Nehemie 2 - Setswana 1970Nehemia o ya kwa Jerusalema 1 E rile ka ngwaga wa 20 wa puso ya kgosi Arethašasetha ka kgwedi ya Nisane weine ya bo e le fa pele ga me, mme ka e tsaya, ka e neela kgosi ke hutsafetse fa pele ga yona. 2 Ke fa kgosi e mpotsa e re: “Sefatlhego sa gago se tlhonyeditseng, ka o sa lwale? Ga se sepe fa e se botlhoko mo pelong.” Ka boifa thata thata. 3 Ka raya kgosi ka re: “A kgosi e phele ka go sa feleng! A ga ke a tshwanela go hutsafala, ka motse o o nang le diphupu tsa borraetsho e le marope fela le dikgoro tsa ona di fisitswe ka molelo?” 4 Kgosi ya mpotsa ya re: “Ke eng se o se batlang?” Ka rapela Modimo wa legodimo, 5 ka ba ka araba kgosi ka re: “Fa go siametse kgosi, mme motlhanka wa gago a go kgatlha, nka re: Nthomele kwa Juta kwa motseng wa diphupu tsa borraetsho gore ke ye go o aga gape.” 6 Kgosi ya mpotsa, mohumagadi a ntse a dutse fa thoko ga yona, ya re: “Leeto la gago le tla tsaya sebaka se se kana kang? O tla boa leng?” Ka e bolela sebaka sa leeto. Go ne go siametse kgosi, mme ya nthoma. 7 Ka ba ka raya kgosi ka re: “Fa go siametse kgosi, a ke neelwe dikwalo tsa balaodi ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe gore ba nte ke fetele kwa Juta; 8 le lokwalo lwa ga Asafe, modisa wa sekgwa se se jwetsweng sa kgosi gore a nneele dikota tsa go tlhomesa dikgoro tsa kago ya botshabelo e e leng ya Ntlo ya Modimo le tsa lobota lwa motse le tsa ntlo e ke tla nnang mo go yona.” Mme kgosi ya ntumelela tseo, ka seatla se se molemo sa Modimo se nkokame. 9 Jaanong ya re ke fitlha kwa balaoding ba ba ntlheng ya bophirimatsatsi ya noka ya Ferathe, ka ba neela dikwalo tsa kgosi. Mme kgosi e ne e romile balaodi ba mephato le bapalami ba dipitse gore ba mpate. 10 Mme Sanebalate wa kwa Horone le Tobia motlhanka wa Moamone, ya re ba utlwa gore go tlile motho yo o batlang tse di molemo tsa Baiseraele, ga ba sulafalela thata. 11 Ka fitlha kwa Jerusalema; ya re ke sena go tlhola malatsi a le mararo teng, 12 ka tsoga bosigo ke na le banna ba se kae; ka se ka ka bolelela motho ope se Modimo o se tsentseng mo pelong ya me go se direla Jerusalema; ka bo ke se na seruiwa sepe fa e se se ke se palameng. 13 Ka tswa ka Kgoro ya Molapo bosigo, ka ya ntlheng ya Motswedi wa Kgogela le kwa Kgorong ya Letshotelo, ka sekaseka lobota lwa Jerusalema lo lo digilweng le dikgoro tsa lone tse di fisitsweng ka molelo. 14 Ka fetela kwa Kgorong ya Motswedi le kwa Letsheng la Kgosi, mme go ne go se tsela ya seruiwa se ke se palameng go ka feta. 15 Ka tlhatloga ka dinao ke iphaphathile le molapo bosigo, ka sekaseka lobota. Ka boa ka tsena gape ka Kgoro ya Molapo, ka boela gae. 16 Mme bagogi ba ne ba sa itse kwa ke ileng teng le se ke se dirang; gonne go fitlha foo ke ne ke ise ke bolelele Bajuta maikaelelo a me le e seng baperesiti le batlotlegi le bagogi le ba bangwe ba ba tla dirang tiro. 17 Jaanong ka ba raya ka re: “Lo bona tatlhego e re leng mo go yona, ka Jerusalema e le marope fela le dikgoro tsa teng di fisitswe ka molelo. Tlaang re ageng lobota lwa Jerusalema gore re se ka ra tlhola re kgobiwa.” 18 Ka ba ka ba itsise seatla sa Modimo wa me ka fa se nkokameng ka teng se le molemo le tse kgosi e di buileng le nna. Ke fa ba re: “A re nanogeng, re ageng!” Mme ba tia mabogo go dira tiro e e molemo eo. 19 Mme ya re Sanebalate wa kwa Horone le Tobia motlhanka wa Moamone le Geseme wa Moarabia ba utlwa jalo, ba re sotla, ba re nyatsa ba re: “Ke eng se lo se dirang? A lo a re, lo tsogela kgosi?” 20 Ka ba araba ka re: “Modimo wa legodimo ke ona o o tla re tlhogonolofatsang, mme rona batlhanka ba ona re tla nanoga re aga. Mme lona ga lo na kabelo le e seng tshiamelo le e seng segopodiso mono Jerusalema.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa