ba rwala makete. Ba tshwere tiro ka seatla se sengwe le sebolai ka se sengwe.

18 Baagi ba ne ba itlamile ditšhaka mathekeng botlhe, ba aga jalo, mme moletsa-lonaka ene a le fa go nna.

19 Mme ka laela batlotlegi le bagogi le batho ba bangwe ka re: “Tiro e ntsi, e bile e katoganye, mme rona re kgaoganye fa loboteng, mongwe o kgakala le yo mongwe.

20 Felong kwa lo utlwelang modumo wa lonaka teng lo phuthegele gona kwa go rona. Modimo wa rona o tla re tlhabanela.”

21 Ra nna ra tshwara tiro, bontlhanngwe jwa bone ba ntse ba tshwere marumo go tloga tlhatlogong ya mahube go ya dinaledi di be di bonale maitsiboa.

22 Le gona ka laela batho ka sebaka seo ka re: “Mongwe le mongwe a lale le motlhanka wa gagwe mono Jerusalema gore ba re disetse bosigo, ba nne tirong motshegare.”

23 Mme nna ka nosi le ba ga etsho le batlhanka ba me le banna ba ba disang ba ba ntshetseng morago ra bo re sa apole diaparo tsa rona bosigo. Mongwe le mongwe a tshotse lerumo la gagwe le metsi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan