Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Nehemie 11 - Setswana 1970


Lenaneo la maina a baagi ba Jerusalema

1 Bagolo ba morafe ba ne ba agile kwa Jerusalema, mme batho ba bangwe ba tlhama tengwa gore motho wa bosome a tle a age mo Jerusalema, motseng o o boitshepo, mme ba ba robongwe ba sale kwa metseng e mengwe.

2 Mme morafe wa tshegofatsa banna botlhe ba ba neng ba ya ka bogabone go nna kwa Jerusalema.

3 Ditlhogo tsa naga ke ba, ba ba neng ba agile kwa Jerusalema. Mme kwa metseng ya Juta mongwe le mongwe o ne a agile mo bosweng jwa gagwe, mo motseng wa ga gabo, e bong Baiseraele le baperesiti le Balefi le batlhanka ba Tempele le boora batlhanka ba ga Salomo.

4 Mo Jerusalema go ne go agile bangwe ba Bajuta le Babenyamene. Bajuta e ne e le Athaya, morwa Usia morwa Sagaria morwa Amaria morwa Sefatya morwa Mahalalele, wa boora Pherese;

5 le Maaseya, morwa Baruge morwa Kolehose morwa Hasaya morwa Ataya morwa Joyaribe morwa Sagaria, wa boora Sela.

6 Boora Pherese botlhe ba ba neng ba agile kwa Jerusalema e ne e le banna ba batlhabani ba le 468.

7 Babenyamene ke ba: Ke Salo, morwa Mesulame morwa Joete morwa Phetaya morwa Kolaya morwa Maaseya morwa Ithiele morwa Jesaya

8 le ba ga gabo, banna ba batlhabani ba le 928.

9 Mme Joele morwa Sigeri e ne e le mookamedi wa bone, mme Juta, morwa Hasenua, e ne e le seatla sa gagwe mo motseng.

10 Boora baperesiti e ne e le Jetaya le Joyaribe le Jagine

11 le Seraya, morwa Hilekia morwa Mesulame morwa Satoke morwa Merayothe morwa Ahitube, moperesiti yo mogolo wa Ntlo ya Modimo

12 le ba ga bone ba ba dirang tsa Tirelo mo Ntlong ya Modimo ba le 822 mmogo; le Ataya morwa Jerohame morwa Phelalea morwa Amesi, morwa Sagaria morwa Phašure morwa Malekhia,

13 le ba ga gabo ditlhogo tsa dikgoro, mmogo ba le 242; le Amašasai, morwa Asarele morwa Agasai morwa Mesilemothe morwa Imere,

14 le ba ga gabo batlhabani ba ba dinatla ba le 128. Mme mookamedi wa bone e ne e le Sabediele, morwa Haketoleme.

15 Boora Balefi e ne e le Semaya, morwa Hašube morwa Aserikame morwa Hasabja morwa Buni;

16 le Sabethai le Josabate ba ditlhogo tsa Balefi ba ba neng ba okametse tiro ya ka fa ntle ya Ntlo ya Modimo;

17 le Mathanya, morwa Miga morwa Sabedi morwa Asafe, tlhogo ya sefela sa pako yo o neng a se tlhaba mo thapelong, le Bakebukia moopedisi wa bobedi wa ba ga gabo le Abeta, morwa Samua morwa Galale morwa Jeduthune.

18 Balefi botlhe mo motseng o o boitshepo ba ne ba le 284.

19 Badisa ba dikgoro e ne e le Akhube le Talemone le ba ga bone ba ba disang kwa dikgorong ba le 172.

20 Mme ba bangwe ba Baiseraele le ba baperesiti le ba Balefi ba ne ba le kwa metseng yotlhe ya Juta mongwe le mongwe mo bosweng jwa gagwe.

21 Batlhanka ba Tempele ba ne ba agile mo thoteng ya Ofele; mme Siha le Gisepha e ne e le baokamedi ba bone.

22 Mookamedi wa Balefi ba Jerusalema e ne e le Usi morwa Bani morwa Hasabja morwa Mathanya morwa Miga wa boora Asafe ba ba neng ba opela mo tirelong ya Ntlo ya Modimo.

23 Kana go ne go le taelo ya kgosi ka ga baopedi le thulaganyo e e tlhomameng ka ga bone ka fa go batlegang kopelo letsatsi lengwe le lengwe ka teng.

24 Mme Phethaya morwa Mešesabele wa boora Sera morwa Juta e ne e le seatla sa kgosi mo ditirong tsotlhe tsa morafe.


Baagi ba metse e mengwe

25 Bajuta ba ba neng ba le kwa metsaneng kwa masimong a bone ba ne ba agile kwa Khiriathe-Areba le metsaneng ya teng le kwa Dibone le metsaneng ya teng le kwa Jekapsheele le metsaneng ya teng

26 le kwa Jesua le kwa Molata le kwa Bethe-Phelete

27 le kwa Hasare-Šuale le kwa Bereseba le metsaneng ya teng

28 le kwa Sitlage le kwa Megona le metsaneng ya teng

29 le kwa Ene-Rimone le kwa Sorea le kwa Jaremuthe

30 le kwa Sanoa le kwa Adulame le metsaneng ya teng le kwa Lagiše le nageng ya teng le kwa Aseka le metsaneng ya teng. Bajuta ba ne ba nna go tloga kwa Bereseba go ya go fitlha kwa mogorogorong wa ga Hinome.

31 Babenyamene ba ne ba agile go simolola kwa Geba le go ya pele kwa Migemase le Aya le Bethele le metsaneng ya teng

32 le kwa Anathothe le Nobe le Ananya

33 le kwa Hasore le Rama le Kithaime

34 le kwa Hadite le Seboime le Nebalate

35 le kwa Lote le Ono le mo Lobaleng lwa Ditswerere.

36 Ditlhopha tse dingwe tsa Balefi tsa naga ya Juta di ne di hudugetse kwa nageng ya Benyamene.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan