Nahume 3 - Setswana 1970Maleo a Ninife le tatlhego ya teng 1 A tatlhego wee ya motse wa madi o o tletseng maaka le tshiamololo gotlhe, o o sa khutleng go thukhutha. 2 Utlwa seme se thwantsha, utlwa modumo wa maotwana a dikoloi le dipitse tse di sianang, le dikoloi tse di kgothoselang! 3 Bapalami ba matla ka dipitse, ditšhaka di phatsima jaaka molelo; marumo a bonala jaaka dikgadima! A bontsi jo bo bolailweng, ditoto di kana kang! Direpa ga di fele! Ba tla kgotšwa ke ditoto tsa bone. 4 Ke ka ntlha ya boaka jo bogolo jwa seaka se sentle se se kgatlhisang, setswerere sa mereo ya boloi; se se tsieditseng ditšhaba ka boaka jwa sona le ditshika ka mereo ya boloi ya sona. 5 “Bona, ke tla go otla,” go bua Morena wa masomosomo. “Ke tla tsholetsa mosese wa gago, ke go bipa sefatlhego ka ona, ke bontsha ditšhaba bosaikatega jwa gago le magosi ditlhong tsa gago. 6 Ke tla tshela matlakala mo go wena, ke go tlotlolola, ke go dira selebo se se nyatsegang. 7 Gore botlhe ba ba go bonang ba go tshabe ba re: ‘O nyeleditswe, motse wa Ninife! Ke mang yo o tla o utlwelang botlhoko?’ Ke tla go batlela kae bagomotsi?” 8 A o a re, o feta motse wa No-Amone o o neng o le fa dinokeng, o na le metsi mo tikologong ya ona, o phemelo ya ona e leng lewatle, o tshireletso ya ona e leng metsi? 9 Ethiopia e ne e le thata ya ona le Baegepeto ba ba se nang palo; Baphute le Balebia ba ne ba o thusa. 10 Le fa go ntse jalo le ona wa tlosiwa, wa ya mo botshwarong. Bana ba ona le bone ba tšhwetlakanngwa mo makgatlhanong a mebila yotlhe; batlotlegi ba ona ba ba tlhamela tengwa, ba bagolo ba ona ba bofiwa ka dikeetane. 11 Mme le wena ò tla tagwa, ò tlhakana tlhogo; le wena ò tla batla botshabelo gore ò tshabe mmaba. 12 Metse yotlhe ya gago e e femetsweng e tshwana le ditlhare tsa feie tse di nang le mabutswapele; fa di tshikinngwa, a wele mo leganong la moji. 13 Bona, morafe wa gago o o mo teng ga gago ke basadi fela; ruri, dikgoro tsa lefatshe la gago di bulegetse baba ba gago; molelo o jele diphemelo tsa gago. 14 Ikgele metsi, gonne o tla dikelediwa ke baba. Tiisa dikago tsa phemelo tsa gago; tsena mo seretseng, ò se gatake, ò tsee sebopi sa diekana. 15 Gona foo molelo o tla go jela teng, tšhaka e go nyeletsa, e go ja jaaka molome. Le fa o ka ntsifala jaaka molome le fa ò ka ntsifala jaaka segongwane, 16 le fa ò ntsifaditse bareki ba gago bogolo go dinaledi tsa legodimo! – Boijane bo ne jwa tswa diphuka, jwa fofa jwa ya. 17 Dikgosana tsa gago di tshwana le segongwane, balaodi ba gago ba tshwana le bontsi jwa tsie e e robetseng mo dikgoreng mo letsatsing le le maruru. E re letsatsi le tlhabile, e fofe e tloge, go sa itse ope kwa e ileng teng. 18 Badisa ba gago ba robetse, kgosi ya Asiria; bagale ba gago ba itunna fela; morafe wa gago o phatlaladitswe mo dithabeng, go se yo o ba phuthang. 19 Thubego ya gago ga e na go baakanngwa; ntho ya gago ke e e sa foleng. Botlhe ba ba utlwang kitsiso ka ga gago ba go opela diatla; gonne ke mang yo o neng a sa dirafalelwe ke bosula jo o bo dirileng ka metlha? |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa