Nahume 2 - Setswana 1970Polelelopele e e reng: Ninife o tla nyelediwa 1 Go bolotse mophatlakanyi, a go tsogela, Ninife; disa dikago tsa phemelo, ò tlhole baba mo tseleng, ò tiise letheka la gago, ò thatafatse nonofo segolo. 2 Gonne Morena o tla busa kgalalelo ya Jakobe le kgalalelo ya Iseraele; gonne dinokwane di ba thukhuthile, tsa senya dikala tsa meweine ya bone. 3 Dithebe tsa bagale ba gagwe di hubiditswe, batlhabani ba apere bohibidu; tshipi ya dikoloi tsa ntwa e phatsima jaaka molelo ka letsatsi le o di baakanyang ka lone, mme marumo a a kgadikanngwa. 4 Dikoloi di taboga ka lobelo lo logolo mo mekgwatheng, di fapaakana mo dipatlelong; di bonala jaaka dirumola, di taboga di boa jaaka dikgadima. 5 E tla bitsa bagale ba yona, mme ba tla kgotšwa mo ditseleng tsa bone; ba itlhaganela ba ya kwa loboteng lwa motse, mme leobo la tlhaselo le setse le baakantswe. 6 Dikgoro tsa dinoka di bulegile; ntlo ya borena e a nyelela. 7 Mohumagadi Husabe o a apolwa, o a tlosiwa; malata a gagwe a lela jaaka maeba, a ithwala megono. 8 Ninife o tshwana le letsha la metsi le metsi a lone a tshabang. Le fa go twe: “Emang tlhe, emang!” Ga go na ope yo o retologang. 9 Thopang selefera, thopang gouta! Dithoto ga di fele. Go na le bontsi jwa mefutafuta jwa dilo tse di eletsegang. 10 Ninife o thukhuthilwe, ga go na sepe, o ntshitswe sekaka. Ba nyemile moko, mangole a a tetesela, matheka otlhe a botlhoko; ba botlhe ba swabile difatlhego. 11 Jaanong kutla ya ditau e kae? Bo kae bojelo jwa ditawana kwa tau e tona le e namagadi le tawana di neng di itsamaela teng go se yo o di tshosang? 12 E kae tau e e neng e gagogela ditawana ka fa go lekanyeng ka teng, e bolaela ditau tse dinamagadi; e tlatsa dikutla tsa yona thopo, le marobalo a yona tse e di gagotseng? 13 “Bona, ke tla go tsogela,” go bua Morena wa masomosomo. “Dikoloi tsa gago ke tla di fisa ka molelo, di nyelela mo musing. Tšhaka e tla ja ditawana tsa gago, ke tla khutlisa go thopa ga gago mo lefatsheng. Ga go nke go tlhola go utlwiwa lentswe la barongwi ba gago.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa